LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Dikwalelo tse pedi di dirwa gape (1-11)

      • Se Jehofa a se batlang (12-22)

        • Boifa Jehofa o bo o mo rate (12)

Duteronome 10:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lebokose.”

Ditshupiso

  • +Ek 34:1

Duteronome 10:3

Ditshupiso

  • +Ek 34:4

Duteronome 10:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Mafoko a a Lesome.”

  • *

    Kgotsa “phuthego.”

Ditshupiso

  • +Ek 32:15
  • +Ek 20:1; 34:28; Dut 4:13
  • +Dut 4:36; 5:4
  • +Ek 19:17; Dut 5:22

Duteronome 10:5

Ditshupiso

  • +Ek 34:29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2006, ts. 31

Duteronome 10:6

Ditshupiso

  • +Dip 20:23, 24; 33:31, 38
  • +Dip 20:28

Duteronome 10:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “melapo ya metsi.”

Ditshupiso

  • +Dip 33:33

Duteronome 10:8

Ditshupiso

  • +Dip 1:50; 3:6; 8:14
  • +Dip 3:30, 31
  • +Dip 6:23-27; Dut 21:5; 2Dt 30:27

Duteronome 10:9

Ditshupiso

  • +Dip 18:20, 24; Dut 18:1

Duteronome 10:10

Ditshupiso

  • +Ek 24:18; 34:28
  • +Ek 32:14

Duteronome 10:11

Ditshupiso

  • +Ge 15:18

Duteronome 10:12

Ditshupiso

  • +Mik 6:8
  • +Dut 5:29
  • +Dut 5:33; Jos 22:5
  • +Dut 6:5; Luk 10:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2009, ts. 10

Duteronome 10:13

Ditshupiso

  • +Dut 6:24

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/1/2009, ts. 10

Duteronome 10:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “magodimo a a kwa godimodimo.”

Ditshupiso

  • +1Dt 29:11; Pes. 24:1; 115:16

Duteronome 10:15

Ditshupiso

  • +Dut 4:37

Duteronome 10:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go rupisa letlalo la bonna la dipelo tsa lona.”

  • *

    Seheb., “mme lo se ka lwa tlhola lo thatafatsa thamo ya lona.”

Ditshupiso

  • +Dut 30:6
  • +Ek 34:9; Dut 9:6; 31:27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 13

Duteronome 10:17

Ditshupiso

  • +Ek 18:11; 2Dt 2:5; Pes. 97:9
  • +Dit 10:34; Bar 2:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 114

Duteronome 10:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”

Ditshupiso

  • +Pes. 68:5; Jak 1:27
  • +Lef 19:10; Dut 24:14; Pes. 146:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 113-114

Duteronome 10:19

Ditshupiso

  • +Ek 22:21; Lef 19:34

Duteronome 10:20

Ditshupiso

  • +Luk 4:8

Duteronome 10:21

Ditshupiso

  • +Ek 15:2; Tsh 19:6
  • +2Sa 7:23

Duteronome 10:22

Ditshupiso

  • +Ge 46:27; Ek 1:5; Dit 7:14
  • +Ge 15:1, 5

Ditemana Tse dingwe

Dute. 10:1Ek 34:1
Dute. 10:3Ek 34:4
Dute. 10:4Ek 32:15
Dute. 10:4Ek 20:1; 34:28; Dut 4:13
Dute. 10:4Dut 4:36; 5:4
Dute. 10:4Ek 19:17; Dut 5:22
Dute. 10:5Ek 34:29
Dute. 10:6Dip 20:23, 24; 33:31, 38
Dute. 10:6Dip 20:28
Dute. 10:7Dip 33:33
Dute. 10:8Dip 1:50; 3:6; 8:14
Dute. 10:8Dip 3:30, 31
Dute. 10:8Dip 6:23-27; Dut 21:5; 2Dt 30:27
Dute. 10:9Dip 18:20, 24; Dut 18:1
Dute. 10:10Ek 24:18; 34:28
Dute. 10:10Ek 32:14
Dute. 10:11Ge 15:18
Dute. 10:12Mik 6:8
Dute. 10:12Dut 5:29
Dute. 10:12Dut 5:33; Jos 22:5
Dute. 10:12Dut 6:5; Luk 10:27
Dute. 10:13Dut 6:24
Dute. 10:141Dt 29:11; Pes. 24:1; 115:16
Dute. 10:15Dut 4:37
Dute. 10:16Dut 30:6
Dute. 10:16Ek 34:9; Dut 9:6; 31:27
Dute. 10:17Ek 18:11; 2Dt 2:5; Pes. 97:9
Dute. 10:17Dit 10:34; Bar 2:11
Dute. 10:18Pes. 68:5; Jak 1:27
Dute. 10:18Lef 19:10; Dut 24:14; Pes. 146:9
Dute. 10:19Ek 22:21; Lef 19:34
Dute. 10:20Luk 4:8
Dute. 10:21Ek 15:2; Tsh 19:6
Dute. 10:212Sa 7:23
Dute. 10:22Ge 46:27; Ek 1:5; Dit 7:14
Dute. 10:22Ge 15:1, 5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 10:1-22

