-
Jeremia 42:1, 2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
42 Go tswa foo, balaodi botlhe ba masole le Johanane+ morwa Karea, Jesania morwa Hoshaia le batho botlhe, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, ba ne ba atamela 2 mme ba raya moporofeti Jeremia ba re: “Tsweetswee, utlwa kopo ya rona ya gore re utlwelwe botlhoko, mme o rapele Jehofa, Modimo wa gago mo boemong jwa rona, o rapelele masalela ano otlhe, ka gonne re setse re le mmalwa fela,+ jaaka o bona.
-