Goreng Jesu A Ile A Boga A Ba A Swa?
No. 2 2016
SEGOPOTSO SA LOSO LWA GA JESU | LABORARO, MARCH 23, 2016
© 2016 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
MAKASINE ONO wa Tora ya Tebelo, o tlotlomatsa Jehofa Modimo, Mmusi wa lobopo lotlhe. O gomotsa batho ka dikgang tse di molemo tsa gore Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong bo tla tloga bo fedisa boikepo jotlhe le go fetola lefatshe go nna paradaise. O rotloetsa batho go nna le tumelo mo go Jesu Keresete, yo o neng a swa gore re bone botshelo jo bo sa khutleng le yo jaanong a busang e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Makasine ono o ntse o gatisiwa fa e sa le ka 1879 mme ga o itshunye nko mo dipolotiking. Motswedi wa one wa konokono ke Baebele.
Kgatiso eno ga e rekisiwe. Ke karolo ya tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta batho Baebele mme e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata.
Fa o batla go ntsha moneelo, tsena mo www.pr2711.com.
Dinopolo tsa Dikwalo tse di mo kgatisong eno, di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe. Koo NW e latelang morago ga nopolo nngwe gone, go supa gore e ranotswe go tswa mo New World Translation of the Holy Scriptures—With References.