LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 25:1
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 25 Mo ngwageng wa borobongwe Sedekia a ntse a busa, mo kgweding ya bolesome, mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo, Kgosi Nebukadenesare+ wa Babelona o ne a tla go tlhasela Jerusalema a na le mophato otlhe wa masole a gagwe.+ O ne a kampa go e dikologa a bo a aga lobota go e dikologa,+

  • 2 Ditiragalo 36:17
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 17 Ka jalo, o ne a ba romelela kgosi ya Bakaladia+ gore e ba tlhasele, e e neng ya bolaela makawana a bone ka tšhaka+ mo ntlong ya lefelo la bone le le boitshepo;+ o ne a se ka a tlhomogela pelo lekawana kgotsa kgarebane, yo o tsofetseng kgotsa yo o bokoa.+ Modimo o ne a tsenya sengwe le sengwe mo seatleng sa kgosi eo.+

  • Jeremia 4:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    •  7 Yo o senyang ditšhaba o dule;+

      O tlhatlogile jaaka tau e tswa mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng.+

      O dule mo lefelong la gagwe gore a dire lefatshe la gago selo se se tshosang.

      Metse ya gago e tla nna marope, e se na banni.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela