O Itirela Leina le le Ntseng Jang?
A O KILE wa bala dikitsiso tsa dintsho tse di nang le polelo e khutshwane ka botshelo jwa motho kgotsa wa bona pego e telele ka botshelo jwa motho yo o tlhokafetseng le ka dilo tse a di dirileng? A o ne wa ipotsa jaana, ‘Batho ba ka bo ba reng ka nna?’ Ke batho ba le kae ba ba akanyang ka gore ba tla gopolwa jang fa ba sena go swa? Ka jalo, akanya ka dipotso tseno tse di tlhamaletseng: Batho ba ka bo ba reng ka wena gompieno fa o ne o sule maabane? O itirela leina le le ntseng jang? O ka rata go gopolwa jang ke batho ba ba neng ba go itse le ke Modimo?
Mokwadi yo o botlhale wa buka ya Baebele ya Moreri o ne a re: “Leina le botoka go feta leokwane le le molemo, le letsatsi la loso go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.” (Moreri 7:1) Letsatsi le motho a swang ka lone le ka nna botoka jang go feta letsatsi le a tshotsweng ka lone? Ka gonne fa motho a tsholwa o a bo a ise a itirele leina. Ga ise a tshele, ga go na sepe se se ka buiwang ka botshelo jwa gagwe. Tsela e a tla tshelang ka yone e tla felela ka gore a nne le leina le le molemo kgotsa le le maswe. Mo bathong ba ba itiretseng leina le le molemo fa dingwaga di ntse di feta, ruri letsatsi la loso le botoka go feta letsatsi la botsalo ka tsela e e ntseng jalo.
Ka jalo re ka itlhophela. Tota e bile, letsatsi le letsatsi re ka tlhopha go dira dilo tse e leng gore ka letsatsi le re swang ka lone di tla bontsha mofuta wa leina le re nang le lone, segolobogolo kafa Modimo a tla re gopolang ka teng. Ene Mohebera yo o botlhale yoo o ne a kwala jaana: “Kgakologelo ya mosiami e tla segofadiwa, mme leina la baikepi le tla bola.” (Diane 10:7) Go gakologelwa ke Modimo gore a tle a go segofatse—a bo seo e le tshiamelo!
Fa re le botlhale, maikaelelo a rona e tla nna go itumedisa Modimo ka go tshela tumalanong le melao ya gagwe. Seo se raya go latela melaometheo e Keresete a neng a bua ka yone: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaelo tse pedi tseno.”—Mathaio 22:37-40.
Ba bangwe ba gopolwa e le batho ba ba direlang ba bangwe molemo, e le babueledi ba ditshwanelo tsa batho kgotsa ka dilo tse ba di fitlheletseng mo go tsa kgwebo, saense, kalafi le ditiro tse dingwe. Mme wena o ne o ka rata go gopolwa jang?
Mmoki wa kwa Scotland e bong Robert Burns (1759-96) o ne a re o eletsa e kete go ka bo go na le modimo yo o ka re nayang bokgoni jwa go ipona ka tsela e ba bangwe ba re bonang ka yone. A o ka iteba ka bopeloephepa mme wa re o na le leina le le molemo mo bathong ba bangwe le mo Modimong? Kgabagare, dikamano tsa rona le batho ba bangwe di botlhokwa go feta dilo tsa nakwana tse re ka tswang re di fitlheletse mo go tsa metshameko kgotsa tsa kgwebo. Ka jalo potso ke gore: Tsela e re dirisanang ka yone le batho ba bangwe—motlotlo wa rona, mekgwa ya rona, tsela e re itshwarang ka yone—e ba ama jang? A ba re tsaya re le botsalano kgotsa nnyaa? Re le pelonomi kgotsa re le bogale? Re le batho ba ba fetofetogang le maemo kgotsa re le setlhogo? Re le lorato e bile re le pelotlhomogi kgotsa re sa kgathale e bile re le mabifi? Re le batho ba ba tshwayang diphoso ka tsela e e utlwisang botlhoko kgotsa re le bagakolodi ba ba molemo? A re sekasekeng dikai dingwe tsa mo nakong e e fetileng le tsa motlha wa segompieno mme re bone se re ka se ithutang.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Robert Burns o ne a re o eletsa e kete go ka bo go na le modimo yo o ka re nayang bokgoni jwa go ipona ka tsela e ba bangwe ba re bonang ka yone
[Motswedi wa Setshwantsho]
From the book A History of England