LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 108
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Thapelo ya go fenya baba

        • Poloko e e tlisiwang ke batho ga e na mosola (12)

        • “Modimo o tla re naya maatla” (13)

Pesalema 108:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tota le ka kgalalelo ya me.”

Ditshupiso

  • +Pes. 57:7-11; 104:33

Pesalema 108:2

Ditshupiso

  • +Pes. 81:2

Pesalema 108:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “leletsa mmino.”

Pesalema 108:4

Ditshupiso

  • +Pes. 36:5; 103:11

Pesalema 108:5

Ditshupiso

  • +Pes. 8:1; 57:5, 11

Pesalema 108:6

Ditshupiso

  • +Pes. 20:6; 60:5

Pesalema 108:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “mo lefelong la gagwe le le boitshepo.”

  • *

    Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +Jos 17:7
  • +Ge 33:17; Pes. 60:6-8

Pesalema 108:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “kago e e thata.”

Ditshupiso

  • +Jos 13:8, 11
  • +Dut 33:17
  • +Ge 49:10

Pesalema 108:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mpaatšhane.”

Ditshupiso

  • +2Sa 8:2
  • +Dip 24:18; 2Sa 8:14
  • +2Sa 8:1

Pesalema 108:10

Ditshupiso

  • +Pes. 60:9-12

Pesalema 108:11

Ditshupiso

  • +Dut 23:14

Pesalema 108:12

Ditshupiso

  • +Pes. 18:6
  • +Pes. 118:8; 146:3, 4

Pesalema 108:13

Ditshupiso

  • +1Sa 2:4; 2Sa 22:40; Isa 40:29-31
  • +Pes. 44:5

Ditemana Tse dingwe

Pes. 108:1Pes. 57:7-11; 104:33
Pes. 108:2Pes. 81:2
Pes. 108:4Pes. 36:5; 103:11
Pes. 108:5Pes. 8:1; 57:5, 11
Pes. 108:6Pes. 20:6; 60:5
Pes. 108:7Jos 17:7
Pes. 108:7Ge 33:17; Pes. 60:6-8
Pes. 108:8Jos 13:8, 11
Pes. 108:8Dut 33:17
Pes. 108:8Ge 49:10
Pes. 108:92Sa 8:2
Pes. 108:9Dip 24:18; 2Sa 8:14
Pes. 108:92Sa 8:1
Pes. 108:10Pes. 60:9-12
Pes. 108:11Dut 23:14
Pes. 108:12Pes. 18:6
Pes. 108:12Pes. 118:8; 146:3, 4
Pes. 108:131Sa 2:4; 2Sa 22:40; Isa 40:29-31
Pes. 108:13Pes. 44:5
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 108:1-13

Dipesalema

Pina. Pesalema ya ga Dafide.

108 Pelo ya me e a ikanyega, tlhe Modimo.

Ke tla opela ke bo ke letsa mmino ka pelo ya me yotlhe.*+

 2 A ko o thanye, wena seletswa sa megala; le wena harepa.+

Ke tla tsoga go sa le phakela.

 3 Ke tla go baka mo merafeng, Jehofa,

E bile ke tla go opelela dipako* mo ditšhabeng.

 4 Gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo logolo, lo kwa godimo jaaka magodimo,+

Le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa loaping.

 5 Bontsha bogolo jwa gago kwa magodimong, Modimo wa me;

E kete kgalalelo ya gago e ka okama lefatshe lotlhe.+

 6 Re boloke ka seatla sa gago sa moja mme o nkarabe,+

Gore ba o ba ratang ba tle ba gololwe.

 7 Modimo o buile jaana a le mo boitshepong jwa gagwe:*

“Ke tla itumela, ke tla ntsha Shekema+ gore e nne boswa;

Mme ke tla lekanya Mokgatšha* wa Sukothe+ gore ke o abele batho ba me.

 8 Gileade+ ke ya me, fela jaaka Manase e le ya me,

Mme Eferaime ke tlhoro ya phemelo* ya tlhogo ya me;+

Juda ke lore lwa me lwa molaodi.+

 9 Moabe ke sekotlele sa me se se tlhatswetsang.+

Ke tla latlhela setlhako* sa me mo godimo ga Edoma.+

Ke tla goa ka boitumelo ke fentse Filisitia.”+

10 Ke mang yo o tla nkisang kwa motseng o o sireletsegileng?

Ke mang yo o tla nkgogang go ya go fitlha kwa Edoma?+

11 Modimo, tota ke wena yo o ka bong o re etelela pele.

Mme jaanong bona, o re latlhile wena Modimo wa rona, e bile ga o tlhole o tsamaya le masole a rona.+

12 Re thuse mo matshwenyegong a rona,+

Gonne poloko e e tlisiwang ke batho ga e na mosola.+

13 Modimo o tla re naya maatla,+

E bile o tla gataka baba ba rona.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela