Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha Dintlha Tsa Hosea HOSEA DINTLHA TSA BUKA ENO 1 Mosadi wa ga Hosea le bana ba gagwe (1-9) Jesereele (4), Lo-ruhama (6) le Lo-ami (9) Tsholofelo ya go tsosolosiwa le go nna seoposengwe (10, 11) 2 Iseraele o a senngwa ka gonne ga a ikwatlhaye (1-13) O boela kwa go Jehofa yo e leng monna wa gagwe (14-23) “O tla mpitsa Monna wa me” (16) 3 Hosea o rekolola mosadi wa gagwe yo o dirileng boaka (1-3) Iseraele o tla boela kwa go Jehofa (4, 5) 4 Jehofa o sekisa Iseraele (1-8) Ga go na kitso ya Modimo mo lefatsheng (1) Baiseraele ba obamela medingwana e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang (9-19) Moya wa boaka o dira gore ba fapoge (12) 5 Eferaime le Juda di a atlholwa (1-15) 6 Ba kgothalediwa go boela kwa go Jehofa (1-3) Batho ba ikanyega ka nakwana (4-6) Lorato lo lo sa kgaotseng lo botoka go gaisa setlhabelo (6) Batho ba itshwara ka tsela e e tlhabisang ditlhong (7-11) 7 Bosula jwa Eferaime bo a tlhalosiwa (1-16) Ga o ka ke wa tshaba mo letloweng la Modimo (12) 8 Go lebana le ditlamorago tsa boaka (1-14) Ba jala phefo, ba roba phefo ya matsubutsubu (7) Iseraele o lebetse Modiri wa gagwe (14) 9 Boleo jwa Eferaime bo dira gore Modimo a ba latlhe (1-17) Go ineela mo modimong yo o tlhabisang ditlhong (10) 10 Iseraele, morara o o senyegang, o tla senngwa (1-15) Go jala le go roba (12, 13) 11 Modimo o ratile Iseraele go tloga a sa le mosimanyana (1-12) “Ke ne ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto” (1) 12 Eferaime o tshwanetse go boela kwa go Jehofa (1-14) Jakobe o sokasokana le Modimo (3) Jakobe o ne a lela gore Modimo a mo segofatse (4) 13 Eferaime yo o dirang boaka o lebetse Jehofa (1-16) “Loso, maatla a gago a kae?” (14) 14 O kopiwa go boela kwa go Jehofa (1-3) Mafoko a rona a go ntsha setlhabelo (2) Baiseraele ba a fodisiwa mme ba tla ikanyega (4-9)