Lekgotla la Dikereke la Mafatshe—A Ke la Tirisanommogo Kana la Tlhakatlhakano?
Ka mokwaledi wa Tsogang! kwa Australia
KOPANO e ne ya simolola ka February 7, 1991, kwa mabaleng a mantle thata a Australian National University kwa Canberra, Australia, motsemogolo wa morafe ono. E ne e tseneletswe ke batho ba ba ka tshwarang 4 000 le baeteledipele ba dikereke ba ka tshwara 316 ba ba tswang mo dinageng tse di fetang lekgolo. Dikopano di le thataro tse di setseng di tshwerwe tsa WCC (World Council of Churches [Lekgotla la Dikereke la Mafatshe]) di ile tsa tshwarelwa kwa dinageng tse di farologaneng mo dingwageng di ka nna 35 tse di fetileng, go simolola kwa Amsterdam, Netherlands, ka 1948.
WCC ke eng? Ga se kereke nngwe e kgolo. Ke tirisanommogo ya dikereke, lefelo le go ka abalanelwang megopolo mo go lone. Go gorosa batho semmuso kwa kopanong eno ya bosupa go ne ga dirwa ke tonakgolo ya Australia, Robert J. Hawke—lemororo a ile a ipolela ka namana gore ene o dumela gore Modimo ga go kgonagale gore o ka itsiwe. Setlhogo se se neng sa tlhophelwa kokoano eno ya dibeke tse pedi se ne se le ka tsela ya thapelo: “Moya O O Boitshepo Tla—O Ntšhafatse Popo Yotlhe!”
Lefa go ntse jalo, ditiragalo tse di neng di sa lebelelwa ke lefatshe go ka diragala di ne tsa fetola boikutlo le ditebelelo tsa bao ba neng ba e tsenetse eleng jwa gore moya o o boitshepo o ntšhafatse dipolotiki le ditekanyetso tsa boitsholo tsa ntwa ya kwa Kgogometsong ya Persia. Go katologela kgakala le puisano ya semoya gono goo go neng ga diragala di santse di tloga fela go ne ga dira gore Sir Paul Reeves, mobishopomogolo wa kereke ya Anglican ebile yo pele e kileng ya bo e le mmusimogolo wa New Zealand, a bolele jaana kafa a tlhakaneng tlhogo ka gone: “Mo dikopanong tse di tshwanang le tse re sekamela mo go lweleng maatla, e le seo se sa amaneng ka gope le Moya O O Boitshepo.” Mobishopomogolo wa Canberra o ne a leka go ntsha lebaka la go bo phaapang eno e le botlhokwa: “Kutlwano ke mpho ya Moya O O Boitshepo. Phaapang e e itekanetseng le yone e ntse e le mpho ya Moya O O Boitshepo.”
David Gill, mokwaledimogolo wa Lekgotla la Dikereke la Australia, gape o ne a tlhalosa tsela eo a amegileng ka gone ka ntlha ya gore go na le seo se tshosetsang go ikanyega ga WCC, a dira jalo ka go bontsha gore lekgotla leno le ntse le nnela motlhanka go tswelela pele wa ditlhopha tse di setseng di tlwaetse tse di batlang go neelwa tshiamelo ya go ka tlhalosa maikutlo a tsone a a rileng phatlalatsa.
Go Tlhomamisiwa ga Basadi—Dikgaogano Tse Di Oketsegileng
Seabe se basadi ba nang naso mo kerekeng ya segompieno le sone se ne se le mo thulaganyong, mme lefa go ntse jalo basadi ba ne ba sa itumela. Bontsi jwa bone ba ne ba go tsaya jaaka sengwe seo go utlwiwang ka banna fela mo go sone. Lois Wilson wa kwa Canada o ne a akaretsa seno jaana e le go tlhotlhomisa: “Dipolotiki tsa WCC di boikepo mo go maswe ebile ga ke akanye gore ke se Jesu a neng a se akantse.” Ke eng se se neng sa tlisa tlhakatlhakano eno? Pampiri ya dikgang ya Canberra Times e ne ya bolela seno: “Go ne go ile ga nna le dilelo mo matlwaneng a a kwa thoko a basadi ka gonne basadi ba ne ba tshosediwa e le go ba thibela gore ba se ka ba amogela go tlhophiwa gore e nne maloko a komiti e kgolo ya lekgotla leno. Mosadi mongwe o ne a ile a bo a bolelelwa gore o ne a tla kgaolwa mo kerekeng ya gagwe seo se dirwa ka maiteko a go mo kgoba marapo gore a se ka a dumela go tlhophiwa.”
Go Ne Ga Diragala Eng ka Setlhogo sa Semoya?
Ba bangwe ba ne ba amegile ka gore kopano e ne e ile ya se ka ya otlelela thata gore tiro ya yone ke ya mofuta mang go ya ka Bibela kana go ya ka thuto ya bomodimo. Seno ga se gakgamatse, ka gonne bontsi jwa dintlha tse dikgolo tse di neng di le mo thulaganyong e ne e le tsa mofuta wa dipolotiki. Ebile tota, mo dipegong tse di neng di gatisitswe tse di leng malebana le kopano eno, mmadi o ne a fitlhela gore go ne go na le tsopolo ya Bibela e le nngwe fela e khutshwane.
Makasine wa bodumedi wa National Outlook o ne wa bolela gore David Gill o “bontsha tsela eo ba bangwe ba neng ba akanya ka yone ba ba neng ba tseneletse dikokoano tsa WCC mo dingwageng tse di sa tswang go feta, bao ebile, jaaka motho mongwe a ne a bolela mo bogautshwaneng, ba neng ba tsamaya ba solofetse gore ba ya go ikamogelela dintlha tse dikgolo mme ba boa ba iphotlhere fela.”
Se se fapaaneng le seno, batho ba ba neng ba tshwerwe ke tlala le lenyora la semoya fa ba ne ba ikopanya le Jesu Keresete ba ne ba se ka ba boa “ba iphotlhere fela.” Ba ne ba boa ba lapologetswe: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.”—Mathaio 11:28-30.