LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 1 ts. 4-9
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Leba ka Kwa ga “Kagiso le Polokesego” tse di Dirilweng ke Motho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Seo Bibela e se Bolelang ka Kagiso le Polokesego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • O Eletsa Polokesego Ya Mofuta Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 1 ts. 4-9

Kgaolo 1

Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego Di Atametse!

1. Ke maemo afe a a dirang gore kagiso ya boammaaruri le polokesego di eletsege thata?

ELERURI wena, jaaka batho ka bontsi, o eletsa gore go nne kagiso le polokesego. Batho gongwe le gongwe ba lapisitswe ke bokebekwa, bothubaki, ntwa, le go tshosediwa ke poitshego ya nuklea. Mme gape, ba le bantsi ga ba bone ditiro tse di molemo, ga ba na matlo a a siameng, kana dijo tse di lekaneng. Abo go ka ipedisa jang ruri fa mathata a a ntseng jalo a ka rarabololwa mme lefatshe leno la nna legae je le itumedisang, je le bolokesegileng mo banning ba lone!

2, 3. (a) Fa kagiso ya boammaaruri le polokesego eleruri di atametse, ke dipotso dife tse go tlhokafalang gore di bodiwe? (b) Ke jang kgato e e tsewang ke Merafe e e Kopaneng e bonalang e dumalana le keletso ya kagiso le polokesego?

2 Ka mo go gakgamatsang, go na le lebaka je le utlwalang ja go dumela gore kgololo e e sa leng e eleditswe e atametse, gore kagiso le polokesego mo lefatsheng lotlhe ke selo sa mmatota se se atametseng! Mme ke mang yo o tla diragatsang seno? A merafe e e mo lefatsheng jeno e tla latlha diphapaang tsa yone e le gore e tle e fitlhelele seno?

3 Polelelo pele ya Bibela e e kgatlhisang e ne ya tlhalosa gore nako e tla tla fa baeteledipele ba lefatshe tota-tota ba tla buang ba re “kagiso le polokesego!”a Tota, fa Merafe e e Kopaneng e ne e bolela 1986 jaaka “Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe” e ne ya kopa gore makgotla otlhe gongwe le gongwe a dire boiteko jo bo kgethegileng go tloga ngwageng eo go ya pele go etleetsa mokgele wa “kagiso, polokesego ya merafeyotlhe le tirisano-mmogo.”1

4. Fa e le gore thulaganyo lefa e ka nna efe ya kagiso le polokesego e ka go solegela molemo, ke mathata afe a e tshwanetseng go a rarabolola?

4 A mme seno e tla nna “kagiso le polokesego” tsa boammaaruri? A di tla fitlha mo o leng gone le mo legaeng la gago le go dirisana le mathata ao a go amang ka sebele? A se tla rarabolola mathata a bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega le tlwaelo ya diokobatsi, ditlhotlhwa tsa dijo tse di tlhatlogelang pele, lekgetho je le boima, kgotlelo e e ntseng e anama, le go senyega mo go ntseng go tsweletse ga dibofo tsa lelapa? Fa fela maemo a a ntseng jalo a ntse a tsweletse, a bopela kagiso le polokesego ya gago ka sebele.

5, 6. Mo motheong wa boitemogelo jwa gago mo botshelong, a o dumela gore batho ba tla rarabolola mathata ao?

5 Gone go ntse jalo, batho ba solofela gore ba ka fenya mathata ano. Ba bolela go re, fa ba ka gololesega mo mekgweleong ya tsa madi a ntwa, ba ka lebisa letlotlo leo lotlhe, patlisiso, le babereki mo go rarabololeng mathata a a ntseng jalo.

6 A tota ruri o dumela seo? A go na le bosupi jo bo nonofileng jwa go bontsha gore batho ba tla lala ba lerile tharabololo ya go ya go ile? Ditiragalo di bontsha eng? Ruri, wena boitemogelo jwa gago mo botshelong bo go bolelela eng?

7, 8. (a) Ke kae gape koo re ka nnang ra batla tharabololo gone? (b) Bibela ke buka e e tumileng go le kana kang?

7 ‘Fa batho ba se na tharabololo, ke eng se se salang?’ o ka nna wa botsa. Mme kana, go na le bosupi jo bo sa ganediweng jwa gore lefatshe le dilo tse di tshelang tse di mo go lone di supa fa di dirilwe ka botlhale. (Bahebera 3:4) A go ka kgonega gore Ene yo o dirileng dilo tse o ka kopanyelediwa? A o tla tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho? Bibela ke yone fela e e arabang dipotso tseno.

8 Ka ntlha ya se re se bonang, a ga go na go go solegela molemo he go akanyetsa se Bibela e se bolelang ka kgang eno? O ka ne o lemoga gore ke buka e e ileng ya ranolwa thata le go anamisiwa mo lefatsheng. Ka kakaretso ya yone kana bontlhanngwe jwa yone, dibilione tsa dikaelo di ile tsa anamisiwa ka dipuo di ka feta 1 800.2 A mme o ne o itse gore buka eno ya bogologolo e dirisanya thata-thata le dikgang tseo di re tshwentseng thata mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga?

