LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/12 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 1/12 ts. 4

Dikitsiso

◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng teng mo setokong sa phuthego.

◼ Go simolola ka February, puo e ntšha ya balebedi ba potologo e tla nna le setlhogo se se reng “A Tshepo ya Gago E mo Go Jehofa?”

◼ Go simolola ka makasine wa February 1, 2012, makasine wa Tora ya Tebelo wa batho botlhe o tla akaretsa motseletsele wa ditlhogo o o nang le setlhogo se se reng “Se ke se Ithutang mo Baebeleng.” E re ka o diretswe gore batsadi ba o dirisetse bana ba dingwaga di le tharo le kwa tlase, motseletsele ono o tla nna o refosana le motseletsele wa ditlhogo wa “Ruta Bana ba Gago” le wa “Tsa Basha.”

◼ Letsholo la tshimo e e sa abiwang la 2011 le nnile le katlego e kgolo. Mo tshimong ya lekala la rona, baboledi ba le 10 340 mo diphuthegong di le 320 ba ile ba tshegetsa thulaganyo eno. Ba ile ba tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang dibuka di le 14 867, diboroutšhara di le 50 222 le dimakasine di le 104 664, mo go neng ga felela ka maeto a go boela a le 9 266 le dithuto tsa Baebele di le 1 509 tse di ileng tsa tshwarwa. Gone jaanong re lebeletse pele ka tlhoafalo e kgolo letsholo la tshimo e e sa abiwang la 2012.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela