LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/1 ts. 8
  • E Mosola le Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Mosola le Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se o Tlileng go Bala ka Sone!: A Baebele E ka Go Thusa go Itumela?
    Tsogang!—2019
  • O ka Kgona Jang—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A Lefoko la Modimo le Kaele Dikgato Tsa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso go ka Kgonega?
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/1 ts. 8

E Mosola le Gompieno

“Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.”—PESALEMA 119:105.

KAFA BAEBELE E FAROLOGANANG KA GONE: Dibuka dingwe di ka tsewa e le tsa maemo a a kwa godimo mme ga di ka ke tsa kgona go kaela batho gore ba tshele jang. Dibuka tsa segompieno tsa ditaelo di tshwanelwa ke go nna di tlhabololwa gangwe le gape. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Baebele e bolela gore “dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya.”—Baroma 15:4.

SEKAI: Le fa Baebele e se buka ya ditaelo tse di amanang le dilo tsa kalafi, e na le dikakantsho tse di mosola malebana le boitekanelo jwa mmele le jwa maikutlo. Ka sekai, e bolela gore “pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” (Diane 14:30) Gape Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Ka fa letlhakoreng le lengwe, e bolela gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

SE DIPATLISISO DI SE SENOLANG: Go ritibala, go nna le botsala jo bo molemo le go nna pelotshweu go ka tokafatsa botsogo jwa gago. The Journal of the American Medical Association ya re: “Banna ba ba nnelang go phatloga ka bogale ba mo kotsing e e menaganeng gabedi ya go itewa ke setorouko go feta banna ba ba laolang bogale jwa bone.” Patlisiso nngwe ya dingwaga di le lesome ya kwa Australia e fitlhetse gore batho ba ba godileng ba ba neng “ba nnela go tlotla le ditsala le batho ba ba kgonang go ba bulela mafatlha” ba ne ba ka tshela nako e telele. Mme ka 2008, babatlisisi ba kwa Canada le ba kwa United States ba ne ba lemoga gore “fa o dirisa madi a gago go thusa ba bangwe o tla itumela thata go na le fa o a dirisetsa dilo tse di amang wena fela.”

O AKANYANG? A o ka tshepa kgakololo e e malebana le tsa kalafi go tswa mo bukeng epe e nngwe fela e e kwadilweng dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng? Kgotsa a Baebele e tlhomologile?

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Ke kgatlhiwa thata ke Baebele . . . ka gonne e na le kgakololo e e molemo thata malebana le tsa kalafi.”—HOWARD KELLY, M.D., LELOKO LA BASIMOLODI BA LEPHATA LA THUTO LA THE JOHNS HOPKINS UNIVERSITY SCHOOL OF MEDICINE

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela