Boitaolo
Tlhaloso: Boemo joo go jone motho a seng, kana a iphakang go sa ikaege, ka ba bangwe, kana a se tlaseng ga kaelo ya bone kana tlhotlheletsong ya bone. Ereka ba neilwe kgololesego ya go ikgethela, batho ba na le keletso ya tlholego ya boitaolo jo bo rileng. Lefa go ntse jalo, fa go ka iwa kgakala ka jone, keletso eno e gogela kwa tlhoka-kutlong, le eleng botsuoloding.
Fa batho ba beela kwa thoko ditekanyetso tsa Bibela, a eleruri ba bona kgololesego?
Bar. 6:16, 23: “A ga lo itse ha eo lo mo ineèlañ yaka batlhanka go mo utlwa, lo le batlhanka ba gagwè eo lo mo utlwañ; kgotsa ba boleo yo bo isañ loshuñ; kgotsa ba kutlō e e isañ tshiamoñ? . . . Maduō a boleo ke losho; me nèō ea mpho hèla ea Modimo ke botshelō yo bo sa khutleñ mo go Keresete Yesu Morèna oa rona.”
Bagal. 6:7-9: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo o yalèlañ Mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Moeeñ. Me a re se lapeñ mo go diheñ molemō.”
Boitsholo jwa kafa dikobong: “Eo o dihañ boaka o leohèla mmele oa gagwè.” (1 Bakor. 6:18) “Eo o dihañ boaka le mosadi, . . . o rata go senya mōea oa gagwè tōta.” (Dia. 6:32) (Malebana le bosodoma, bona Baroma 1:24-27.) (Tlhakanelo dikobo e e ilediwang e ka nna, ka lobakanyana, ya bonala e le monate. Mme e gogela mo malwetsing a a ferosang sebete, boithwalong jo bo sa batlegeng, tshenyo-mpa, lefufa, le segakolodi se se tshwenyegileng, phereetsego ya maikutlo, mme eleruri go sa amogelwe ke Modimo, ene yoo ditebelelo tsa rona tsa botshelo jwa isagwe di ikaegileng ka ene.)
Ditelekiso tsa dilo tse di bonalang: “Me ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ. Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Tim. 6:9, 10) “Me ke tla raea mōea oa me, ke re, Mōea, u na le dithoto di tona, di bolokecwe dinyaga di le dintsi; iketlè, u yè, u nwè, u dihè mokete. Me Modimo oa mo raea, oa re, Seeleele ke wèna, mōea oa gago o lōpiwa mo go wèna sigoñ yono; me dilō tse u di baakantseñ di tla nna tsa ga mañ? Le èna eo o ikhumèlañ hèla, a sa humèla Modimo, o nntse hèla yalo.” (Luke 12:19-21) (Dilo tse di bonalang ga di tlise boitumelo jwa go ya go ile. Maiteko a go bona mahumo gantsi a gogela mo malapeng a a sa itumelang, botsogo jo bo koafetseng, tshenyego ya semoya.)
Go itlhapedisa bobe ka tagi: “E mañ eo o nañ le khutsègō? e mañ eo o nañ le bohutsana? e mañ eo o nañ le dikgañ? e mañ eo o nañ le ñōñōrègō? e mañ eo o nañ le dinthō tsa lehèla? e mañ eo o nañ le bohibidu yoa matlhō? Ke ba ba diègañ bobe mo boyalweñ yoa mofine; ke ba ba lebalebañ boyalwa yo bo tlhakancweñ. Kwa boheloñ bo tlo bo lome yaka nōga, bo lome yaka shaushawane.” (Dia. 23:29, 30, 32) (Go nwa lwa ntlha go ka bonala go thusa go lebala mathata a motho, mme ga go a rarabolole. Fa a sena go itharabologelwa, mathata a sa ntse a le teng, gantsi ebile a oketsegile. Fa e nowa bobe thata, tagi e ka senya boitlotlo jwa motho, botsogo jwa gagwe, botshelo jwa lelapa la gagwe, kamano ya gagwe e e molemo le Modimo.)
Kgobololo ya diokobatsi: Bona ditsebe 141-147, tlaseng ga “Diokobatsi.”
Ditsala tse di bosula: Fa dirukutlhi di ne di ka go bolelela gore di ne di itse kafa di neng di ka bona madi a mantsi ka gone kwantle ga go bereka ka natla, a o ne o tla dumela go tsamaya le bone? “U se ka ua tsamaea nabō mo tseleñ; thiba lonaō loa gago, gore lo se ka loa tsèna mo tselaneñ ea bōnè: Gonne dinaō tsa bōnè di sianèla boshula, ba itlhaganèlèla go cholola madi.” (Dia. 1:10-19) Fa motho e se moobamedi wa ga Jehofa, mme a bonala ekete ke motho yo o siameng sentle, a o ne o tla mo leba jaaka tsala e e tshwanetseng? Shekeme e ne e le morwa kgosana ya Kanana, mme Bibela e re o ne a “tlotlwa bogolo go botlhe ba ntlo ea ga rragwè,” mme o ne a “tsaea [Dina], a lala naè, a mo senya.” (Gen. 34:1, 2, 19) A lebaka la go bo batho ba bangwe ba sa dumele boammaaruri joo re bo ithutileng go tswa Lefokong ja Modimo le dira pharologanyo e e kalo go wena? “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakor. 15:33) Jehofa o ne a ka ikutlwa jang fa o ne o ka kgetha bao ba sa mo rateng jaaka ditsala tsa gago? Go kgosi ya Juda e e neng ya dira jalo, mmueledi wa ga Jehofa o ne a re: “Bogale yo bo cwañ kwa go Yehofa bo mo go wèna ka ntlha ea selō se.”—2 Ditih. 19:1, 2.
