LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 5/1 ts. 32
  • “Dibela Pelo ya Gago!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dibela Pelo ya Gago!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 5/1 ts. 32

“Dibela Pelo ya Gago!”

Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa

SETLHOGO SA LABOTLHANO

“Jehofa Ene, o Bona se Pelo e Leng Sone”—1 SAMUELE 16:7.

SETLHOGO SA MATLHATSO

“Molomo o Bua se se Tletseng mo Pelong”—MATHAIO 12:34.

SETLHOGO SA SONTAGA

“Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng”—1 DITIRAGALO 28:9.

Baebele e umaka pelo ka makgetlho a a batlang a nna sekete. Mo makgetlhong a le mantsi, Dikwalo di bua ka pelo ya tshwantshetso e seng ya mmatota. Pelo ya tshwantshetso ke eng? Lereo leno le ka kaya motho wa ka fa teng—se motho a se akanyang, tsela e a ikutlwang ka yone le dilo tse a di eletsang.

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dibela pelo ya rona ya tshwantshetso? Modimo o ne a tlhotlheletsa Kgosi Solomone gore a kwale jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Botshelo jo bo molemo gone jaanong le dilo tse re di solofetseng mo isagweng di ikaegile ka gore pelo ya rona ya tshwantshetso e ntse jang. Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o bona se se mo pelong ya rona. (1 Samuele 16:7) Se re leng sone mo teng, “motho wa sephiri wa pelo,” ke sone se se laolang gore Modimo o ikutlwa jang ka rona.—1 Petere 3:4.

Re ka dibela pelo ya rona jang? Go tla tlotliwa ka botlalo ka karabo ya potso eno kwa dikopanong tse Basupi ba ga Jehofa ba tla nnang le tsone mo lefatsheng lotlhe go simolola mo kgweding eno. Re go laletsa ka lorato gore o nne gone ka malatsi otlhe a le mararo kwa kopanong eno.a Se o tla se ithutang se tla go thusa gore o dire dilo ka tsela e o tla ipedisang pelo ya ga Jehofa Modimo.—Diane 27:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona gore kopano e e gaufi le kwa o nnang gone e tla bo e tshwerwe leng, tsweetswee leba aterese eno ya Internet ya www.pr2711.com. Gape o ka nna wa ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa wa kwalela bagatisi ba makasine ono.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Photo on right: Aus dem Fundus der MÜNCHNER OLYMPIAPARK GMBH, München

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela