Go Fetolwa ga Ditekanyetso tsa Boitsholo Fa Hisitori E Ntse E Feta go Tsena E Nngwe
“THULAGANYO ya melao eo motho a e latelang (kana e a tshwanetseng go e latela) mo botshelong jwa gagwe ka namana le mo botshelong jwa gagwe fa a na le ba bangwe.” Eno ke tsela eo Encyclopædia Universalis ya Fora e tlhalosang lefoko “maitsholo” ka gone.
Tlhaloso eno eleruri e a dira mo go mongwe le mongwe. E akaretsa modumedi yo o latelang melaometheo ya bodumedi jwa gagwe le motho yo go senang tsamaiso epe ya boitsholo kana ya bodumedi eo a e ngaparelang mme lefa go ntse jalo a na le melaometheo e e rileng eo a e latelang mo botshelong jwa gagwe. Tota le eleng le motho wa seganana, yo o dumelang gore “ga a na Modimo lefa e le mong,” o na le ditekanyetso tsa gagwe tsa boitsholo tseo a itlhophetseng tsone, le eleng fa e le tshwanelo ya go itirela ditshwetso tse eleng tsa gagwe fela.
Mme lefa go ntse jalo ditekanyetso tseno tsa boitsholo di theilwe mo go eng? Go tlhopha maitsholo go go ntseng jalo go theilwe mo godimo ga eng? A di a fetoga fa nako e ntse e tsamaya?
Ditekanyetso Tse Di Farologaneng tsa boitsholo tsa mo Nakong E E Fetileng
“Spartan” ke lefoko leo le dirisiwang mo dipuong di le dintsi go tlhalosa go sa ritibala. Lefoko leno le lebisa go maemo a makgwakgwa ao baagi ba basha ba ba neng ba tswa kwa motseng wa bogologolo wa Gerika wa Sparta ba neng ba rutelwa tlase ga one. Ereka ba ne ba kgaogantswe le batsadi ba bone e santse e le bana, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ithute go nna le kutlo e e feletseng. Boikaelelo jwa thuto eno e ne e le go ba dira gore e nne masole ao sekao sa one se tshwanetseng go latelwa.
Batho ba bangwe ba ne ba latela ditekanyetso tse di farologaneng tsa boitsholo. Ka sekai, Iseraele wa bogologolo e ne e na le melao eo Modimo o neng o e neetse Moshe. Melao eo e ne e akaretsa dithibelo tse di malebana le dijo, mmele, boitsholo, le bomoya. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go obamela Jehofa Modimo mme ba obamele ene fela a le esi.
Malebana le boitshwaro jwa kafa dikobong, Molao wa ga Moshe o ne o kgala kgokafalo, boaka, bosodoma, le go robalana le diphologolo o di kgala mo go maswe. Boikaelelo jwa seno e ne e le go dira gore Baiseraele ba seka ba tshwana le baagelani ba bone, eseng fela ka bodumedi mme le ka maitsholo. Seno e ne e le ka go bo batho ba le bantsi bao ba neng ba dikologile Baiseraele ba ne ba na le kobamelo e e bodileng, e e senyang ya boitshwaro jwa kafa dikobong, go akaretsa le ditempele tsa banna le basadi tsa go direla boaka. Bangwe ba ne ba ntsha le go ntsha bana ba bone ditlhabelo ba di ntshetsa medimo ya bone ya maaka.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., molao o o neng o ntshitswe ke lekgotla la baaposetoloi ba Bakeresete le bagolwane ba kwa Jerusalema o ne o laela Bakeresete gore ba latele one molao o o tshwanang o o malebana le boitshwaro jwa kafa dikobong o o tshwanang le o o neng o latelwa ke Bajuda, o o neng o ba bolelela gore ba ‘ithibe mo boakeng.’ Go ya ka Dictionnaire de la Bible ya ga Vigouroux, taelo eno e ne e le e e botlhokwa thata, ereka boaka e ne e le selo se se tlwaelegileng mo baheiteneng ba nako eo.—Ditihō 15:29.
Go fetofetoga ga ditekanyetso tsa boitsholo go ne ga nna go ntse go tswelela go ralala hisitori, dinako tsa go repisa molao di tla di ntse di refosanngwa le tsa go gagamatsa melao ya boitshwaro. Bosodoma, joo bo neng bo kgalwa thata mo Dingwageng tsa Bogareng, bo ne bo batla bo letleletswe ka nako ya Diphetogo Tse Dikgolo tsa kwa Yuropa. Kwa Switzerland, ka nako eo Calvin a neng a aga ka yone kwa Geneva ka nako ya Diphetogo, o ne a simolola motlha wa go gagamatsa melao ya maitsholo a sa ineele. Kafa letlhakoreng le lengwe, dingwaga di ka nna 200 moragonyana ga moo, Menolopuso ya kwa Fora e ne ya tlhoma semolao ditekanyetso tse dingwe tsa boitsholo tseo pele di neng di ganwa. E ne ya ema “kgololesego ya maitsholo” e ntšha nokeng mme ya dira gore go nne bonolo go ka dira tlhalo.
Ditekanyetso tsa Gompieno Tse Di Sa Tshwaneng tsa Boitsholo
Gompieno, tota le eleng mo setšhabeng se le sengwe, batho ba na le ditekanyetso tse di farologaneng tsa boitsholo. Go na le bao ba buelelang melao e e gagametseng ya boitsholo, fa ba bangwe bone ba buelela “kgololesego” ya boitsholo.