Ke mang yo o neng a kgotletsa batho go ikutlwa ba gololesegile go itirela diphetso tsa bone kwa ntle ga go tlhokomela ditaolo tsa Modimo?
Gen. 3:1-5: “Me yana nōga [e e neng e buisiwa ke Satane; Bona Tshenolō 12:9] . . . ea raea mosadi, ea re, Kana, eu! A Modimo o rile, lo se ka loa ya ditlhare tsa tshimo? Me mosadi a raea nōga, a re, Re ka ya louñō loa ditlhare tsa tshimo; Me louñō loa setlhare se se ha gare ga tshimo, Modimo o rile, Lo se ka loa lo ya, le gōna lo se ka loa lo ama, lo ka tla loa shwa. Me nōga ea raea mosadi, ea re, Rure ga lo ketla lo shwa; Gonne Modimo oa itse, gore, e tla re mo letsatsiñ ye lo lo yañ, hoñ matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.”
Ke moya ofe o o tlhotlheletsang motho fa a tlhokomologa thato ya Modimo e le gore a kgotsofatse dikeletso tsa gagwe tsa botho?
Baef. 2:1-3: “Le lona [Modimo] o lo rudisitse, yale ka lo no lo shule ka ditlolō tsa lona le dibe, Tse e rileñ galè loa sepela mo go cōna kaha mokgweñ oa lehatshe yeno [leo kgosana ya lone e leng Satane], kaha taoloñ ea kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō; Ba le rona rotlhe re kileñ ra tshela nabō mo dithatoñ tsa nama ea rona, ra diha dikeleco tsa nama le tsa megopolō, me mo tlholegoñ ea rona re le bana ba re chwanetseñ bogale, hèla yaka ba bañwe.”
Ke maikutlo afe a boitaolo ao ba ba reng ba direla Modimo ba tshwanetseng go a tila?
Dia. 16:18: “Boikgodishō bo tlo bo ètèlèle tshenyègō pele, le boipègō yoa pelo pele ga go wa.”
Dia. 5:12: “Me ua re, A bo nkile ka ila thutō, pelo ea me ea nyatsa yañ kgalemèlō.” (Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka gogela motho mo mathateng a a masisi, jaaka ditemana tse di mo tikologong di bontsha.)
Dipa. 16:3: “Me ba phuthègèla Moshe le Arone [bao Jehofa a neng a ba dirisa jaaka balebedi ba batho ba gagwe], ba ba raea, ba re, Lo inaea mo go golo bobe, ecwa ba phuthègō botlhe ba itshepile, moñwe le moñwe oa bōnè, me Yehofa o mo go bōnè: ke ka ntlha eañ ha lo ikgodisa lo ipaea kwa godimo ga phuthègō ea ga Yehofa?”
Yude 16: “Ba, ke bañōñōregi le bagaladi, ba ba tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè,—me melomo ea bōnè e bua mahoko a matona a a budologileñ—ba tlhaola batho ka go sholohèla thushō.”
3 Yoh. 9: “Dioterefese, eo o eletsañ ea bo e le èna tlhōgō mo go bōnè, ga a re chole.”
Dia. 18:1: “Eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi, me a shakgalèle botlhale yotlhe jo bo itekanetseñ.”
Yak. 4:13-15: “Helañ tlheñ, lona ba lo tloñ lo bue, lo re, Gompiyeno, kgotsa ka moshō, re tla ea kwa motsiñ o molèbè, me re tla dika ñwaga gōna, re rèka, re ipapalèla: Le morōrō lo sa itse se se tla dihalañ ka moshō. Ana botshelō yoa lona e be e le eñ? Gonne lo mouwane hèla, o o tloñ o bōnale ka lobakanyana, me o tloge o kaologèle koñ. Ecwa lo chwanetse go bua, lo re, Ha [Jehofa] a rata re tla tshela, re ba re diha se kgotsa sele.”
Fa keletso ya motho ya boitaolo e mo gogela mo go etseng lefatshe le le kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete, o tla tlaseng ga taolo ya ga mang? Mme Modimo o leba seno jang?
1 Yoh. 2:15; 5:19: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna.” “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.”
Yak. 4:4: “Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.”