9, 10. (a) Bibela e reng kaga isagwe, le kaga bogoromente ba batho? (b) Bogosi jwa Modimo ke eng, mme bo tla tsaya taolo leng mo go bogoromente botlhe ba motlha wa segompieno?

9 Ba le bantsi ba itse gore Bibela e bolelela pele ka ‘bokhutlo jwa lefatshe.’ Mme ke ba se kae fela ba ba itseng gore ya re bo tla tla leng, kana gore botshelo mo lefatsheng bo tla nna jang morago ga moo. (Mathaio 24:21, 22; 2 Petere 3:11-13) Ba ka nna ba bo ba rapela Thapelo ya Morena, ba kopa gore ‘bogosi jwa Modimo bo tle.’ (Mathaio 6:9, 10) Mme ke ba se kae fela ba ba lemogang gore Bogosi jwa Modimo ke goromente wa mmatota yo o tla tseelang sebaka ditsamaiso tsa jaanong tsa sepolotiki. Seo e le fela jaaka moperofeti Daniele a tlhalosa: “E tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, . . . me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

10 Ka mo go kgatlhisang, polelelo pele ya Bibela kaga “kagiso le polokesego” e e ileng ya tlhalosiwa pelenyana e akareletsa dikarolo tseno: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō [polokesego, NW], hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.” (1 Bathesalonia 5:3) Jalo kagiso le polokesego dife le dife tseo baeteledipele ba batho ba di bolelang ka phepafalo di tla tsaya lobaka lo lokhutshwane. Ka jaana dipolelelo pele di supa gore ka bofefo fela morago ga moo bobusi jotlhe jwa batho bo tla thubaganngwa bo tlosiwa, gore bo tseelwe sebaka ke goromente a le mongwe fela wa lefatshe lotlhe—Bogosi jwa Modimo.

11, 12. Dingwe tsa dipharologanyo tse di leng gone ke dife magareng ga se Bibela e bolelang gore se tla dirwa ke Bogosi jwa Modimo le se baeteledipele ba batho ba lekang go se dira?

11 Mme gape, Bibela e senola dipharologano di le dintsi magareng ga kagiso le polokesego tseo di tla tlisiwang ke Bogosi jwa Modimo le se baeteledipele ba batho ba se solofetsang. Gompieno batho ba bua ka go fokotsa dibetsa ka ditumalano. Bibela, mo phapaanong, e re Modimo o tloga a nyeletsa dibolao tsotlhe le go tlosa mabaka a motheo a ntwa. (Pesalema 46:9; Isaia 2:2-4) Mme polokesego eo Modimo a e solofetsang ga se fela mo ntweng magareng ga merafe. Ke go tswa mo babeng ba mefuta yotlhe, mo eleng gore ga go ope yo o tla tlholang a boifa gape—motshegare kana bosigo. (Mika 4:3, 4) Se sengwe gape, batho ba amegile ka go baya bokebekwa mo taolong, mme boikaelelo jwa Modimo jo bo boletsweng ke go phimola le eleng one maikutlo le maemo ao a gogelang mo bokebekweng.—Pesalema 37:8-11; Bagalatia 5:19-21.

12 Merafe gape e itlotlomatsa ka tswelelo pele mo patlisisong ya tsa kalafi le pabalelo e e tokafaditsweng ya balwetsi le batsofe. Mme Bibela e tlhalosa kafa goromente wa Modimo o tla tlisang ka gone boitekanelo jo bo tletseng le jwa go ya go ile, le eleng go fenya mathata a go tsofala le loso! (Tshenolō 21:3, 4) Mme gape, mo Bogosing jwa Modimo tiro ya motho e tla bo ruri e itumedisa, e lere kgotsofalo ya mmatota. Gonne, tota, o ka itumela jang fa o ngodiegisiwa ke tiro ya gago kana e sa go fe boikutlo jwa gore o fitlhelela sengwe?—Isaia 65:21-23; Baroma 8:19-21.

13. Ke dipotso dife tse go tla bong go le mosola go di tlhatlhoba?

13 Ke eng se o dumelang gore se solofetsa mofuta wa kagiso le polokesego tse di tla tokafatsang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago—ditsholofetso tsa batho, kana ditsholofetso tsa Modimo jaaka di tla diragadiwa ke goromente wa gagwe wa Bogosi? Ka go ya fela le seo lefatshe ka kakaretso le se solofetsang, a tota-tota o bone se o se batlang mo botshelong? Gotweng fa e le gore o iteseletsa go gogoulwa fela ke se gongwe se amogelesegang bosheng, mme o bo o tla go lemoga gore o phamotswe fela ke ditsholofetso tse di timetsang, tse di go tlogetseng o se na kagiso ya mmatota le polokesego? Mo letlhakoreng le lengwe, a o ka nna le ikanyo ya gore ditsholofetso tsa Bibela di a dumelesega, di a dira, mme ebile ke tsa mmatota? Ruri, he, dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo di tlhoka tlhatlhobo ya gago ya kakanyetso.

[Ntlha e e kwa tlase]

a 1 Bathesalonia 5:3.

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 4]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ga go ope yo o tla tlholang a boifa gape—motshegare kana bosigo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela