Maikutlo a Bibela
A Tota Diabolo O Gone?
FA O ne o sale ngwana, a o ne o boifa lefifi? Gongwe o ne o akanya gore go na le selo sengwe se se boitshegang seo se bataletseng ka kwantle ga fensetere ya gago, se letetse gore se go phamole mo batsading ba gago. Mme jaanong jaaka motho yo o godileng, yo o kgonang go lemoga tshedimosetso e e leng ya boammaaruri ebile o kgona go akanya ka tsela e e nang le tlhaloganyo, dilo tseo o neng o di tshaba fa o sale ngwana di bonala di sena tlhaloganyo. “Ka jalo,” go bolela jalo batshwaya-diphoso bangwe, “ke eng o sa dire botswelelopele go ya pele mme o akanye ka Diabolo ka tsela e e tshwanang le eo—o akanye ka ene e se wa boammaaruri fela jaaka go ntse ka setshedi se se boitshegang seo ngwana a akanyang ka sone e se sa boammaaruri?”
A Diabolo ga se wa boammaaruri? Seo ke sona seo tota pampitshana nngwe ya bodumedi e se go tlhomamisetsang: “Bibela ga e itse sepe sa go tshwana le setshedi se se boitshegang se se ntseng jalo se se bosula” mme, “Mo mareong a a ntseng jaaka Diabolo le Satane re bona . . . molao-motheo wa boleo le wa boikepo oo o tlwaelegileng mo tseleng eo batho ba tlhodilweng ka yone.” Kana jaaka fa morutisi mongwe wa sekolo sa Sontaga kwa United States a bontsha: “Batho ke bone fela bao eleng bodiabolo.” A seno sotlhe se bonala se le motlhofo thata—gongwe se le motlhofo ka mo go feteletseng?
Go Tlhalosa Boitshwaro Jwa Batho
Fa e le gore rona batho ke rona fela bodiabolo, ke eng he fa mo e ka nnang rotlhe re bontsha go amega ka pholo ya malapa a rona? Ka sekai, jaaka motho ka bongwe bontsi jwa batho ba tlamela malapa a bone ka dijo; ga ba ipolaye ka go ja tšhefu ka boomo, mme ba tila dikotsi tseo di leng diphatsa mo botshelong. Ga go na sepe seo se bontshang bodiabolo mo go seo! Lefa go le jalo, bone batho bano fa ba kopane jaaka merafe, go na le sengwe seo se sirang pono ya bone malebana le pholo ya bone ka kakaretso. Jaaka merafe, ba lesa dijo di bola go na le gore ba fepe baagi ba bone ba ba bolawang ke tlala. Ba kgotlela tikologo ya lefatshe. Ba itlhomelela ka dibetsa gore ba bolaane—ntwa ya nuklea. Boitshwaro jo bo sa tlwaelegang jwa boipolao ruri!
Ke eng se se tlhotlheletsang batho gore ba dire dilo ka tsela e e senang tlhaloganyo jaana? A ke go ya le mouduudu? A ke baeteledipele ba sekae fela bao ba sa akanyeng ka tsela e e nang le tlhaloganyo? Ruri go na le go le gontsi go go kopanyelediwang mo go seno. Bibela ke yone fela eo e tlhalosang mongwe yo o “houhaditseñ megopōlo” ya “lehatshe” lotlhe leo le sa dumeleng. Ke mang? ‘Ena yo o bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe jotlhe.’ O laola batho ba ba rulagantsweng a ba laola ka tsela e e atlegang jaana mo eleng gore Bibela e mmitsa “modimo” wa tsamaiso ya lefatshe leno.—2 Bakorintha 4:4; Tshenolō 12:9.
“Modimo” ono ga se setshosa sengwe seo se iphitlhileng ka kwa ntle ga fensetere ya gago. Mme ke motsietsi yo o nonofileng wa dipolotiki, eleng sebopiwa seo se sa bonaleng sa moya, yoo, fa a ne a leka boikanyegi jwa ga Jesu kwantle ga go atlega, a neng a solofetsa Jesu magosi otlhe a lefatshe. (Luke 4:6, 7) Ka mo go bonalang ka gone, Satane o ne a ile a naya ba bangwe nonofo eno pele ga a ka solofetsa Jesu go e mo naya, ka gonne buka ya Bibela ya Daniele e bontsha gore jaaka bathusi, baengele ba batsuolodi ba ne ba ile ba amogela bolaodi mo godimo ga mebuso e megolo ya lefatshe—ba na le direto tse di ntseng jaaka “kgōsana ea Peresia,” le “kgōsana ea Gerika.”—Daniele 10:20, 21.
Ka jalo, Satane o bopile phuthego nngwe e kgolo thata—eo mo go yone a leng “kgōsana ea lehatshe [le le bonalang]” gammogo le “kgōsana ea badimo [ba ba sa bonaleng].” (Yohane 14:30; 16:11; Mathaio 12:24) Tshedimosetso eno, ya gore Diabolo o laola phuthego nngwe ya lefatshe ka bophara, e tlhalosa go le gontsi.