Duteronome

10 “Ka yone nako eo, Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Itirele dikwalelo di le pedi tsa leje tse di tshwanang le tsa ntlha,+ mme o tle kwa go nna mo thabeng; gape o tshwanetse go itirela letlole* la logong. 2 Mme ke tla kwala mo dikwalelong tseno mafoko a a neng a le mo dikwalelong tsa ntlha, tse o di thubileng, mme o di tsenye mo letloleng.’ 3 Ka jalo, ke ne ka dira letlole ka logong lwa mokala mme ka dira dikwalelo tse pedi tsa leje tse di tshwanang le tsa ntlha ke bo ke tlhatlogela kwa thabeng ke tshotse dikwalelo tseo tse pedi.+ 4 Go tswa foo, Jehofa o ne a kwala mafoko a a neng a a kwadile pele mo dikwalelong tseno,+ Melao e e Lesome,*+ e a neng a e buile le lona mo thabeng go tswa mo molelong+ ka letsatsi la kokoano;*+ mme Jehofa o ne a di nnaya. 5 Morago ga moo, ke ne ka retologa mme ka fologa thaba+ ke bo ke tsenya dikwalelo tseno mo letloleng le ke neng ke le dirile, mo di sa ntseng di le gone, fela jaaka Jehofa a ne a ntaetse.

6 “Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba fuduga mo Beerothe Bene-jaakane ba ya kwa Mosera. Ke kwa Arone a neng a swela gone a bo a fitlhelwa gone,+ mme morwawe e bong Eliasare o ne a simolola go direla e le moperesiti mo boemong jwa gagwe.+ 7 Fa ba tswa koo ba ne ba fudugela kwa Gudegoda, mme go tswa kwa Gudegoda ba ne ba ya kwa Jotebatha,+ lefatshe le le elelang dinokana tsa metsi.*

8 “Ka yone nako eo, Jehofa o ne a tlhopha lotso lwa ga Lefi+ gore lo tlhokomele letlole la kgolagano ya ga Jehofa,+ lo eme fa pele ga ga Jehofa gore lo mo direle lo bo lo segofatse batho mo leineng la gagwe,+ jaaka ba ntse ba dira go fitlha mo letsatsing leno. 9 Ke gone ka moo Lefi a sa newang kabelo kgotsa boswa le bomorwarraagwe. Jehofa ke boswa jwa gagwe, fela jaaka Jehofa, Modimo wa gago a ne a mmoleletse.+ 10 Nna ke ne ka nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40,+ fela jaaka ke ne ka dira la ntlha, mme Jehofa o ne a ntheetsa le mo lekgetlong leo.+ Jehofa o ne a sa batle go go senya. 11 Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Etelela batho pele mme lo ipaakanyetse go fuduga, gore ba tsene mme ba rue lefatshe le ke neng ka ikanela borraabonemogolo gore ke tla le ba naya.’+

12 “Jaanong wena Iseraele, ke eng se Jehofa, Modimo wa gago a se kopang mo go wena?+ O kopa seno: gore o boife Jehofa, Modimo wa gago,+ o dire thato ya gagwe,+ o mo rate, o direle Jehofa, Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago,+ 13 le gore o boloke ditaelo le melao ya ga Jehofa e ke go e laelang gompieno gore o solegelwe molemo.+ 14 Bona, magodimo ke a ga Jehofa, Modimo wa gago, tota le magodimo a magodimo,* le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone.+ 15 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a atamalana le borragomogolo a bo a ba bontsha lorato e bile o ne a tlhopha wena, losika lwa bone,+ go tswa mo ditšhabeng tsotlhe, jaaka go ntse gompieno. 16 Lo tshwanetse go dira gore dipelo tsa lona di nne phepa*+ mme lo tlogele go nna tlhogoethata.*+ 17 Gonne Jehofa, Modimo wa lona ke Modimo wa medimo+ le Morena wa barena, Modimo yo mogolo, yo o maatla le yo o boitshegang, yo o sa tlhaoleng ope+ e bile ga a amogele pipamolomo. 18 O tlhomamisa gore khutsana* le motlholagadi ba direlwa tshiamiso+ e bile o rata motswakwa,+ o mo naya dijo le diaparo. 19 Le lona lo tshwanetse go rata motswakwa ka gonne lo ne lwa nna batswakwa kwa lefatsheng la Egepeto.+

20 “O boife Jehofa, Modimo wa gago, o mo direle,+ o mo ngaparele, mme o dire maikano ka leina la gagwe. 21 Ke Ene yo o tshwanetseng go mmaka.+ Ke Modimo wa gago, yo o go diretseng dilo tseno tsotlhe tse dikgolo le tse di boitshegang tse o di boneng.+ 22 Borragomogolo ba ne ba ya kwa Egepeto ba na le batho ba le 70,+ mme jaanong Jehofa, Modimo wa gago o go dirile gore o nne montsi thata jaaka dinaledi tsa magodimo.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela