Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka Tlhakole 24, 2014.
Satane o ne a dira gore Efa a akanye ka eng, mme Efa o ne a bontsha eng ka go ja mo setlhareng se se ileditsweng? (Gen. 3:6) [Fer. 6, w11 5/15 ts. 16-17 ser. 5]
Abele a ka tswa a ile a dira jang gore a nne le tumelo e e nonofileng, mme seo se ile sa felela ka eng? (Gen. 4:4, 5; Baheb. 11:4) [Fer. 6, w13 1/1 ts. 12 ser. 3; ts. 14 ser. 4-5]
Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang gore ba se ka ba rata banna “ba ba thata” le “banna ba ba tumileng” ba lefatshe? (Gen. 6:4) [Fer. 13, w13 4/1 ts. 13 ser. 2]
Re ka ithuta eng mo pegong ya ga Lote le mosadi wa gagwe e e kwadilweng mo go Genesise 19:14-17 le 26? [Fer. 27, w03 1/1 ts. 16-17 ser. 20]
Aborahame o ne a bontsha jang gore o dumela mo tsogong le mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya gore lotsalo lo ne lo tla tswa mo go Isake? (Gen. 22:1-18) [Tlh. 3, w09 2/1 ts. 18 ser. 4]
Ke dintlha dife tse di boammaaruri tsa botlhokwa tse re ka di ithutang mo boporofeting jo bo kwadilweng mo go Genesise 25:23 e e reng, “yo mogolwane o tla direla yo mmotlana”? [Tlh. 10, w03 10/15 ts. 29 ser. 1]
Toro ya ga Jakobe e mo go yone a neng a lora ka se dithanolo dingwe di reng ke lere e ne e kayang? (Gen. 28:12, 13) [Tlh. 10, w04 1/15 ts. 28 ser. 6]
Ke ka ntlha yang fa Labane a ne a tlhoafaletse go bona terafime e e neng e utswilwe? (Gen. 31:30-35) [Tlh. 17, it-2 ts. 186 ser. 2]
Re ithuta eng mo tseleng e moengele a ileng a araba Jakobe ka yone mo go Genesise 32:29? [Tlh. 24, w13 8/1 ts. 10]
Nngwe ya ditsela tse di ka re thusang go tila ditlamorago tse di diragaletseng Dina ke efe? (Gen. 34:1, 2) [Tlh. 24, w01 8/1 ts. 20-21]