-
Duteronome 7:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 Jehofa o tla tlosa malwetse otlhe mo go wena e bile ga a kitla a go tlisetsa bolwetse bope mo malwetseng a a kotsi a o a boneng kwa Egepeto.+ Go na le moo, o tla a tlisetsa botlhe ba ba go tlhoileng.
-
-
Tshenolo 22:1, 2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
22 Mme o ne a mpontsha noka ya metsi a a nayang botshelo,+ e galalela e bile e phatsima, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana+ 2 e tsamaya mo gare ga tsela e kgolo ya motse. Mo matlhakoreng a mabedi a noka eo go ne go na le ditlhare tsa botshelo tse di ungwang maungo a mefuta e le 12, di ungwa maungo a tsone kgwedi le kgwedi. Mme matlhare a ditlhare tseo e ne e le a go fodisa ditšhaba.+
-