LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/91 ts. 1-7
  • A O Anaanela Kafa E Leng Mosola ka Gone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Anaanela Kafa E Leng Mosola ka Gone?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 12/91 ts. 1-7

A O Anaanela Kafa E Leng Mosola ka Gone?

1 Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e itshupile e na le thuso e e seng kana ka sepe mo batsading mmogo le mo basheng fa e sale jaaka e ne e gololwa ka 1978. Go tswa mo lekaleng la rona fela, go ne ga romelwa dikaelo tsa yone di le 627 846 gore di ye go abiwa. Batsadi ba e dirisitse ka tsela e e atlegileng tota mo go ruteng bana ba bone, e bile ba le bantsi ba bana ba rona ba babotlana ba ile ba kgatlhegela thata go ithuta dilo tse di kwadilweng mo go yone.

2 Bosheng jaana motsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Go tloga fela ka nako ya fa a ne a ise a nne le dingwaga di le pedi, morwa wa rona e bong Vaughan o ne a kgatlhiwa ke buka ya dipolelo tsa Bibela fela thata. O ne a rata ditshwantsho tsa yone e bile o ne a gana go ya go robala fa mongwe a ne a sa mmalele polelo nngwe go tswa mo go yone. Ka nako ya fa a ne a tloga a tshwara dingwaga di le pedi le halofo, o ne a simolola go reetsa dipolelo tsa buka eno mo theiping. O ne a ithuta go tsenya dikhasete le go di pitikolola ka boene. O ne a tle a reetse dipolelo tseno gangwe le gape letsatsi lotlhe fela, gantsi a tla a ntse a leba ditshwantsho tseo go buiwang ka tsone mo bukeng ya gagwe. O na le dingwaga di le nnè, mme gone jaanong o itse dipolelo tseno tsotlhe fela. O kgona go bua dikarolo tse dintsi ka tlhogo. Gape o ipelela go tlhalosetsa kgaitsadie yo mmotlana yo o nang le dikgwedi di le lesomerobedi ditshwantsho, yo le ene a ratang buka ya gagwe ka mokgwa o o tshwanang.”

3 Thuto eno yotlhe e ile ya ama tlhaloganyo ya motho yo mmotlana yono jang? Rraagwe o bolela jaana: “Ka nako ya fa go tsoga mathata mo dikgannyeng tse di ntseng jaaka go aka, go sa utlwe le tse dingwe, re lebisa Vaughan go thuto e e buang ka molaomotheo o o amegang mo kgannyeng eo mme o tla bo a setse a tlhaloganya ntlha gone fela foo. E bile, jaanong o setse a simolotse gore mo dithapelong tsa gagwe a lebogele Jehofa go bo a ile a romela Jesu mo lefatsheng.”

4 O ka nna wa tswa o se na ngwana ope yo mmotlana ka namana. Mme le fa go ntse jalo, o ka nna wa tswa o kgona go bereka mmogo le bana ba babotlana mo phuthegong. Basha ba Bakeresete ba a tlhotlheletsega e bile ba a rotloetsega fa batlhanka ba ba tlhomilweng mo phuthegong ba ba kgatlhegela ka namana. (Dia. 27:23) A o ka kgona go senya nako e e oketsegileng le basha segolobogolo mo tirelong ya tshimo?

5 Go tsamaisa buka ya Dipolelo tsa Bibela: Re tla bo re tsamaisa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela mo kgweding ya December. E re ka e le buka e e ikuelang thata mo baneng le mo bagolong ka go tshwana, re eletsa go kgothaletsa mongwe le mongwe mo phuthegong gore a senye nako e ntsi ka mo go ka kgonegang ka gone mo tshimong a tsamaisa mpho eno.

6 Lona basha re lo kgothaletsa gore lo iteke ka mo go kgethegileng ka December gore lo tsamaisetse balekane ba lona ba sekolo buka eno pele ga fa malatsi a boikhutso a sekolo a simolola, le gore lo kopanele le batsadi ba lona mo tshimong mmogo le ba bangwe mo phuthegong.

7 Ka dinako tse dingwe bana ba tlhoka fela go kgothadiwa go le gonnye gore ba simolole go rerela ba bangwe mafoko a a molemo. Seno se ne sa bonwa mo boitemogelong jwa mosimanyana yo o nang le dingwaga di le tlhano wa kwa Kenya bophirima yo o neng a tlhalosa kafa a neng a eletsa ka gone go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Mmaagwe o ne a mmolelela gore o ne a se kitla a nna le e leng mmulatsela wa nako e e tletseng e re ka a ne a se na motho mongwe yo a mo rutang Bibela. Mmaagwe o ne a akantsha gore a rute ditsala tsa gagwe tseo a neng a tshameka natso go tswa mo sekaelong sa gagwe sa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Mosimane yono yo o nang le dingwaga di le tlhano o ne a tsaya buka ya gagwe ya Dipolelo tsa Bibela mme a tsamaya a etela ditsala tsa gagwe, a di kopa gore di ithute Bibela nae. Matswela a seno e ne ya nna eng? O ne a bopa setlhopha sa ba le lesome bao a neng a ka kgona go ithuta nabo. O ne a dirisa ditshwantsho sentle thata, a ba botsa dipotso di le dintsi tse di dirang gore ba akanye, a bo a ba botsa dipotso tsa poeletso kwa bokhutlong jwa thuto. Fa ba ne ba sa gakologelwe, o ne a boeletsa dintlha tseno le bone gape. Mmè yono o ne a tlhalosa gore go ne go ipedisa tota go bona bana bano botlhe ba dutse mo lebaleng fa pele ga ntlo ya gagwe ba ithuta mmogo! Go ne go ipedisa mmè yono mmogo le phuthego go bona ba le robedi ba bana bano ba nna gone mo dipokanong tsa phuthego. Ba bangwe ba le babedi ba ne ba le babotlana thata.

8 Batsadi, boeletsang tsela ya go bua e e akantshitsweng le bana ba lona. Ba thuseng gore ba dirise dikwalo tse di mo Setlhogong sa Motlotlo. Bontshang bana ba babotlana bano kafa ba ka bolokang dipego tse di siameng tsa ka ntlo le ntlo ka gone e le gore ba tle ba kgone go dira maeto a go boela mo go bao ba bontshang kgatlhego. Ba thuseng gore ba simolole dithuto tsa Bibela ka buka eno mme, fa e le gore go a kgonega, lo ba thuse fa fela ba setse ba simolotse ya ntlha.

9 A go anaanela ga rona kgatiso e e molemo eno go re tlhotlheletse gore re e tsamaise nako nngwe le nngwe fa re bona tshono le gore re e dirisetse go simolola dithuto tse di oketsegileng tsa magae tsa Bibela ka December.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela