Lefatshe Le Le Sa Laolesegeng
Ditiro tsa motho tse di bakwang ke go fela pelo ga gagwe tsa go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako di feletse ka gore a seka a kgona go laola dilo. Akanya fela ka dikai di sekaenyana:
Tikologo ya ditshedi: Motho o senya tikologo eno. Diphelelo tsa gone di ka tlhagisa tshenyo morago ga lobaka lo loleele; lefa go le jalo, mo lobakeng lo lokhutshwane, go thopa lefatshe mahumo a lone le go dira go sekae go fokotsa kgotlelo go raya madi mo go tsa intaseteri mmogo le mo pusong. Ka jalo tshenyo eo e a tswelela, go sa kgathalasege go ngongorega ga babueledi ba tikologo.
Itsholelo: Merafe go dikologa lefatshe e adima madi a le mantsi, e dira dikoloto tse dikgolo e le ka baka la ditlhokafalo tsa itsholelo tsa nako e e rileng. Ka go sa tlhokomele ga ba tseye tsia ditlhagiso tse di gagametseng tsa baitseanape ba tsa itsholelo—tsa gore morokotso wa dikadimo tseo tsotlhe tsa madi o ka gola go fitlhela e nna morwalo o o ka sekang wa twe sepe moragonyana kana gore itsholelo ya lefatshe e e theilweng mo motheong wa sekoloto sa lefatshe lotlhe e reketla ka mo go tshosang mme e ka wela kwa tlase fa mafatshe a a humanegileng a ka palelwa ke go duelela madi ao a a adimileng.
Boitsholo: Badirisi ba diokobatsi le dino tsa tagi kafa go sa tshwanelang, ba ba betšhang, dikebekwa tsa mefuta yotlhe, baakahadi, bagokahadi—ke mang yo o neng a ka ganetsa gore ditlhopha tsa bone di a gola mo lefatsheng lotlhe gompieno? Ke ditlhopha tse di farologaneng tsa batho ba ba nang le mokgwa o o tshwanang: Ba se batla GONE JAANONG JAANA! E ka tswa “se” e le tlhakanelodikobo, madi, maatla, kana “go tagwa” fela, batho ba le bantsi ba iketleeleditse go tlhokomologa lenyalo, lelapa, segakolodi, pabalesego ya madi, botsogo, leina le lentle, le eleng jone botshelo tota, ka baka la menate e e fetang eo.
E tla bo e se go feteletsa dilo go bolela gore lefatshe la gompieno ga le laolesege, le laolwa ke mo e batlileng e nna bogagapa jo eketeng jwa bongwana. Ba bangwe ba lwa ka bopeloephepa kgatlhanong le go tlhoka tebelopele moo go anameng thata jaana mo lefatsheng. Mme se se nonofileng go feta, le se se tletsetletseng, ke maatla ao a koafatsang go lebelapele le go itshwara mo rotlhe re nang le gone.
Ditlhotlheletso Tse Di Koafatsang
Motho wa bosheng, bogolo thata mo merafeng e e tlhabologileng, o kgobelelwa megopolo e mentsintsi ke boradikgang. Go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako go etleediwa ka botlhale, e ka tswa e le ka thelebishene, seromamowa, dibaesekopo, dimakasine, kana dipampiri tsa dikgang.
Dipapatso tsa boradikgang di ikuela go wena gore reka, reka, reka—le go kopa karata e e go letlelelang go kolota e le gore o kgone go reka jaanong, jaanong, jaanong jaana. Bontsi jwa dilo tse di rekisiwang o ka di reka ka go itaya mogala fela. Dipapatso tseno di lebega di akantsha jaana ekete di go wetsa dibete, ‘O tla tshwenyega ka go duela moragonyana!’ Di rulagantswe ka botswerere jo bo batlileng bo sa tlwaelesege go tsietsa megopolo ya batho. Phetla tsebe mo makasineng mongwe fela, mme o tla bo o apesiwa ke monko wa senkgisamonate. Bulela seromamowa fela mme modumo mongwe o tla bo o lela gantsintsi mo tlhogong ya gago ka malatsi a le mantsi. Bulela thelebishene fela, mme ditshwantsho tsa yone tse di benyang di tla bo di go tshwarelela gore o seka wa e tima. Mo mminong wa mofuta wa video, ditshwantsho tsa one di tsamaela ka bonako fela thata mo motho a sa kakeng a tlhoka go di lebelela lefa e ka tswa e le ka nako e khutshwane fela.
Thelebishene e dira mo gontsi go feta go bapatsa fela go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako. E a go anamisa. Go tshwara konopo ya yone fela go kgotsofatsa keletso e kgolo ya go itlosa bodutu. Gantsi e tlosa bodutu ka go bontsha batho ba ba kgotsofatsang dikeletso tsa bone tse dikgolo. Monna wa seganka o a lwa fa a bona gore baba ba gagwe ‘ba tshwanelwa ke gone.’ Ngwana yo o goletseng ganong o ka isa batsadi ba gagwe kwa tlase ka metlae e e tlhabisang ditlhong. Motho wa lorato lwa go ikgotsofatsa fela o ineela motlhofo fela mo boakeng kana tlhakanelodikobo pele ga lenyalo. Ga se gantsi thelebishene e ka nyatsang batho bano ka baka la go tlhoka go itshwara ga bone; e dira gore e nne bao ba kgatlhang mo matlhong a bone, e ba bontsha ba galalela thata ba lebega ba sena phoso epe kana ba na le babogedi ba ba amogelang seo ka setshego gore se lebege e le sa mmatota.
Ka mo go tshwanang, setlhogo sengwe sa bosheng jaana mo The Atlantic Monthly se ne sa bolela gore baesekopo ya segompieno ya Hollywood ke “sebogelwa se se rulagantsweng ka botswerere go ikgotsofatsa motsotso o mongwe le o mongwe,” se dirisa “filime nngwe le nngwe ya sone ka go latelelana ga tsone e goang kgapetsakgapetsa e re, ‘O ka kgona go nna le mono gotlhe!’” Go lebega go sena sepe se se ka kgotsofatsang bareetsi ba segompieno go gaisa bokebekwa. Setlhogo seo se bontsha gore dibaesekopo mo nakong e e fetileng “di ne di thibela keletso ya mmogedi go tsenelela mo bothubaking,” fa “phapaanong le seo, bothubaki jo bo bontshiwang mo dibaesekopong gompieno bo dirisiwa thatathata go laleletsa mmogedi go ipelela boikutlo joo jwa go bolaya, go itaya, go golafatsa.” Ebile tota, boganka le bothubaki di dintsi go feta dipolelo le dipuisano mo dibaesekopong mo metshameko ya gompieno e kwadilweng ka bokhutshwane ka 25 lekgolong go feta ya bo 1940, lefa gone dibaesekopo tseno ka botsone di le boleele jo bo lekaneng.
Ditumelo tsa lefatshe di mo boemong jo bo siameng go ka ntsha batho mo ‘go tlhakaneng tlhogo mono ga nako eno’ mo go senang kaelo. Lefa go le jalo baeteledipele botlhe ba bodumedi ba le bantsi go lebega ba tseneletse thata mo go batleng go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako. Ke ga kae re bala malebana le kafa ba batlang ka gone go busa le go tsenelela mo dipolotiking, kana ba ithatisa matsomane a bone a a sa laolesegeng ka go fetola ditekanyetso tsa boitsholo, kana le eleng go dirisa Bibela jaaka lesire la tshiamo ntswa ka boitimokanyi ba dira se se ratwang ke bone? Go na le gore ba senole go ikgotsofatsa gono go ya kafa seo gantsi eleng sone—tsela e nngwe ya go hepisiwa ke boleo—ba ile ba ikopanya le ‘baeteledipele ba bangwe ba tsa boitsholo’ mo go mpampetseng kgopolo ya boleo, ba e ntlafatsa ka go e bitsa ka leina le le bonolo le le sa kgopiseng gore ke ‘mathata a ba tsetsweng ka one’ le ‘mefuta ya botshelo e e fapaaneng.’—Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 20.
Sedirisiwa sa go Thibela Tshekamelo Eno
Fa seemo sa lefatshe se le ka mofuta oo, re ka kgona go lwantshana le seno jang? Re ka kgona jang go dira diphetso kwantle ga gore re faposiwe mo gogolo ke kgogedi ya go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako? Karabo eno e ka nna ya go gakgamatsa: Bibela e ka thusa. Go fapaana le se batho ba le bantsi ba ka se dumelang, sa gore Bibela ga e kgatlhanong le go ja monate. Ga e rotloetse gore motho a itime menate kana a ithontshe dilo. Go na le moo, Bibela e re ruta kafa re ka tshelang matshelo a a itumetseng ka gone, re ijesa monate ka tsela e e tshwanang.
Bibela e tlhalosa Mmopi jaaka ‘Modimo yo o itumetseng,’ yo o ‘ipelang mo ditirong tsa gagwe.’ (1 Timotheo 1:11; Pesalema 104:31) Moreri 3:1 e bolela jaana ka batho: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaelelo boñwe le boñwe tlhase ga legodimo bo na le motlha oa yōna.” Go ya ka ditemana tse di latelang, seo se akaretsa motlha wa go tshega, motlha wa go bina, motlha wa go tlamparela, le motlha wa go rata. Le eleng Diane 5:18, 19 e tlotlomatsa bontle jwa go ipelela tlhakanelodikobo fa gare ga monna le mosadi wa gagwe fa e bolelela banna ba ba nyetseng ka gore: “Itumèlè mo mosadiñ oa bokau yoa gago.” Jalo, ka phepafalo, ga se gore go ikgotsofatsa gotlhe go phoso, kana gore mefuta yotlhe ya go ikgotsofatsa e tshwanetse go beelwa kwa thoko gore e lolamisiwe. Lefa go ntse jalo, gantsi selo se segolo se se tlhaelang ke boikgapo.—Bagalatia 5:22, 23.
Re tshwanetse go baya dikgatlhego tsa rona mo ponong e e tlhamaletseng. Re tlhoka gore dilo tsa botlhokwa di nne ka tsela e e tshwanetseng. Go itumedisa Modimo go tshwanetse ga tla pele ga dikgatlhego tsa rona; go tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona. Morago ga moo go latela lorato lo lo nang le motheo lwa bangwe ka rona. (Mathaio 6:33; 22:36-40) Fa eleruri re rata Modimo le baagelani, he ka boipelo re tla baya go ikgotsofatsa ga rona kwa morago ga dilo tse pedi tseno tsa botlhokwa.
Dilo tsa botlhokwa go ya ka Bibela le tsone di tla re thusa go ganana gotlhelele le go ikgotsofatsa fa go tlhokafala gore re dire jalo. Re ka se letlelele botagwa, boaka, kgokafalo, go betšha, bogagapa, go dirisa diokobatsi ka mo go sa tshwanelang, le bokebekwa. Maleo ano otlhe a naya kgotsofalo kwantle ga go dia nako ka tsela ya one, mme a kgopisa Modimo ebile a gobatsa bangwe ka rona. Melao ya Modimo kgatlhanong le maleo ano ke tshupo e e feletseng ya lorato lwa gagwe go rona, ka gonne kwa bofelong, boleo bo gamola moleofi mo gogolo fela thata. Tlhotlhwa eo e ka nna bolwetse, legae le le thubegileng, kana go humanega. Phelelo ya teng e ka nna loso kana masetlapelo a a tshwanang le botshelo jo bo lolea fela le jo bo sa kgotsofatseng.
Go Latela Dikao Tse Di Molemo
Modimo o batla re tshela matshelo a a itumetseng, a a nang le matswela; Lefoko la gagwe le tletse ka dikai tsa banna le basadi bao ba ileng ba dira jalo. Mo mabakeng a le mantsi tumelo ya bone le lorato lwa Modimo di ne tsa ba susumetsa go diegisa go ikgotsofatsa ga bone. (Bona Bahebera, kgaolo 11.) Moshe ke sekai se se tlhomologileng mo ntlheng eno. Ereka a ne a godisiwa jaaka morwa wa ga morwadia Farwe kwa Egepeto wa bogologolo, botshelo jwa go ikgotsofatsa bo ne bo mmulegetse. Maatla, tlhotlheletso, khumo, mme kwantle ga pelaelo le ditshono tse dintsi tsa tlhakanelodikobo di ne di ka nna tsa gagwe fa a ne a kile a nna kwa lapeng la ga Farwe. Go na le moo, o ne a ikopanya le morafe wa Iseraele o o neng o sotlwa, o le mo bokgobeng. Ka ntlhayang?
Bahebera 11:25 e araba ka gore o ne a kgetha “go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka.” Moshe o ne a leba go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako fela jaaka go ntse. Gore ke ga one motsotso oo fela. Ke ga nakwana fela. Ke mo go fetang mo nakong e khutshwane fela. Jalo he, mo boemong jwa go tlhoma mogopolo mo go seo se neng se ka mo itumedisa ka nakwana, o ne a tlhoma mogopolo mo go lateleng isagwe e e itumedisang. Fela jaaka Bahebera 11:26 e bolela: “O na a lebile tehō ea tuèlō.” Tuelo eo e ne e le ya mmatota go ene, mme go ne go ntse jalo le ka Moduedi. Temana 27 e balega jaana: “O na a ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go ena eo o sa bōnaleñ.”
Ba bangwe ba ka nna ba sotla ka kgato eo Moshe a neng a e dira. Ba bangwe ba ka bolela gore ba ne ba ka itlhophela khumo, go busa, go tuma. Mme a o ke o akanye: Fa Moshe a ne a ile a tlhopha tsela eo ya go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako, a re ka bo re itse kaga gagwe gompieno? A leina la gagwe la Seegepeto le ka bo le santse le le teng le kwadilwe ka mokwalo wa dimapo mo letlapeng le le phanyegileng, le le dikhutinyana, le le bolokilweng mo musiamong, e le selo se eseng sa sepe se se sa bonaleng se se itsiweng fela ke baithutamarope ba sekaenyana fela? Kana, a ka gongwe, le ne le ka fitlhega le go lebalwa kafa tlase ga lerole le motlhaba mo makgolong a le 34 a dingwaga? Mme go tweng ka tuelo ya gagwe? A Moshe o ka bo a ile a tlhomamisa gore Jehofa o tla mo gakologelwa fa a ne a ile a tlhopha tsela e e motlhofo ya go ikgotsofatsa?
Leina la ga Moshe le ntse jaaka setlhotlheletsi mo bathong ba le bantsi gompieno. Tsholofelo ya gagwe ka isagwe e tlhomame. Le wena isagwe ya gago e ka nna ya tlhomamisega. Le wena o ka kgona go nna motswedi wa kgothatso go ba bangwe. Fa o dira diphetso tsa gago mo botshelong, go tswa mo go tse dikgolo go fitlha mo go tse dipotlana, o seka wa tsiediwa ke megopolo ya lefatshe ya gore o tshwanetse o nne le seo o se batlang GONE JAANONG JAANA! Ipotse ka bowena: A seo ke se batlang se tumalanong le se Mmopi wa me a se batlang ka nna? A go latela seo ke se batlang jaanong jaana go ne go ka se reye go baya ditelekiso tsa semoya kwa morago? A ka tsela nngwe ga ke beye tuelo ya me mo kotsing? Ke beela ditsala tsa me le balelapa la me sekao sefe?
O seka wa itlhophela go tlhoka go bonela dilo kwa pele ga lefatshe leno go na le botlhale jo bo kwa teng jwa Modimo. O seka wa rekisa boitumelo jo o ka bo bonang nako e telele ka jwa nakwana fela, dilo tsa bosakhutleng ka tsa nakwana. Kana ebile Mmopi wa rona o re naya kgotsofalo ka selekanyo se segolo go feta sepe se se ka akanngwang. Jaaka Pesalema 145:16 e bolela kaga gagwe: “U huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” Go kgotsofala mo gongwe mono ke mo go bonwang gone gompieno; mo gongwe go tlhoka nako le bopelotelele. Botshelo mo tirelong ya ga Jehofa bo tletse ka dikgatlhego—eleng bontle jwa popo, botsalano jo bo bothitho, boipelo jwa tiro e e gwetlhang le e e duelang, boitumelo jwa go ithuta dikarabo tsa dipotso tsa botshelo tse di raraaneng fela thata. Go feta seo, Mmopi o re abela botshelo jo bo ka re kgotsofatsang ka bosakhutleng.—Yohane 17:3.