-
2 Dikgosi 25:8-10Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 Mo kgweding ya botlhano, mo letsatsing la bosupa la kgwedi eo, e leng mo ngwageng wa bo19 wa ga Kgosi Nebukadenesare kgosi ya Babelona, Nebusaradane+ molaodi wa bafemedi, motlhanka wa kgosi ya Babelona, o ne a tla mo Jerusalema.+ 9 O ne a fisa ntlo ya ga Jehofa,+ ntlo ya kgosi*+ le matlo otlhe a Jerusalema;+ gape o ne a fisa ntlo ya motho mongwe le mongwe wa maemo a a kwa godimo.+ 10 Mme mophato otlhe wa masole a Bakaladia o o neng o na le molaodi wa bafemedi o ne wa thuba dipota tse di dikologileng Jerusalema.+
-
-
2 Ditiragalo 34:24, 25Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
24 “Seno ke se Jehofa a se buang, ‘Ke tla tlisa masetlapelo mo lefelong leno le mo banning ba lone,+ e leng diphutso tsotlhe tse di kwadilweng mo bukeng+ e ba neng ba e bala fa pele ga kgosi ya Juda. 25 E re ka ba ntlogetse+ mme ba ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo gore ba nkgopise+ ka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone, bogale jwa me bo tla tshololelwa mo lefelong leno mme ga bo kitla bo timiwa.’”+
-
-
2 Ditiragalo 36:16, 17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
16 Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri,+ mme ba ne ba nyatsa mafoko a gagwe+ e bile ba kgoba baporofeti ba gagwe,+ go fitlha bogale jwa ga Jehofa bo tlela batho ba gagwe,+ go fitlha ba sa kgone go fodisiwa.
17 Ka jalo, o ne a ba romelela kgosi ya Bakaladia+ gore e ba tlhasele, e e neng ya bolaela makawana a bone ka tšhaka+ mo ntlong ya lefelo la bone le le boitshepo;+ o ne a se ka a tlhomogela pelo lekawana kgotsa kgarebane, yo o tsofetseng kgotsa yo o bokoa.+ Modimo o ne a tsenya sengwe le sengwe mo seatleng sa kgosi eo.+
-