A e Ne e Tlhamilwe?
Tlhogo ya Phaphadikota e e Kgonang go Emelana le Kgatelelo
● G-force (selekanyo sa maatlakgogedi) ya selekanyo se se fa gare ga 80 le 100 e nonofile thata mo e ka dirang gore o utlwe botlhoko mo tlhogong. Le fa go ntse jalo, nonyane ya phaphadikota e kgona go emelana le g-force ya selekanyo sa mo e ka nnang 1 200 fa e ntse e itaya molomo wa yone mo lekwating la setlhare. Nonyane eno e kgona go dira jang tiro eno ya yone kwantle ga gore e opiwe ke tlhogo, re sa bue sepe ka go utlwa botlhoko mo tlhogong?
Ela tlhoko: Babatlisisi ba ile ba lemoga dikarolo tse nnè tsa tlhogo ya phaphadikota tse di dirang gore e kgone go emelana le kgatelelo:
1. Molomo o o nonofileng mme o kgona go obega
2. Hyoid—lerapo le thishu e e taologang e e khurumeditseng logata
3. Karolo ya lerapo le le boleta le e keteng sepontšhe mo teng ga logata
4. Phatlha e nnye ya seedi sa boboko se se fa gare ga logata le boboko
Nngwe le nngwe ya dikarolo tseno e emelana le kgatelelo e e nnang teng mme seo se dira gore nonyane ya phaphadikota e kgone go itaya setlhare makgetlho a le 22 ka motsotswana e sa gobatse boboko jwa yone.
E re ka babatlisisi ba bone se tlhogo ya phaphadikota e kgonang go se dira, ba batla go dira lekase le le ka kgonang go emelana le g-force ya selekanyo sa mo e ka nnang 60 000. Fa ba ka atlega, seo se ka dira gore gareng ga dilo tse dingwe, ba kgone go dira sedirisiwa se sesha se se rekotang tshedimosetso ya difofane go farologana le sa gone jaanong se se kgonang go emelana le g-force ya selekanyo sa mo e ka nnang 1 000 fela. Kim Blackburn, moenjenere mongwe wa kwa Yunibesithing ya Cranfield kwa United Kingdom, a re se se lemogilweng ka tlhogo ya phaphadikota “ke sekai se se tlhomologileng sa dilo tse di leng gone tsa maemo a a kwa godimo mmogo le kafa go ka rarabololwang bothata jwa se pele go neng go lebega e le sengwe se se ka se kgonegeng.”
O akanya eng? A tlhogo ya phaphadikota e e kgonang go emelana le kgatelelo e nnile gone ka boyone fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
1
2
3
4
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]
Redheaded woodpecker: © 2011 photolibrary.com