A o Ne o Itse?
Jesu o ne a kaya eng fa a ne a raya Saulo a re: “Go nna o ragakaka ditlhabo go a go thatafaletsa”?—Ditiro 26:14.
▪ Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, balemi ba ne ba dirisa ditlhabo go kaela diruiwa tsa bone fa di lema. Setlhabo e ne e le thobane e e motswi e e ka tswang e ne e le boleele jwa dimetara di le pedi le sephatlo. Kwa ntlheng e nngwe ya thobane go ne go na le tshipi e e motswi. Fa phologolo e ne e ka ikgotlha ka setlhabo, e ne e tla ikgobatsa. Gantsi ntlha e nngwe e ne e na le legare le le ntseng jaaka tšhisele le le neng le ka dirisediwa go tlosa leswe, seretse kgotsa mofero mo mogomeng.
Ka dinako tse dingwe ditlhabo di ne di dirisiwa e le dibetsa. Shamegare yo e neng e le moatlhodi e bile e le motlhabani wa Moiseraele o ne a kgemetha Bafilisitia ba le 600 “ka setlhabo sa dikgomo.”—Baatlhodi 3:31.
Gape Dikwalo di umaka sedirisiwa seno go tshwantshanya. Ka sekai, Kgosi Solomone o ne a kwala gore mafoko a motho yo o botlhale a ka “tshwana le ditlhabapholo,” a tlhotlheletsa molekane wa gagwe go dira tshwetso e e siameng.—Moreri 12:11.
Fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a dirisa papiso e e tshwanang le eo. O ne a gakolola Saulo yo o neng a bogisa Bakeresete gore a tlogele go “ragakaka ditlhabo.” Mafoko ao a dira gore re akanye ka phologolo e e bogoma e e ganang kaelo ya mong wa yone. Saulo ka botlhale o ne a amogela kgakololo ya ga Jesu mme a tlogela tsela e a neng a tshela ka yone a bo a nna moaposetoloi Paulo.
Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse nako jang bosigo?
▪ Bajuda ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ba ne ba ka itse nako ka go dirisa tshupanako ya letsatsi fa go se na maru. Le fa go ntse jalo, fa letsatsi le thibilwe ke maru kgotsa go le bosigo ba ne ba dirisa clepsydra e leng tshupanako ya metsi. Kwantle ga Bajuda, gape sedirisiwa seno se ne se dirisiwa ke ditšhaba tsa bogologolo tsa Baegepeto, Baperesia, Bagerika le Baroma.
Go ya ka buka ya The Jewish Encyclopedia, Mishnah le Talmud di umaka clepsydra “di dirisa maina a a farologaneng, gongwe e le go tlhaola mefuta e e farologaneng ya yone, mme otlhe a kaya selo se le sengwe; e leng go tswa ka bonya . . . ga metsi, lerothodi ka lerothodi, jo e leng jone bokao jwa ‘clepsydra’ ka Segerika.”
Clepsydra e ne e bereka jang? Metsi a ne a tswa ka phatlha e e kwa tlase go tswa mo sejaneng sengwe a tsena mo go se sengwe. Motho yo o neng a lebile o ne a ka itse nako ka go leba selekanyo sa metsi a a mo sejaneng se se kwa godimo kgotsa se se kwa tlase mme bobedi jwa tsone di ne di ka nna le matshwao a a bontshang selekanyo sa metsi.
Kwa dikampeng tsa masole a kwa Roma go ne go dirisiwa ditshupanako tse di ntseng jalo go itse nako ya ditebelo tsa bosigo. Fa go tsena tebelo e nngwe go ne go lediwa terompeta. Mongwe le mongwe yo o neng a ka utlwa terompeta e lela o ne a tla itse fa nngwe le nngwe ya ditebelo tse nnè e simolola le fa e fela.—Mareko 13:35.