Lebaka la Go Bo A Laola Phuthego Nngwe
Fela jaaka fa mookamedi wa bokebekwa jo bo rulagantsweng a ne a ka okamela ditiro tse dintsi tse di seng kafa molaong—tsa diokobatsi, boaka, bogodu, go betšha, go sutlhisa dilo, le tse dingwe—kwantle ga gore a itlhagise ka sebele mo go botlhe bao ba leng kafa tlase ga gagwe, Satane ka mo go tshwanang o dirisa phuthego nngwe gore a laole batho ba bantsi go feta kgakala bao ene ka boene a ka bong a ba laola a le mongwe. Ke mokgwa ofe o a o dirisang? Mo godimo ga go tsenya batho kgoro tsotlhe, ena le badimona ba gagwe ba berekana le matshutitshuti a batho jaaka ekete e ne e le motlhape wa dikgomo. Ga go tlhokafale gore o thibe nngwe le nngwe ya tsone e le yosi ka namana. O thiba fela di sekae tse di kwa pele mo motlhapeng, mme tse dingwe tsotlhe di tla di latela. Morago ga moo o tlhoma mogopolo mo go tseo di timelang.
Ee, Diabolo o teng ka mo go lekaneng, mme popego ya gagwe ya boammaaruri ga e tshwane ka gope le ditshwantsho tseo re di bonang mo ditshwantshong tsa metlae kana mo dithutong tse di sa utlwaleng tsa dikgopolo tsa thuto-bomodimo. Tseo di sa utlwaleng? Ee, jaaka fa Buka ya Satan, A Portrait e akgetse jaana: “Go dumela mo go Satane e ile ya nna go go sa phepafalang mo go kalo” mo lekgolong la bo-19 la dingwaga, mme baruti ba “lekile go tlhalosa Satane jaaka sengwe seo se farologaneng le sebopiwa sengwe sa moya.”
Ke Mang Yo O Bolelang Boammaaruri Kaga Diabolo?
Go itlhaganela ga ditumelo tsa segompieno go belaela seo Bibela e se bolelang kaga Diabolo ke gone go dirang gore go nne le mokgatlho wa batho bao ba ratang dilo tse di bonalang ba ba fetogileng bao ba belaelang le Modimo ka boone. Ruth Ansher mo bukeng ya gagwe ya The Reality of the Devil, o bolela gore, “Gompieno Diabolo o nyeletse mme . . . Modimo ka boone o kgakala le melelwane ya lefatshe.”
Ka go tsosa dipelaelo mo maikutlong ano a Bibela, “bomankge” ba bodumedi jwa segompieno ba ile ba tlhokomologa lebaka le le lengwe leo le dirang gore ditiragalo di tlhaloganyesege. Jaaka fa mokwadi wa terama wa Moromania eleng Eugène Ionesco a ile a dumalana jaana mo lekwalongdikgang la Jeremane: “Ditiragalo di ka bo di sa tlhaloganngwe ka gope fa re ne re ka tshwanelwa ke go tlhokomologa seabe sa badimona.”—Welt am Sonntag, September 2, 1979.
A go na le ope fela yo o pelokgale go ka tshegetsa boammaaruri kaga seabe seo Diabolo a nang le sone mo bothateng jwa lefatshe gompieno? Ee, ka phepafalo! Akanya ka “Maitlamo a a Dirwang Kgatlhanong le Satane mme A Direlwa Jehofa” ao a ileng a amogelwa ka pelo e le nngwe fela kwa kopanong nngwe ya ka 1928. A ne a tlama Basupi ba ga Jehofa gore ba itsise, jaaka ekete ba itsise mokgosi wa ntwa kgatlhanong le mmaba wa motho, eleng Satane, gore ntwa e kgolo e e tlang ya Hara–Magedona e tla tloga e emisa Satane le phuthego ya gagwe e e bosula.
Eleruri, ditiragalo di neela bosupi jwa gore Diabolo ke mmaba wa boammaaruri mo go mongwe le mongwe wa rona. Mme, ka mo go phepafetseng, Jehofa Modimo ga a re latlha. Ke eng fa o sa ithute mo go oketsegileng? Go itse mmaba yono wa rona go a duela, “gore Satane a se bone phenyo epè mo go rona: gonne ga re mo lehihiñ kaga maanō a gagwè.”—2 Bakorintha 2:11.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 13]
“Gompieno Diabolo o nyeletse, mme . . . Modimo ka boone o kgakala le melelwane ya lefatshe.”
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Diabolo wa boammaaruri ga a tshwane ka gope le ditshwantsho tsa bodumedi kana le dikgopolo tse di sa utlwaleng tsa baruti
[Motswedi wa Setshwantsho]
Gustave Doré