Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya paka ya Segopotso sa 2011 e tla bo e na le setlhogo se se reng, “Melaometheo ya Baebele—A e Ka re Thusa go Lebana le Mathata a Gompieno?”
◼ Ga go na dipokano dipe kwantle fela ga tsa tirelo ya tshimo tse di tshwanetseng go tshwarwa ka Sontaga, April 17 ka letsatsi la Segopotso. Diphuthego tse di tlwaetseng go nna le pokano ya phuthego ka letsatsi leo di ka tshwara pokano eo ka letsatsi le lengwe mo bekeng. Mo maemong a diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi mme di sa kgone go rulaganyetsa gore pokano e tshwarwe ka letsatsi le lengwe, pokano e ka nna ya tlogelwa go tshwarwa. Mo maemong a a ntseng jalo, malapa a kgothalediwa go sekaseka dintlha tsa Thuto ya Tora ya Tebelo ka nako ya bone ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa.
◼ Bagolwane ba tshwanetse go dira dithulaganyo tsa bofelo tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang ka dikgwedi tsa March, April le May, 2011. Tsweetswee tlhomamisang gore phuthego e na le dikgatiso tse di lekaneng le gore ba itse sentle gore ke matlha afe a a tlhophilweng, tshimo e kwa kae le gore go dirilwe dithulaganyo dife tsa marobalo le tsa loeto. Diphuthego tse di sa yeng tshimong e e sa abiwang di tshwanetse go bereka tshimo e di e berekang ka sewelo.