LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/90 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 1/90 ts. 3

Dikitsiso

● Mpho ya buka ka January le February:

Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe—Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō” ka moneelo wa R2,50. March: Mpho ya gone e tla nna jaaka fa e itsisitswe kwa Kopanong ya Kgaolo. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo. Koo go sa bonweng peeletso gone, go ka nna ga tsamaisiwa dimakasine di le pedi le sekaelo sengwe sa boroutšhara epe ka moneelo wa R1,95.

● Go simolola ka March 1, puo e ntšha ya phatlalatsa ya balebedi ba potologo e tlile go nna “Go Kgana ka Boitumelo mo go Jehofa kwa Dikopanong tsa Poland.” Eno e tlile go nna puo ya di-slide eo e bolelang dingwe tsa dintlha-kgolo tsa Dikopano tsa Kgaolo tsa ka 1989 tsa “Poifo-Modimo” tseo di neng di tshwaretswe kwa Poland.

● Puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ya setlha sa Segopotso sa ka 1990 e tlile go neelwa lefatshe ka bophara ka Sontaga, March 25, 1990. Setlhogo sa puo eno e tlile go nna “Leka ka Natla Gore O Bone Botshelo Jo Eleng Botshelo Ruri!” Go tlilwe go romelwa thulaganyo ya puo eno. Diphuthego tseo di tla bong di etetswe ke molebedi wa potologo, di na le kopano ya potologo, kana letsatsi la kopano e e kgethegileng mo mafelo-bekeng ao di tla nna le puo ya tsone e e kgethegileng mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe eo e tshwanetseng ya nna le puo eno e e kgethegileng pele ga March 25.

● Boroutšhara ya Sekolo le Basupi ba ga Jehofa jaanong e ka tsamaisediwa barutabana ba sekolo kana batho ba ba kgatlhegang ba ba kopang sekaelo sa yone. Diphuthego di kopiwa gore di di otorele batsadi bao ba batlang go neela barutabana ba bana ba bone sekaelo sa yone.

● Diphuthego di le dintsi di romela makwalo go Mokgatlho di dirisa dimatšhini tsa FAX. Tswee tswee tlhokomelang gore seno se tshwanetse sa dirwa fela mo makgetlong a tshoganyetso. Gape, seno ga se a tshwanela go dirisiwa mo boemong jwa diforomo tseo di batliwang ke Mokgatlho fa lo duela madi kana lo romela dipego tsa tirelo ya tshimo kwa Mokgatlhong.

● Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otora 1990 Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Baboledi le babulatsela, tswee tswee otorang di-Yearbook tsa lona mo phuthegong. Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go phutha dikopo tsa di-Yearbook tseno jaanong. Mme e bo e re morago ga moo ka January 1, 1990, kana ka bonako ka mo go ka kgonagalang ka gone morago ga moo, lo bo lo romela otoro eno kwa Mokgatlhong lo dirisa foromo e e tlwaelegileng ya “Literature Order” (S-14). Di-Yearbook di tlile go nna gone ka Sedatšhe, Seesemane, Sejeremane, Segerika, Setadiana, le Sepotokisi. Go fitlhela di-Yearbook tseno di nna gone le go romelwa, di tlile go tlhaga jaaka “Will send later” mo ditshupa-sekolotong tsa phuthego. Diphuthego di tshwanetse tsa otora palo ya di-Yearbook tseo go dirilweng dikopo tsa tsone fela. Dituelo ga di a tshwanela go tsamaya le otoro ya phuthego, kwantle ga koo diphuthego di se nang akhaonto le Mokgatlho gone kana di na le tlhaelo mo akhaontong ya tsone. Mo makgetlhong a a ntseng jalo diotoro di tshwanetse tsa romelwa le kheshe. Di-Yearbook ke dilwana tse di laolwang tsa setoko mme di tlile go duedisediwa mo akhaontong ya dibuka ka R2,60 e le nngwe, eleng eo e leng tlhotlhwa ya baboledi le batho botlhe. (Bonang Cost List Instructions [Litaelo tsa Lenaneo la Litheko], dirapa 19-21.) Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng bao ba tsenetseng bobulatsela pele ga July 1, 1989, ba ka nna ba amogela sekaelo sa mahala seo phuthego e ka kopang phokoletso mo go sone mo foromong ya “Remittance and Credit Request” (Tefello le Kōpo ea Phokoletso) (S-20). Babulatsela ba ka bona dikaelo tse di oketsegileng ka R1,30 se le sengwe. (Tlhokomediso go mokwaledi: Tswee tswee dira gore phuthego e itsisiwe fa di-Yearbook di amogelwa e le gore botlhe bao ba di otorileng ba kgone go iponela dikaelo tsa bone.)

● Diphuthego jaanong di ka otora dibolumo tse di gatisitsweng sesha tsa Watchtower tsa dingwaga tsa 1970 le 1971. Tswee tswee lo se ka lwa tsenya diotoro tsa dingwaga tse di latelang morago ga 1971 go fitlhela go itsisiwe go Tirelo ya Rona ya Bogosi gore di gone.

● Dikhasete Tse Disha Tse Di Gone:

Go Reetsa Morutisi Yo Mogolo (dikhasete di le tlhano le buka di le mo alebamong; phuthego le batho botlhe: R34,00; babulatsela: R28,50)—Sepotokisi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela