LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Bathesalonika 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Bathesalonika

      • Paulo o letile kwa Athena (1-5)

      • Timotheo o tla ka dikgang tse di itumedisang (6-10)

      • Paulo o rapelela Bathesalonika (11-13)

1 Bathesalonika 3:1

Ditshupiso

  • +Dit 17:15

1 Bathesalonika 3:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “modirimmogo le Modimo.”

Ditshupiso

  • +Dit 16:1, 2; Bar 16:21; 1Bk 16:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2009, ts. 14

1 Bathesalonika 3:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “akgaakgiwa.”

  • *

    Kgotsa “re tlhophetswe dilo tseno.”

Ditshupiso

  • +Dit 14:22; 1Bk 4:9; 1Pe 2:21

1 Bathesalonika 3:4

Ditshupiso

  • +1Bt 2:14

1 Bathesalonika 3:5

Ditshupiso

  • +1Bt 3:2
  • +Mat 4:3; 2Bk 11:3

1 Bathesalonika 3:6

Ditshupiso

  • +Dit 18:5

1 Bathesalonika 3:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “re tlhoka.”

Ditshupiso

  • +2Bt 1:4

1 Bathesalonika 3:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “re a tshela.”

1 Bathesalonika 3:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “go bona difatlhego tsa lona.”

Ditshupiso

  • +2Bt 1:3

1 Bathesalonika 3:12

Ditshupiso

  • +1Bt 4:9; 2Bt 1:3

1 Bathesalonika 3:13

Ditshupiso

  • +1Bk 1:8
  • +1Bt 2:19; 5:23; 2Bt 2:1, 2

Ditemana Tse dingwe

1 Bathes. 3:1Dit 17:15
1 Bathes. 3:2Dit 16:1, 2; Bar 16:21; 1Bk 16:10
1 Bathes. 3:3Dit 14:22; 1Bk 4:9; 1Pe 2:21
1 Bathes. 3:41Bt 2:14
1 Bathes. 3:51Bt 3:2
1 Bathes. 3:5Mat 4:3; 2Bk 11:3
1 Bathes. 3:6Dit 18:5
1 Bathes. 3:72Bt 1:4
1 Bathes. 3:102Bt 1:3
1 Bathes. 3:121Bt 4:9; 2Bt 1:3
1 Bathes. 3:131Bk 1:8
1 Bathes. 3:131Bt 2:19; 5:23; 2Bt 2:1, 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Bathesalonika 3:1-13

Bathesalonika wa Ntlha

3 Ka jalo, e re ka re ne re sa tlhole re kgona go letela dikgang ka ga lona, re ne ra bona go le botoka gore re sale kwa Athena;+ 2 mme ra romela Timotheo,+ mokaulengwe wa rona le modiredi wa Modimo* yo o rerang dikgang tse di molemo ka ga Keresete, gore a nonotshe tumelo ya lona le gore a lo gomotse, 3 gore ope a se ka a koafadiwa* ke dipitlagano tseno. Gonne lona ka bolona lo a itse gore re tlile go boga ka ntlha ya tsone.*+ 4 Tota e bile, fa re ne re na le lona, re ne re tle re lo bolelele gore re tlile go tlelwa ke dipitlagano, mme fela jaaka lo itse, seo se ne sa direga.+ 5 Mme e rile ke sa tlhole ke kgona go itshoka, ke ne ka romela Timotheo kwa go lona gore ke itse gore a lo sa ntse lo ikanyega mo Modimong,+ e se re gongwe Moraedi+ a ka tswa a lo raetse, mme tiro ya rona ya bonatla e bo e nna ya lefela.

6 Mme Timotheo o sa tswa go goroga a tswa kwa go lona+ e bile o re boleletse dikgang tse di itumedisang tsa gore lo sa ntse lo ikanyega mo Modimong e bile lo rata ba bangwe, le gore lo nna lo re gopotse e bile lo tlhologeletswe go re bona ka tsela e le rona re lo tlhologeletsweng ka yone. 7 Bakaulengwe, ke gone ka moo fa re ne re le mo matshwenyegong* le mo dipitlaganong re neng ra gomotsega ka ntlha ya lona le go bo lo ikanyega mo Modimong.+ 8 E re ka lo ikanyega mo Moreneng, jaanong re na le maatla.* 9 Ruri re leboga Modimo ka ntlha ya lona ka gonne lo dira gore re itumele thata! 10 Re nna re rapela ka tlhoafalo motshegare le bosigo gore re kgone go lo bona* le gore re lo thuse ka dilo tse lo di tlhokang gore tumelo ya lona e nonofe.+

11 Jaanong e kete Modimo Rara wa rona le Morena wa rona Jesu ba ka re direla tsela ya gore re tle kwa go lona. 12 Mo godimo ga moo, e kete Morena a ka dira gore lo oketsege, lo ratane thata+ le gore lo rate batho botlhe fela jaaka le rona re lo rata, 13 gore a lo nonotshe, go se na sepe se lo ka bonwang molato mo go sone, lo le phepa fa pele ga Modimo+ Rara wa rona ka nako ya go nna gone ga Morena wa rona Jesu+ a na le baitshepi botlhe ba gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela