MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 9-11
Baobamedi ba ba Ikanyegang ba Ema Dithulaganyo Tsa Phuthego ya Modimo Nokeng
Batho ba Modimo ba ne ba ikemiseditse go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng ka ditsela tse dintsi
Setšhaba se ne sa ipaakanyetsa Moletlo wa Diobo sa bo sa o keteka ka tsela e e amogelesegang
Letsatsi le letsatsi batho ba ne ba phuthega mmogo go tla go reetsa fa ba balelwa Molao wa Modimo, mme seo se ne sa ba ipedisa
Batho ba ne ba ipolela maleo, ba rapela, ba kopa Jehofa gore a ba segofatse
Batho ba ne ba dumela go tswelela ba ema dithulaganyo tsa kobamelo ya boammaaruri nokeng
Go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng go ne go akaretsa:
Go nyalana fela le batho ba ba obamelang Jehofa
Go ntsha meneelo
Go boloka Sabata
Go ntsha dikgong tsa sebeso
Go ntshetsa Jehofa maungo a mabutswapele le maitibolo a matsomane a bone