Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha Dintlha Tsa Baatlhodi BAATLHODI DINTLHA TSA BUKA ENO 1 Diphenyo tsa ga Juda le Simeone (1-20) Bajebuse ba tswelela ba le kwa Jerusalema (21) Josefa o gapa Bethele (22-26) Bakanana ga ba a lelekwa gotlhelele (27-36) 2 Moengele wa ga Jehofa o tlhagisa Baiseraele (1-5) Loso lwa ga Joshua (6-10) Jehofa o tlhoma baatlhodi go boloka Baiseraele (11-23) 3 Jehofa o leka Baiseraele (1-6) Otheniele, moatlhodi wa ntlha (7-11) Moatlhodi Ehude o bolaya Kgosi Egelone yo mokima (12-30) Moatlhodi Shamegare (31) 4 Kgosi Jabine wa Mokanana o gatelela Baiseraele (1-3) Moporofeti Debora le Moatlhodi Barake (4-16) Jaele o bolaya Sisera, molaodi wa masole (17-24) 5 Debora le Barake ba opela pina ya phenyo (1-31) Dinaledi di tlhabana le Sisera (20) Molapo wa Kishone o a gogola (21) Ba ba ratang Jehofa ba tshwana le letsatsi (31) 6 Bamidiana ba gatelela Baiseraele (1-10) Moengele o bolelela Gidione gore o tla tshegediwa (11-24) Gidione o rutlolola sebeso sa ga Baale (25-32) Moya wa Modimo o dira mo go Gidione (33-35) Gidione o dira teko ka boboa (36-40) 7 Gidione le banna ba le 300 (1-8) Masole a ga Gidione a fenya Bamidiana (9-25) “Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Gidione!” (20) Bamidiana ba tlhakana tlhogo (21, 22) 8 Baeferaime ba omana le Gidione (1-3) Dikgosi tsa Midiana di a lelekisiwa di bo di bolawa (4-21) Gidione o gana go nna kgosi (22-27) Botshelo jwa ga Gidione (28-35) 9 Abimeleke o nna kgosi kwa Shekema (1-6) Setshwantsho sa ga Jothame (7-21) Abimeleke o busa ka tsela e e setlhogo (22-33) Abimeleke o tlhasela Shekema (34-49) Mosadi mongwe o bolaya Abimeleke (50-57) 10 Moatlhodi Tola le Moatlhodi Jaire (1-5) Baiseraele ba dira se se bosula ba bo ba ikwatlhaya (6-16) Baamone ba batla go tlhasela Baiseraele (17, 18) 11 Moatlhodi Jefetha o a lelekwa, moragonyana o nna moeteledipele (1-11) Jefetha o bua le Baamone (12-28) Maikano a ga Jefetha le morwadie (29-40) Botshelo jwa ga morwadie Jefetha yo o sa nyalwang (38-40) 12 Bagileade ba tlhabana le Baeferaime (1-7) Ba laelwa gore ba re “Shibolethe” (6) Baatlhodi Ibesane, Elone le Abedona (8-15) 13 Moengele o etela Manoa le mosadi wa gagwe (1-23) Samesone o a tsholwa (24, 25) 14 Moatlhodi Samesone o batla mosadi wa Mofilisitia (1-4) Moya wa ga Jehofa o thusa Samesone go bolaya tau (5-9) Samesone o bua thamalakane kwa lenyalong (10-19) Mosadi wa ga Samesone o newa monna yo mongwe (20) 15 Samesone o ipusolosetsa mo Bafilisitieng (1-20) 16 Samesone o ya kwa Gasa (1-3) Samesone le Delila (4-22) Samesone o a ipusolosetsa a bo a swa (23-31) 17 Medingwana ya ga Mika le moperesiti wa gagwe (1-13) 18 Badana ba batla naga e ba ka nnang mo go yone (1-31) Medingwana ya ga Mika e a tsewa mmogo le moperesiti (14-20) Motse wa Laishe o a tsewa o bo o bidiwa Dana (27-29) Ba obamela modingwana kwa Dana (30, 31) 19 Babenjamine ba nna le molato wa go tlhakanela dikobo kwa Gibea (1-30) 20 Babenjamine ba a tlhaselwa (1-48) 21 Lotso lwa Benjamine lo a bolokiwa (1-25)