LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 9/1 ts. 32
  • Leina la Modimo le Umakiwa mo Mminong wa Ba-Russia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leina la Modimo le Umakiwa mo Mminong wa Ba-Russia
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 9/1 ts. 32

Leina la Modimo le Umakiwa mo Mminong wa Ba-Russia

KA 1877 mokwadi yo o itsegeng thata wa dipina wa Mo-Russia, Modest Mussorgsky o ne a gatisa mmino wa dikhwaere o o theilweng mo polelong e e diregileng kwa dinageng tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng. O ne a kwalela tsala ya gagwe jaana: “Ke kwadile terama ya Baebele e e bidiwang Jesus Navinus [Joshua], ke e kwadile yotlhe fela go ya ka se se mo Baebeleng e bile ke tlhalosa tsela e e neng e tsewa ke megwanto ya phenyo ya ga Navinus go ralala Kanana.” Mo ditlhamong tse dingwe tsa gagwe go akaretsa le e e bidiwang “The Destruction of Sennacherib,” Mussorgsky gape o ne a tsaya dintlha tsa konokono le baanelwa ba gagwe mo Baebeleng.

Sa botlhokwa, mo go “Jesus Navinus,” mmogo le mo kgatisong ya 1874 ya “The Destruction of Sennacherib,” Mussorgsky o umaka Modimo a dirisa tsela e leina la Modimo le bidiwang ka yone ka Se-Russia, le mo Dikwalong tsa Sehebera le emelwang ke ditumammogo di le nnè—יהוה (YHWH)—mme le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000.

Ka jalo, ditlhamo tseno tse di kwadilweng ke Mussorgsky di bontsha sentle gore leina le Modimo a bidiwang ka lone mo Baebeleng—Jehofa—le ne le itsiwe ke batho ba Russia pele ga tshimologo ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Seno se a tshwanela e re ka Jehofa ka boene a ne a raya Moshe a re: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.”—Ekesodo 3:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Setheo sa go ithuta mmino sa St. Petersburg ka 1913, kwa mmino wa ga Mussorgsky o o gatisitsweng o bolokilweng teng

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Sheet music: The Scientific Music Library of the Saint-Petersburg State Conservatory named after N.A. Rimsky-Korsakov; street scene: National Library of Russia, St. Petersburg

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela