Tsebe 2
Go ralala lefatshe lotlhe, diketekete tsa ditlhogo tsa makwalodikgang le tsa dimakasine, mmogo le mananeo a radio le thelebishene, di ile tsa bega ka AIDS, eo e leng sebetsa se sesha se se tshosang thata sa motlha wa rona.
Ka ntlha ya go bo AIDS e phasaladiwa sekanakana ebile e le diphatsa jaana, ba le bantsi ba sekaseka mekgwa ya bone sesha ya go tshela. A seno se bolela gore ba boela kwa boitshwarong jo bo duleng mo fesheneng? Ditekanyetso tsa boitsholo tseo re di latelang mo matshelong a rona di botlhokwa go le kana kang? Ditlhogo tse di simololang tseo di kwadilweng ke mokwaledi wa Tsogang! go tswa kwa Fora di tlhatlhoba dipotso tseno.