Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata. October: Dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka moneelo wa R1,00 e le nngwe. November: Modimo o Batla Gore re Direng? ka moneelo wa R1,20 kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata. Kgatiso e e ka nnang ya tsamaisiwa: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R15,00. December: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka moneelo wa R9,00 fa e tsamaisiwa le buka ya khabara e e thata le R7,75 fa e tsamaisiwa le buka ya khabara e e seng thata.
◼ Bosheng jaana batsietsi le batho ba ba kgaotsweng ba ba tswang kwa dinageng di le dintsi tsa Afrika ba ile ba ikopanya le bakaulengwe ba rona ba itira e kete ke Basupi. Re akantsha gore bagolwane ba neelwe tshedimosetso ka batho ba ba ntseng jalo. Go tswa foo bagolwane ba ka nna ba romela fax kwa Mokgatlhong kana ba founa gore go tlhotlhomisiwe batho bao. Ka tsela eno, baobamedikarona ba mmatota ba sa ntse ba ka amogelwa sentle.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bonako jo bo ka kgonegang morago ga foo. Fa seno se setse se dirilwe, itsise phuthego fa pego e e latelang ya diakhaonto e setse e badilwe.
◼ Bagolwane ba gakololwa gore ba latele ditaelo tse di mo ditsebeng 21-3 mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, e e buang ka batho bape ba ba kgaotsweng kana ba ba itomolotseng ba ba ka tswang ba batla go busediwa.
◼ Ka Matlhatso, October 9, 1999, Legae la Bethele le feketiri di tla tswala gore di phepafadiwe. Go tla bo go se na dithulaganyo dipe tsa go bona moago kana gore diphuthego di tseye dibuka ka letsatsi leno.
◼ Diphuthego di le dintsi gone jaanong di gogelwa madi ke banka mo diakhaontong tsa tsone tsa ditšheke. Molebedi yo o okamelang a ka nna a rata go kwalela Mokgatlho gore a bone dikakantsho tse di malebana le kafa madi ano a a gogiwang ke banka a ka fokodiwang ka gone. Tsweetswee kwala lekwalo la lona, “Attention: Accounting Office.”
◼ Re gakolola DIPHUTHEGO TSOTLHE go otara dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le di-Identity Card ka bonako jo bo ka kgonegang di dirisa foromo ya Literature Order (S-AB-14). Diphuthego tse di se nang akhaonto mo Mokgatlhong kana di kolota mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse go romela madi fa di romela diotara tsa tsone. Dikarata tseno ke disente di le 12 e le nngwe mme di-Identity Card ke disente di le 10 e le nngwe. Tsweetswee di otareng ka ditlhopha tsa 20 fa go kgonega. Lo se ka lwa aba dikarata tseno, mme lo di beye go fitlhela lo amogela ditaelo tse dingwe tse di tswang kwa Mokgatlhong.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara 2000 Calendar of Jehovah’s Witnesses mo otareng ya tsone ya dibuka ya September. Dikhalendara di tla bo di le gone ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sentadiana, Sepotokisi, Sesotho, Sexhosa le Sezulu. Ke dikgatiso tsa setoko se se laolwang. Diphuthego tse di se nang akhaonto mo Mokgatlhong kana tse di kolotang mo akhaontong ya tsone di tshwanetse go romela madi le diotara tsa tsone.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Go setse go okeditswe tlhwatlhwa e e tla bong e dirisiwa go tloga jaanong ya bukana ya Ineele go Bala le go Kwala. Jaanong moneelo wa phuthego ke R5,00 mme babulatsela ke R3,75.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Go na le diphetogo mo dikopanong tse di latelang:
December 17-19:
Johannesburg (Sepotokisi; kopano e ntšha)
December 24-26:
Bloemfontein (letlha le lesha)
◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Gone:
Marked for Survival (Terama, khasete e le nngwe; phuthego: R10,50; babulatsela: R9,50)—Seesemane
◼ Go simolola ka makasine wa September 1, 1999, Tora ya Tebelo e tla bo e le gone ka Se-Kazakh e le kgatiso e e tswang gangwe ka kgwedi.