LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 28:37
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 37 Mme o tla nna selo se se tshosang le sa go kgobiwa,* le sengwe sa go sotliwa mo ditšhabeng tsotlhe tse Jehofa a go lelekelang kwa go tsone.+

  • 1 Dikgosi 9:7
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 7 ke tla ntsha Iseraele mo lefatsheng le ke le ba neileng,+ mme ntlo e ke e dirileng boitshepo ka ntlha ya leina la me ke tla e ntsha fa pele ga me,+ mme Iseraele e tla nna sengwe sa go kgobiwa* le sengwe sa go sotliwa mo ditšhabeng tsotlhe.+

  • Dikhutsafalo 2:15
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 15 Botlhe ba ba fetang ka tsela ba go opela diatla ka tshotlo.+

      Ba letsa molodi ba gakgametse+ ba bo ba thukuthela morwadia Jerusalema tlhogo, ba re:

      “A motse ono ke o ba neng ba bua ka one ba re, ‘O montle tota, e bile o tlisetsa batho botlhe mo lefatsheng boitumelo’?”+

  • Daniele 9:16
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
    • 16 Ao tlhe Jehofa, go dumalana le ditiro tsotlhe tsa gago tse di siameng,+ tsweetswee, e kete bogale jwa gago le tšhakgalo ya gago di ka fapoga tsa se ka tsa tla mo motseng wa gago wa Jerusalema, e leng thaba ya gago e e boitshepo; gonne Jerusalema le batho ba gago ba kgobiwa ke batho botlhe ba ba re dikologileng+ ka ntlha ya maleo a rona le melato ya borraaronamogolo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela