-
Ekesodo 7:11, 12Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Le fa go ntse jalo, Faro o ne a laela gore go bidiwe banna ba ba botlhale le baloi, mme baperesiti ba Egepeto+ ba ba dirang maselamose le bone ba ne ba dira se se tshwanang ba dirisa maselamose.*+ 12 Mongwe le mongwe wa bone o ne a latlhela thobane ya gagwe fa fatshe mme tsa fetoga dinoga tse dikgolo; thobane ya ga Arone e ne ya kometsa dithobane tsa bone.
-
-
Ekesodo 9:11Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba sa kgone go ema fa pele ga ga Moshe ka ntlha ya mathopa, ka gonne a ne a dule baperesiti ba ba dirang maselamose le Baegepeto botlhe.+
-