LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Bathesalonika 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Bathesalonika

      • Bodiredi jwa ga Paulo kwa Thesalonika (1-12)

      • Bathesalonika ba amogela lefoko la Modimo (13-16)

      • Paulo o tlhologeletswe go bona Bathesalonika (17-20)

1 Bathesalonika 2:1

Ditshupiso

  • +Dit 17:1, 4

1 Bathesalonika 2:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “re nne sebete.”

  • *

    Kgotsa gongwe “re sokola thata.”

Ditshupiso

  • +Dit 16:12, 22-24
  • +Dit 17:1, 2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2009, ts. 20

    7/15/2008, ts. 8

    Go Naya Bosupi, ts. 133

1 Bathesalonika 2:4

Ditshupiso

  • +Dia 17:3; Jer 11:20

1 Bathesalonika 2:5

Ditshupiso

  • +Dit 20:33

1 Bathesalonika 2:6

Ditshupiso

  • +2Bk 11:9; 2Bt 3:8, 10

1 Bathesalonika 2:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ngomaela.”

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2000, ts. 22

1 Bathesalonika 2:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “itumeletse.”

Ditshupiso

  • +Joh 13:35
  • +Joh 15:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2000, ts. 22

1 Bathesalonika 2:9

Ditshupiso

  • +Dit 18:3; 20:34; 2Bk 11:9; 2Bt 3:8, 10

1 Bathesalonika 2:11

Ditshupiso

  • +Dit 20:31
  • +1Bk 4:15

1 Bathesalonika 2:12

Ditshupiso

  • +Bae 4:1; Bak 1:10; 1Pe 1:15
  • +Luk 22:28-30
  • +1Pe 5:10

1 Bathesalonika 2:13

Ditshupiso

  • +1Bt 1:2, 3

1 Bathesalonika 2:14

Ditshupiso

  • +Dit 17:5

1 Bathesalonika 2:15

Ditshupiso

  • +Dit 2:22, 23; 7:52
  • +Mat 23:34

1 Bathesalonika 2:16

Ditshupiso

  • +Luk 11:52; Dit 13:49, 50
  • +Bar 1:18

1 Bathesalonika 2:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “go bona difatlhego tsa lona.”

1 Bathesalonika 2:19

Ditshupiso

  • +1Bt 5:23; 2Bt 1:4

Ditemana Tse dingwe

1 Bathes. 2:1Dit 17:1, 4
1 Bathes. 2:2Dit 16:12, 22-24
1 Bathes. 2:2Dit 17:1, 2
1 Bathes. 2:4Dia 17:3; Jer 11:20
1 Bathes. 2:5Dit 20:33
1 Bathes. 2:62Bk 11:9; 2Bt 3:8, 10
1 Bathes. 2:8Joh 13:35
1 Bathes. 2:8Joh 15:13
1 Bathes. 2:9Dit 18:3; 20:34; 2Bk 11:9; 2Bt 3:8, 10
1 Bathes. 2:11Dit 20:31
1 Bathes. 2:111Bk 4:15
1 Bathes. 2:12Bae 4:1; Bak 1:10; 1Pe 1:15
1 Bathes. 2:12Luk 22:28-30
1 Bathes. 2:121Pe 5:10
1 Bathes. 2:131Bt 1:2, 3
1 Bathes. 2:14Dit 17:5
1 Bathes. 2:15Dit 2:22, 23; 7:52
1 Bathes. 2:15Mat 23:34
1 Bathes. 2:16Luk 11:52; Dit 13:49, 50
1 Bathes. 2:16Bar 1:18
1 Bathes. 2:191Bt 5:23; 2Bt 1:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Bathesalonika 2:1-20

Bathesalonika wa Ntlha

2 Bakaulengwe, lo a itse gore loeto lwa rona e ne e se lwa lefela.+ 2 Lo a itse gore le fa gone re ile ra boga le go nyadiwa kwa Filipi,+ Modimo o ne a re thusa gore re nne pelokgale* go lo rerela dikgang tse di molemo tsa Modimo+ le fa re ne re ganediwa botlhoko.* 3 Gonne se re se lo bolelelang ga se maaka e bile ga re se bue ka maikaelelo a a sa siamang kgotsa gore re lo tsietse, 4 mme e re ka Modimo a dirile gore re tshwanelege go rera dikgang tse di molemo, re bua jalo e seng gore re itumedise batho mme gore re itumedise Modimo yo o tlhatlhobang dipelo.+

5 Tota e bile, lo a itse gore ga re a ka ra lo tsietsa ka loleme lo lo borethe e bile ga re a ka ra itira e kete re batho ba ba siameng gore re amogele sengwe;+ Modimo ke mosupi wa seo! 6 E bile ga re batle go galalediwa ke batho, e ka tswa e le lona kgotsa batho ba bangwe. Re baaposetoloi ba ga Keresete, ka jalo, re ka bo re lo kopile gore lo duelele ditshenyegelo tsa rona.+ 7 Mme ga re a ka ra dira jalo, go na le moo, re ne ra nna bonolo mo go lona, fela jaaka mmê yo o anyisang a tlhokomela* bana ba gagwe ka lorato. 8 Ka jalo, e re ka re lo rata thata,+ re ne re ikemiseditse* go lo bolelela dikgang tse di molemo tsa Modimo, tota le go ntsha botshelo jwa rona gore re lo thuse.+

9 Bakaulengwe, eleruri lo gopola tiro ya rona ya bonatla le matsapa a re neng ra a tsaya. Re ne re bereka motshegare le bosigo, gore re se ka ra nna morwalo mo go lona+ fa re lo rerela dikgang tse di molemo tsa Modimo. 10 Lo basupi ba seo, e bile Modimo le ene ke mosupi wa gore re ne ra itshupa re ikanyega, re siame e bile re se na molato mo go lona. 11 Lo a itse gore re ne ra nna re kgothatsa, re gomotsa le go gakolola mongwe le mongwe wa lona+ fela jaaka rre+ a dira ka bana ba gagwe, 12 gore lo tswelele lo tsamaya ka tsela e Modimo a e amogelang,+ ene yo o neng a lo biletsa kwa Bogosing jwa gagwe+ a bo a lo naya kgalalelo.+

13 Eleruri, ke gone ka moo gape re lebogang Modimo re sa kgaotse,+ ka gonne fa lo ne lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lo ne lwa le amogela fela jaaka le ntse, e le lefoko la Modimo. Lefoko leo le thusa lona badumedi. 14 Gonne bakaulengwe, lo ne lwa diragalelwa ke se se diragaletseng diphuthego tsa Modimo tse di seoposengwe le Keresete Jesu tse di mo Judea, ka gonne batho ba naga ya lona ba ne ba lo bogisa+ ka tsela e Bajuda ba bogisang bakaulengwe ba kwa Judea ka yone, 15 ba gape ba neng ba bolaya Morena Jesu+ le baporofeti ba bo ba re bogisa.+ Mo godimo ga moo, ga ba itumedise Modimo, mme ga ba dumalane le dilo tse di tswelang batho botlhe mosola, 16 e bile ba leka go re kgoreletsa gore re se ka ra bolelela batho ba ditšhaba tse dingwe gore ba ka bolokwa jang.+ Mme ka go dira jalo, ba ikokeletsa maleo. Mme jaanong bogale jwa gagwe bo tlile mo go bone.+

17 Bakaulengwe, re ile ra kgaoganngwa le lona ka nako e khutshwane, mme le fa re ne re sa kgone go lo bona, re ne re ntse re lo gopola. E re ka re ne re lo tlhologeletswe thata, re ne ra dira sotlhe se re se kgonang gore re tle go lo bona.* 18 Ka ntlha ya seo, re ne re batla go lo etela, mme nna Paulo, ke lekile go tla kwa go lona makgetlo a le mabedi; mme Satane o ne a re kgoreletsa. 19 Gonne ke mang tsholofelo ya rona kgotsa boitumelo kgotsa serwalo se se dirang gore re nne motlotlo fa pele ga Morena wa rona Jesu ka nako ya go nna gone ga gagwe? A tota ga se lona?+ 20 Ruri re motlotlo ka lona e bile lo dira gore re itumele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela