Ba Anaanela Lorato Lwa Modimo
● Jesu o ne a re ruta go anaanela lorato lwa Modimo. O ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe [Jesu] yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Tsela e Modimo a re ratang ka yone le tsholofelo e e itumedisang e re nang le yone ka ntlha ya mpho ya Morwawe di gatelelwa mo bukeng ya Atamalana le Jehofa.
Mosadi mongwe wa kwa Florida, U.S.A., o ne a kwala jaana: “Fa ke sena go bala kgaolo 5, ke ne ka gakgamadiwa ke lorato lwa ga Jehofa, botlhale jwa gagwe le maatla a gagwe a magolo. Fa ke ntse ke tlhatlhanya ka popo ya gagwe, ke ne ka mo rata le go feta.” Mosadi mongwe yo o tswang kwa South Dakota, U.S.A., o ne a tlhalosa jaana: “Ka dingwaga tse di fetang 30, ke ne ke na le bothata jwa go bontsha batho ba bangwe lorato (kgotsa go ikutlwa ke ratiwa). Go farologana le dibuka tse dingwe, eno yone e nthusa thata.”
Buka ya Atamalana le Jehofa e e nang le ditsebe di le 320, e tlotla ka dinonofo tsa konokono tsa Modimo e leng maatla, tshiamiso, botlhale le lorato. O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.