Melao ya maitsholo e ile ya fetoga ka bofefo. “Mo bathong ba le bantsi ba Fora, boaka bo na le bokao jo bo tlhomameng. Ga bo a siama mme bo kgatlhanong le melao ya maitsholo a mantle,” buka ya Fora eleng Francoscopie e bolela jalo. Lefa go le jalo, one motswedi oo o bolela gore mo go ba bangwe ba le bantsi “go sa ikanyegeng mo lenyalong ga go tlhole go lejwa jaaka selo seo motho a tshabelang mo go sone mme go na le moo go lejwa jaaka tshwanelo, tshwanelo eo e sa tshwanelang go dira gore lorato lo banyalani ba ratanang ka lone lo belaelwe, mme, go na le moo, e tshwanetse ya lo godisa le go le nonotsha.”
Go senya mpa ke karolo e nngwe e ditekanyetso tsa boitsholo di ileng tsa fetoga ka bofefo mo go yone. Lemororo go senya mpa e santse e le tlolomolao mo dinageng dingwe, go a letlelelwa—ebile go batliwa ka kgang—mo go tse dingwe. Go a kgatlhisa go lemoga gore Mokgatlho wa tsa Kalafi wa Fora o ne o tsaya go senya mpa jaaka tlolomolao go tla go fitlhelela go letlelelwa semolao ka 1974. Gompieno, batho ba le bantsi ba Fora ba go tsaya jaaka selo se se amogelesegang mo boitsholong.
Lefa go le jalo, melao e e ntseng jalo ya maitsholo e theilwe mo go eng? A ditekanyetso tsa rona tsa boitsholo di tshwanetse tsa ikaega ka maemo le go fetoga go ya ka one?
Motho O Itlhometse Ditekanyetso tse Eleng tsa Gagwe Fela tsa Boitsholo
Go ralala makgolokgolo a dingwaga, batlhalefi ba ile ba tlhagisa dikgopolo di le dintsi go leka go araba dipotso tseno. Bangwe ba ile ba buelela gore go nne le ‘molao wa boitsholo o o amang mongwe le mongwe’ mme ga ba dumalane malebana le gore ke tlhaloso ya ga mang e e malebana le boitsholo eo e tshwanetseng ya nna tekanyetso e e amogelwang ke botlhe.
Ba bangwe ba ile ba akanya gore go amega ka mong ka wena go tshwanetse ya nna gone go kaelang motho kafa o tshwanetseng a itshwara ka gone. Mme seo motho yo mongwe a se tsayang jaaka go akanyetsa ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng se ka nna sa seka sa lejwa ke yo mongwe o sele ka tsela eo. Ka sekai, mo makgolong a le mantsi a dingwaga ba le bantsi bao ba neng ba na le makgoba ba ne ba akanya gore ke go akanyetsa ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng fa ba tlamela makgoba a bone ka dijo le go ba naya marobalo, mme lefa go ntse jalo makgoba ao one a ne a akanya gore go akanyetsa ba bangwe ka tshwanelo go tshwanetse ga felela ka gore ba gololwe mo bokgobeng.
Ga go na pelaelo malebana le ntlha ya gore dipono tse di ntsi tse di farologaneng tseo gantsi di ikganetsang tseo batlhalefi ba ileng ba nna le tsone malebana le ditekanyetso tsa maitsholo di ile tsa tlhakanya batho ba le bantsi tlhogo. Dikgopolo tsa bone ga di a tlhagisa tekanyetso epe ya boitsholo e e ka kaelang botlhe, ebile botlhajana jwa bone ga bo a ka jwa dira gore lelapa la setho le nne le kagiso le gore le nne seoposengwe. Fa e le gore go na le sengwe seo dikgopolo tseno tsa bone tse di ntsintsi ebile e le tse di ikganetsang di se dirileng, ke go dira gore palo e e oketsegang ya batho e swetse ka gore ditekanyetso tseo motho a di itirelang ka namana malebana le boitsholo di molemo go tshwana fela le tsone tsa “bomankge.”
Ke ka lebaka leo ba le bantsi gompieno ba ileng ba amogela kgopolo ya motlhalefi wa Mofora ebong Jean-Paul Sartre, yo o neng a akanya gore motho o tshwanetse ya nna ene a ikatlholelang ka namana mo dikgannyeng tsa maitsholo. Mokgwa ono wa go akanya o ile wa bo wa tsewa tota le ke batho ba le bantsi ba ba tsenang kereke. Ka sekai, baeteledipele ba Katoliki ba tshwenyegile ka gonne Bakatoliki ba le bantsi ga ba tlhole ba latela dithuto tsa kereke mo dikgannyeng tse di leng malebana le go tlhakanela dikobo ebile ba dirisa dithibelapelegi tseo kereke eo e di iletsang.
Thuto eo hisitori e re rutang yone ke gore batho ba ile ba tlhoma melao e e farologaneng ya boitsholo, mme lefa go ntse jalo fa nako e ntse e tsamaya melao e e ntseng jalo go ile ga tsoga dipelaelo malebana le yone, ya fetolwa, kana ya lebalwa. Lefa go le jalo, melaometheo ya Bibela eo e neng ya umakiwa pelenyana mo setlhogong seno ga e a ikaega ka dikgopolo tsa batlhalefi kana ka ditšhaba tse di ntseng di fetoga. Melaometheo e e ntseng jalo ya Bibela e botlhokwa go le kana kang gompieno? A go a kgonega gore re ka e latela?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]
“GO SA IKANYEGENG MO LENYALONG GA GO TLHOLE GO LEJWA JAAKA SELO SEO MOTHO A TSHABELANG MO GO SONE MME GO NA LE MOO GO LEJWA JAAKA TSHWANELO”