Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka April Afrika Borwa e ne ya bega tlhora ya bobedi ka go latelana ya dithuto tsa Baebele di le 139 636! Mo tshimong ya lekala la rona baboledi ba le 10 520 ba ne ba ikwadisa go nna babulatsela ba ba thusang ka April, mo go dirang palogotlhe ya babulatsela ba ba thusang ka March le April go nna 33 184. Dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa pego di bontsha gore go nnile le koketsego fa go bapisiwa le April 2012. Go a itumedisa go bona gore bontsi bo ne bo tshwaregile mo bodireding mo dikgweding tseno tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo mme re lebile pele ka tlhoafalo go bona diphelelo tse dintle tsa tiro ya rona ya bonatla. Eleruri eno ke pego e e molemo. Re a lo akgola bakaulengwe le bokgaitsadi!—Dia. 25:25.