58 Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang:
“Le fa gone lobota lwa Babelona lo le sephara, lo tla thubiwa,+
E bile le fa gone dikgoro tsa gagwe di le kwa godimo, di tla fisiwa ka molelo.
Ditšhaba di tla dira ka natla di direla lefela;
Merafe e tla itapisa e le fela gore e kgotletse molelo.”+