LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 3/1 ts. 3
  • Boporofeti jo bo Botlhokwatlhokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boporofeti jo bo Botlhokwatlhokwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A Lefatshe le ya Bokhutlong?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Baaposetoloi ba Kopa Sesupo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 3/1 ts. 3

Boporofeti jo bo Botlhokwatlhokwa

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—MATHAIO 24:14.

BAKANOKI ba dumela gore temana eno e botlhokwa thata. E botlhokwa ka gonne e bolela ka tiro e e tshwanetseng go dirwa mo lefatsheng lotlhe. Gape e botlhokwa ka gonne e bua ka tiro e Bakeresete ba tshwanetseng go e dira—tiro ya go rera e e neng e tla itsise e bile e tla tla pele ga tiragalo ya botlhokwa le e e akaretsang dilo tse dintsi e Jesu a neng a re ke “bokhutlo.”

Boporofeti jo bo mo temaneng eo bo a diragadiwa gompieno. Bo a go ama ka gonne dikgang tse di molemo ke taletso e bile ke tlhagiso. Di go naya tshono ya gore o tlhophe mo gare ga dilo tse pedi: Go amogela Bogosi jwa Modimo kgotsa go bo ganetsa. Se o se tlhophang se ama botshelo jwa gago.

Akanya ka kgang e e dikologileng temana eno. Malatsi a le mmalwa pele ga Jesu a bapolwa, barutwa ba ne ba tla kwa go ene mme ba mmotsa ka isagwe. Ba ne ba batla go itse kaga go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo jo Jesu a neng a tle a bue ka jone gangwe le gape. Gape ba ne ba batla go itse kaga “bokhutlo jwa tsamaiso ya . . . dilo” kgotsa se dithanolo tse dingwe di se ranolang e le “bokhutlo jwa lefatshe.”—Mathaio 24:3, American Standard Version; King James Version.

Fa Jesu a ba araba, o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le dintwa, leuba, malwetse a leroborobo le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe ka selekanyo se segolo. Gape o ne a re go tlhoka molao go ne go tla oketsega, baruti ba bodumedi ba maaka ba ne ba tla timetsa batho ba le bantsi mme Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla tlhoiwa le go bogisiwa. Tseno tsotlhe e ne e le dikgang tse di bosula.—Mathaio 24:4-13; Luke 21:11.

Gape go ne go na le dikgang tse di molemo. Morago ga foo Jesu o ne a bua mafoko a a nopotsweng fa godimo, a ka makgolokgolo a dingwaga a neng a dira gore batho ba akanye ka bokao jwa one e bile a ba tlhotlheletsa. Le fa batho ba dumalana gore mafoko a ga Jesu a botlhokwa, ga ba dumalane ka se a se kayang. Tota dikgang tseno tse di molemo ke eng? Bogosi ke eng? Boporofeti jono bo tla diragadiwa leng le gone ke mang? Mme “bokhutlo” ke eng? Mma re bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Khopi ya Mokwalo wa Seatla wa kwa Washington wa Diefangele tse nnè. Mathaio 24:14 e kwadilwe ka bontsho jo bo tseneletseng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa mo bukeng ya Facsimile of the Washington Manuscript of the Four Gospels in the Freer Collection ya 1912

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela