Tirelo ya Rona ya Bogosi e Rulaganngwa Sesha
Go simolola ka tokololo ya yone ya September, Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla e rulagantswe sesha. Ponalo eno e e tokafaditsweng e tla tlhofofatsa tiro ya go tlhagisa kgatiso eno e e tlang kgwedi le kgwedi mo dipuong di le dintsi gape e tla dira gore babadi ba tlhofofalelwe ke go bona tshedimosetso e e rileng.
Ka thulaganyo eno e ntšha, ditlhogo tsotlhe le mafoko di ka rulaganngwa ka khomputara. Go fitlhelelwa go tshwana go go oketsegileng ga ponalo, ka jalo go tokafadiwa tebego ka kakaretso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.
Go na le dilo di le dintsinyana tse di tokafaditsweng tseo di tla solegelang mmadi molemo. Bogolo jwa ditlhaka bo a lekana, le ditlhaka tse di tlhophilweng ke tsa mofuta o o kgonang go balega sentle, lefa e le tsa selekanyo se se potlana. Pego ya tirelo ya tshimo e tla balega motlhofo. Gape ditlhogo tsa konokono gantsi di tla nna mo ditsebeng tse di ka kwa ntle, mme bontsi jwa ditlhogo di tla felelediwa mo tsebeng e le nngwe. Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo, thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego, pego ya tirelo, Dikitsiso, Dikgang tsa Bolegodimo, Dipokano tsa Tirelo ya Tshimo, Setlhogo sa Motlotlo, le Letlole la Dipotso tsotlhe di tla bo di le mo ditsebeng tse di kafa teng.
Re solofela gore lo tla fitlhela sedirisiwa seno sa botlhokwa e le thuso e ntle go gaisa ebile e na le mosola go gaisa mo tirong ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi le go dira barutwa.