Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha Dintlha Tsa Mika MIKA DINTLHA TSA BUKA ENO 1 Samarea le Juda di a atlholwa (1-16) Maleo le botlhanogi di baka mathata (5) 2 Ruri go latlhega bagateledi! (1-11) Baiseraele ba a kopanngwa gore ba nne ka kutlwano (12, 13) Lefatshe le tla nna le modumo wa batho ba bantsi (12) 3 Baeteledipele le baporofeti ba a kgalwa (1-12) Moya wa ga Jehofa o naya Mika maatla (8) Baperesiti ba ruta ba gabile madi (11) Jerusalema o tla fetoga mekoa ya marope (12) 4 Thaba ya ga Jehofa e tla tia thata (1-5) Ditšhaka di dirwa megoma (3) “Re tla ikobela Jehofa, Modimo wa rona” (5) Siona e e tsosolositsweng e tla nonofa (6-13) 5 Mmusi o tla nna mogolo mo lefatsheng lotlhe (1-6) Mmusi o tla tswa kwa Bethelehema (2) Masalela a tla nna jaaka monyo le jaaka tau (7-9) Lefatshe le tshwanetse go phepafadiwa (10-15) 6 Modimo o sekisa Iseraele (1-5) Ke eng se Jehofa a se kopang? (6-8) Tshiamiso, boikanyegi, boingotlo (8) Molato wa Iseraele le kotlhao ya gagwe (9-16) 7 Boitsholo jo bo sa siamang jwa Iseraele (1-6) Motho o tlhoiwa ke batho ba lelapa la gagwe (6) ‘Ke tla leta ka bopelotelele’ (7) Batho ba Modimo ba a tlotlomadiwa (8-13) Mika o rapela Modimo e bile o a mmaka (14-20) Karabo ya ga Jehofa (15-17) ‘Ke Modimo ofe yo o tshwanang le Jehofa?’ (18)