“Dikgang Tse di Molemo Tseno Tsa Bogosi di Tla Rerwa”
“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—MATHAIO 24:14.
Bokao Jwa Mafoko Ano: Mokwadi wa Efangele e bong Luke o ne a bega gore Jesu o ne a “eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:1) Jesu ka boene o ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) O ne a romela barutwa ba gagwe gore ba rere dikgang tse di molemo mo metseng le mo metsaneng mme moragonyana a ba laela jaana: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8; Luke 10:1.
Kafa Bakeresete ba Bogologolo ba Neng ba Dira Seo ka Gone: Barutwa ba ga Jesu ba ile ba dira se Jesu a neng a se ba laela kwantle ga go senya nako. “Letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete.” (Ditiro 5:42) Tiro ya go rera e ne e sa dirwe fela ke setlhopha sengwe sa batho ba ba kgethegileng. Rahisitori mongwe e bong Neander o ne a re “Celsus, mokwadi wa ntlha yo o neng a le kgatlhanong le Bokeresete, o ne a sotla ka gore batho ba ba dirang ka boboa, bathudi ba ditlhako, batho ba ba sugang matlalo, batho fela ba ba sa rutegang le ba maemo a a kwa tlase go gaisa botlhe, e ne e le bareri ba ba tlhagafetseng ba efangele.” Jean Bernardi o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Early Centuries of the Church: “[Bakeresete] ba ne ba tshwanetse go tswa ba ya go bua le mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Mo mebileng e megolo le mo metseng, mo dipatlelong tsa botlhe le mo magaeng. Go sa kgathalesege gore a ba ne ba amogelwa kgotsa ba sa amogelwe. . . . Ba ne ba ya kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe.”
Ke Bomang ba ba Dirang Seo Gompieno? Moruti mongwe wa kereke ya Anglican e bong David Watson o ne a kwala jaana: “Lengwe la mabaka a go bo bontsi jwa batho gompieno ba sa kgatlhegele go direla Modimo ke gore kereke ga e tseye go rera le go ruta masisi.” José Luis Pérez Guadalupe o ne a kwala ka ditiro tsa batho ba ba tsenang dikereke tsa Evangelical, tsa Adventist le tse dingwe mo bukeng ya gagwe ya Why Are the Catholics Leaving? mme a re “ga ba tsamaye ka ntlo le ntlo.” O ne a kwala jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Ba tsena ntlo nngwe le nngwe mme ba dira jalo ka thulaganyo.”
Kakgelo e e kgatlhang mme e bua dilo jaaka di ntse ya ga Jonathan Turley e e mo bukeng ya Cato Supreme Court Review, 2001-2002 ya re: “Fa o bua ka Basupi ba ga Jehofa, ka bonako fela batho ba le bantsi ba akanya ka bareri ba ba re etelang kwa magaeng a rona ka dinako tse di sa re siamelang. Basupi ba ga Jehofa ga ba tsamaye ka ntlo le ntlo ba sokolola batho e le fela gore ba anamise bodumedi jwa bone mme ba tsaya go dira jalo go le botlhokwa mo tumelong ya bone.”
[Lebokoso mo go tsebe 9]
A o Lemoga Matshwao?
Go ya ka tlhaloso ya Dikwalo e e mo motseletseleng ono wa ditlhogo, o akanya gore gompieno ke bomang ba ba nang le matshwao a Bokeresete jwa boammaaruri? Le fa go na le ditlhopha le dikereke di le diketekete tse di reng ke tsa Bokeresete, gakologelwa gore Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” (Mathaio 7:21) Go lemoga batho ba ba dirang thato ya ga Rara—ba ba nang le matshwao a Bokeresete jwa boammaaruri—le go kopanela le bone, go ka felela ka gore o bone masego a a nnelang ruri mo Bogosing jwa Modimo. Re go kgothaletsa gore o kope Basupi ba ga Jehofa, ba ba go neileng makasine ono, gore ba go neye tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le masego a bo tla a tlisang.—Luke 4:43.