LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 8/8 ts. 32
  • “Sengwe se se Kgethegileng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Sengwe se se Kgethegileng”
  • Tsogang!—1998
Tsogang!—1998
g98 8/8 ts. 32

“Sengwe se se Kgethegileng”

Morago ga gore mosadi mongwe wa dingwaga di le 70 wa kwa Moscow kwa Russia a bale buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela, e leng buka e e lekang go tlhagisa tiragalo nngwe le nngwe ya botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng jaaka bo boletswe mo Diefangeleng di le nnè, o ne a bolela jaana: “Ga ke ise nke ke bale buka e e tshwanang le eno. Ke batla go itse go le gontsi ka Modimo le ka Jesu Keresete le e leng go ithuta Baebele.”

Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Russia gantsi e amogela makwalo a a ntseng jalo malebana le dibuka tsa Baebele. Mosadi mongwe wa kwa Chelyabinsk, e leng toropokgolo e e nang le batho ba feta milione e e ka nnang dikilomitara di le 1500 kwa borwabotlhaba jwa Moscow, o ne a romela lekwalo le le tshwanang le leno.

O boletse seno ka buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela: “Buka eno ke sengwe se se kgethegileng. E tlhotlheletsa batho go nna le tsholofelo ka isagwe e e itumedisang e bile e ba thusa go itse kaga hisitori ya bogologolo. Pele ga ke kopana le buka eno, ke ne ke sa nke ke akanya ka Modimo e bile ke ne ke sa kgatlhegele bodumedi ka gope, le fa go ntse jalo, jaanong ke batla go kolobediwa. Ke batla go bala dibuka tsa lona fela thata. Ke batla go bua le ditsala tsa me, batho ba ke kopanang le bone, le ba losika ka dilo tse ke di badileng.”

Le wena o ka bona dibuka tse di ka go thusang go ithuta go le gontsi kaga Jesu le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ya botshelo mo lefatsheng le lesha. Fa o rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka fa o ka bonang khopi ya buka ya Motho yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela