Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Go simolola ka February, puo e ntšha ya balebedi ba potologo e tla nna le setlhogo se se reng “Boammaaruri bo Ama Botshelo Jwa Gago Jang?”
◼ Letsatsi la rona le le kgethegileng la dimakasine le tla nna ka April 16, 2011. Re kgothaletsa botlhe gore ba simolole go rulaganya gone jaanong gore ba tle ba nne le seabe ka botlalo.
◼ Balebedi ba tirelo ba diphutego tsa bone di tla nnang le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang ka 2011 ba kopiwa gore ba tlhomamise gore dithulaganyo tsotlhe di dirilwe sentle malebana le letsholo leno.