Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha Dintlha Tsa Jobe JOBE DINTLHA TSA BUKA ENO 1 Jobe ke monna yo o se nang molato e bile o humile (1-5) Satane o belaela maitlhomo a ga Jobe (6-12) Jobe o latlhegelwa ke dikhumo e bile o swelwa ke bana (13-19) Jobe ga a pege Modimo molato (20-22) 2 Satane o belaela maitlhomo a ga Jobe gape (1-5) Satane o letlelelwa go utlwisa Jobe botlhoko mo mmeleng (6-8) Mosadi wa ga Jobe a re: ‘Tlhapatsa Modimo mme o swe.’ (9, 10) Ditsala tsa ga Jobe tse tharo di a goroga (11-13) 3 Jobe o hutsafadiwa ke go bo a tshotswe (1-26) O botsa lebaka la go bo a boga (20, 21) 4 Elifase o bua lekgetlo la ntlha (1-21) O belaela gore Jobe o siame (7, 8) O tlhalosa molaetsa o a o utlwileng (12-17) ‘Modimo ga a ikanye batlhanka ba gagwe’ (18) 5 Elifase o tswelela a bua (1-27) “Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone” (13) ‘Jobe ga a tshwanela go gana kotlhao ya Modimo’ (17) 6 Jobe o a araba (1-30) A re go a tshwanela go bo a lela (2-6) Ba ba mo gomotsang ba boferefere (15-18) “Mafoko a a buiwang ka boikanyegi ga a botlhoko!” (25) 7 Jobe o tswelela a bua (1-21) Botshelo bo tshwana le tiro e motho a e patelediwang (1, 2) “Ke ka ntlha yang fa o nkwaile?” (20) 8 Biledade o bua lekgetlo la ntlha (1-22) A re bana ba ga Jobe ba leofile (4) ‘Fa e le gore tota o ne o itshekile, Modimo o ne a tla go sireletsa’ (6) A re Jobe ga a dumele mo Modimong (13) 9 Jobe o a araba (1-35) Motho ga a ka ke a ganetsana le Modimo (2-4) ‘Modimo o dira dilo tse go se nang ope yo o ka di tlhaloganyang’ (10) Motho ga a ka ke a ngangisana le Modimo (32) 10 Jobe o tswelela a bua (1-22) ‘Ke eng fa Modimo a lwa le nna?’ (2) Modimo o bapisiwa le Jobe (4-12) ‘E kete nka imologa’ (20) 11 Sofare o bua lekgetlo la ntlha (1-20) O latofatsa Jobe a re o bua se se se nang mosola (2, 3) O bolelela Jobe gore a tlogele se se sa siamang (14) 12 Jobe o a araba (1-25) “Ga ke wa maemo a a kwa tlase mo go lona” (3) “Ke fetogile sengwe se se tshegisang” (4) ‘Modimo o botlhale’ (13) Modimo o kwa godimo ga baatlhodi le dikgosi (17, 18) 13 Jobe o tswelela a bua (1-28) ‘Bogolo nka bua le Modimo’ (3) “Lo dingaka tse di se nang mosola” (4) “Ke a itse gore ga ke molato” (18) O botsa Modimo gore ke eng a mo tsaya e le mmaba (24) 14 Jobe o tswelela a bua (1-22) Botshelo bo bokhutshwane e bile bo tletse matshwenyego (1) ‘Go na le tsholofelo le ka setlhare’ (7) “E kete o ne o ka mpoloka mo Lebitleng!” (13) “Fa motho a swa, a a ka tshela gape?” (14) Modimo o tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gagwe (15) 15 Elifase o bua lekgetlo la bobedi (1-35) A re Jobe ga a boife Modimo (4) A re Jobe o iketeletsa pele (7-9) “Modimo ga a ikanye baengele ba gagwe” (15) ‘Motho yo o bosula o a boga’ (20-24) 16 Jobe o a araba (1-22) “Lo bagomotsi ba ba letshwenyo!” (2) A re Modimo o mo kwaile (12) 17 Jobe o tswelela a bua (1-16) “Ke dikologilwe ke basotli” (2) “Modimo o dirile gore batho ba ntshotle” (6) “Lebitla e tla nna legae la me” (13) 18 Biledade o bua lekgetlo la bobedi (1-21) O tlhalosa se se tla diragalelang baleofi (5-20) A re Jobe ga a itse Modimo (21) 19 Jobe o a araba (1-29) Ga a reetse ba go tweng ke ditsala tsa gagwe (1-6) A re o latlhilwe (13-19) “Mogolodi wa me o a tshela” (25) 20 Sofare o bua lekgetlo la bobedi (1-29) A re Jobe o mo tlhapaditse (2, 3) A re Jobe o bosula (5) A re Jobe o itumelela go dira boleo (12, 13) 21 Jobe o a araba (1-34) ‘Goreng batho ba ba bosula ba atlega?’ (7-13) O senola ba ba itirang e kete ba tlile go mo gomotsa (27-34) 22 Elifase o bua lekgetlo la boraro (1-30) ‘A motho a ka thusa Modimo?’ (2, 3) A re Jobe o pelotshetlha e bile o tshiamololo (6-9) ‘Boela kwa Modimong mme o tla tsosolosiwa’ (23) 23 Jobe o a araba (1-17) O batla go isa kgetsi ya gagwe fa pele ga Modimo (1-7) A re ga a bone Modimo (8, 9) “Ke tsamaile mo tseleng ya gagwe ke sa fapoge” (11) 24 Jobe o tswelela a bua (1-25) ‘Goreng Modimo a sa tlhome nako?’ (1) A re Modimo o letlelela bosula (12) Baleofi ba rata lefifi (13-17) 25 Biledade o bua lekgetlo la boraro (1-6) “Motho a ka siama jang fa pele ga Modimo?” (4) A re ga go na mosola fa motho a ikanyega (5, 6) 26 Jobe o a araba (1-14) “Ruri o ne wa thusa yo o se nang maatla!” (1-4) ‘Modimo o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe’ (7) “Ke maoko fela a ditiro tsa gagwe” (14) 27 Jobe o ikemiseditse go tswelela a ikanyega (1-23) “Ke tla tswelela ke ikanyega mo Modimong” (5) Yo o sa dumeleng mo Modimong ga a na tsholofelo (8) “Goreng se lo se buang se se na mosola jaana?” (12) Ba ba bosula ba felela ba se na sepe (13-23) 28 Jobe o farologanya matlotlo a lefatshe le botlhale (1-28) Matsapa a motho a go batla ditswammung (1-11) Botlhale bo gaisa diperela (18) Go boifa Jehofa ke jone botlhale (28) 29 Jobe o gopola malatsi a pele ga a nna le mathata (1-25) O ne a tlotliwa kwa kgorong ya motse (7-10) Dilo tse di siameng tse a neng a di dira (11-17) Mongwe le mongwe o ne a reetsa fa a mo gakolola (21-23) 30 Jobe o tlhalosa gore maemo a gagwe a ne a fetoga (1-31) O sotliwa ke batho ba ba se nang mosola (1-15) Go lebega Modimo a sa mo thuse (20, 21) “Letlalo la me le ntshofetse” (30) 31 Jobe o ipuelela gore o a ikanyega (1-40) “Kgolagano le matlho a me” (1) O kopa Modimo gore a mo kale (6) Ga a tlhakanele dikobo le basadi ba bangwe (9-12) Ga a rate madi (24, 25) Ga a obamele medingwana (26-28) 32 Elihu o simolola go bua (1-22) O galefetse Jobe le ditsala tsa gagwe (2, 3) O ne a leta ka tlotlo pele a bua (6, 7) Fa motho a godile ga go reye gore o botlhale (9) Elihu o swegaswega pelo gore a bue (18-20) 33 Elihu o kgalemela Jobe ka gonne a ipona a siame (1-33) Thekololo e bonwe (24) Boela kwa malatsing a bosha (25) 34 Elihu o bua ka ditsela tsa Modimo le gore Modimo o tshiamiso (1-37) Jobe a re Modimo ga a mmontshe tshiamiso (5) Modimo wa boammaaruri ga a dire bosula (10) Jobe o tlhoka kitso (35) 35 Elihu o bolelela Jobe gore ga a akanye sentle (1-16) Jobe a re o siame thata go feta Modimo (2) Modimo o kwa godimo, ga a amiwe ke boleo (5, 6) Jobe o tshwanetse go leta Modimo (14) 36 Elihu o tlotlomatsa bogolo jwa Modimo (1-33) Ba ba reetsang ba a atlega; ba ba sa dumeleng mo Modimong ba tla nyelediwa (11-13) ‘Ke motlhatlheledi ofe yo o tshwanang le Modimo?’ (22) Jobe o tshwanetse go tlotlomatsa Modimo (24) “Modimo o mogolo thata go feta kafa re ka itseng ka gone” (26) Modimo o laola pula le magadima (27-33) 37 Dilo tsa tlholego di bontsha gore Modimo o mogolo (1-24) Modimo o kgona go emisa ditiro tsa motho (7) ‘Sekaseka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo’ (14) Batho ga ba ka ke ba kgona go tlhaloganya Modimo (23) Batho ga ba a tshwanela go ithaya ba re ba botlhale (24) 38 Jehofa o ruta gore batho ga ba lekane le ene (1-41) ‘O ne o le kae fa lefatshe le thaiwa?’ (4-6) Bomorwa Modimo ba ne ba goa ba mmaka (7) Dipotso ka dilo tsa tlholego (8-32) “Melao e e laolang magodimo” (33) 39 Diphologolo di bontsha gore motho ga a na kitso (1-30) Dipodi tsa kwa dithabeng le dikgama (1-4) Tonki ya naga (5-8) Poo ya naga (9-12) Ntšhe (13-18) Pitse (19-25) Segodi le ntsu (26-30) 40 Jehofa o botsa dipotso tse dingwe (1-24) Jobe a re o tswetswe molomo (3-5) “A o tla belaela tshiamiso ya me?” (8) Modimo o tlhalosa maatla a Behemothe (15-24) 41 Modimo o tlhalosa Lefiathane (1-34) 42 Jobe o araba Jehofa (1-6) Ditsala tsa ga Jobe di a kgalemelwa (7-9) Jehofa o busetsa Jobe dilo tse di mo latlhegetseng (10-17) Bomorwa Jobe le bomorwadie (13-15)