Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Lebana Jang le Lehuma?
GREGORY e leng mosha mongwe wa go tswa kwa Yuropa Botlhaba, o ne a iteba jaaka motho yo o humanegileng eletota. O ne a sa kgone go reka diaparo tse di tlhwatlhwakgolo kana radio e kgolo ya mo ntlong jaaka basha bangwe ba kwa Mafatsheng a Bophirima bone ba ne ba kgona. Fa nako e ntse e tsamaya, Gregory o ne a tlhakanngwa tlhogo ke maemo a mo nageng eo e leng ya gaabo mme o ne a fudugela kwa Austria.
Bokgakala jwa dikilometara di le diketekete go ne go nna mosha mongwe yo o bidiwang Loyiso go tswa kwa motseselegaeng mongwe kwa borwa jwa Aferika. Loyiso o ne a nna mo mogopeng o monyenyane le lelapa la gaabo, mme o ne a tswela basha bao ba neng ba nna mo toropong e e fa gaufi nabo pelo bao ba neng ba ipelela dilo tsa “manobonobo” tse di seng kana ka sepe—metsi a a tswang mo dipompong le motlakase.
Lefa go ntse jalo, mosha mongwe yo o nnang mo Aferika yo o bidiwang Vasco o ne a ka leba Loyiso le Gregory jaaka batho ba ba humileng. Ereka Vasco a ne a tshositswe ke ntwa ya selegae eo e neng e lwela mo lefelong la gaabo, o ne a tsamaya dikilometara di le dintsi thata go kgabaganya sekgwa se se kotsi sa Aferika e le fela gore a falotse botshelo jwa gagwe.
Ka gone lefoko “lehuma” ke lefoko le le kayang dilo tse di farologaneng go ikaegile ka maemo, leo le kayang dilo tse di farologaneng mo dinageng tse di farologaneng le mo bathong ba ditso tse di farologaneng. Buka nngwe ya Seesemane e e tlhalosang mantswe e tlhalosa lefoko “lehuma” jaaka sengwe se se tshwanang le “go tlhoka ka mo go feteletseng dilo tse di tlhokegang mme gape le kaya go tlhoka dilo tseo o ka ikgomotsang ka tsone tse di bonalang.” Go a kgothatsa go itse gore go sa kgathalesege gore o ka nna wa tswa o humanegile go le go kana kang, go ka diragala gore go bo go na le batho ba bangwe bao ba tlhokang le eleng go go gaisa. Mo godimo ga moo, fa e le gore ga o na diaparo tse di tshwanetseng tse o ka di aparang fa o ya kwa sekolong kana e le gore o tlhoka dilo tse di botlhokwa thata tse di ntseng jaaka metsi a a tswang mo dipompong, go bolelelwa gore go na le ba bangwe bao ba humanegileng go go feta go ka nna ga se ka ga go kgothatsa go le go kalo.
Ka gone Bibela ga e lebe go humanega jaaka bothata jo bogolo jo bo ka sekang jwa kgona go rarabololwa. Go na le moo, e dumalana jaana ka mmatota: “Se se senyañ bahumanegi ke lehuma ya bōnè.” (Diane 10:15) Lefa go ntse jalo, setlhogo se se fetileng se ne sa bontsha gore mosha a ka kgona go tila a mangwe a mamena a lehuma, a a ntseng jaaka mokgwa wa go tlhoka tsebe ga thaka e tshesane.a Fa o iteka, o ka kgona go tlhagolela maikutlo a a siameng a a tla dirang gore o nne le tsholofelo. Ka gone, dingwe tsa ditsela tsa go lebana le mathata a letsatsi le letsatsi a go nna dikobo dikhutshwane ke dife?
Serai sa go Tswela Ba Bangwe Pelo
“Go ka bo go se maswe go le kalo fa rotlhe re ka bo re le dikobo dikhutshwane,” go ngongorega jalo mosha wa Moaferika yo o nang le dingwaga di le 17, yo o bidiwang Zanele. “Mme lefa go ntse jalo fa o bona ba bangwe mo thelebisheneng kana gongwe go sele bao bone ba nang le dilo di le dintsi thata go go feta, seno e nna selo se se seng motlhofo go se amogela.”
Ga go gakgamatse go bo Zanele a ikutlwa ka tsela eno, fa motho a akanya ka pharologanyo e kgolo e e leng gone gompieno fa gare ga batho ka ntlha ya tsa itsholelo le maemo mo setšhabeng eo e ba kgaoganyang. Ebile ka ntlha ya kafa metswedi ya dikgang kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong e phasalatsang khumo le go rata dilo tse di bonalang ka gone, le wena ka tsela e e tshwanang o ka nna wa boga botlhoko jwa go tswela ba bangwe pelo ka nako ya fa o bona kafa basha ba ba tshelelang mo kgoreng ba tshelang ka gone. (Yakobe 4:5) Lefa go ntse jalo, seane sa Sejeremane se tlhagisa jaana: “Go tswela ba bangwe pelo ga go je sepe fa e se mong wa gone fela.”—Bapisa Diane 14:30.
Gone ke boammaaruri gore ga go bolele gore go phoso go batla maemo a a botoka a go tshela. Mme lefa go ntse jalo lehuma ke letshwao leo tsamaiso eno ya dilo e e bodileng ya ga Satane e lemogiwang ka lone, ebile ke Modimo fela yo o ka—le yo o tla—fedisang mathata ao a leng teng mo lefatsheng. Fa e le gore o nna mo nageng e e humanegileng mo go tsa itsholelo, go ka nna ga tswa go sena sepe se se kalo se o ka se dirang gore o tokafatse seemo sa gago. Mme le eleng fa go na le maemo a a molemo a itsholelo, gakologelwa mafoko a ga Solomone a a mo go Moreri 4:4 a a reng: “Gape ke ithutile gore ke ka ntlha yang fa batho ba dira ka natla thata jaana gore ba atlege: ke ka ntlha ya gore ba tswela selo seo baagelani ba bone ba nang naso pelo. Mme lefa go ntse jalo seno ga se na mosola. Se tshwana fela le go lelekisa phefo.”—Today’s English Version.
Fa e le gore mokgele wa gago ke go ithontsa lefa e ka nna eng fela gore o hume, o ka iphitlhela motlhofo fela o raelesegile gore o dire kgatlhanong le ditekanyetso tsa gago tsa boitsholo. Gape, maemo ao o ka se kgoneng go a laola a ka nna a dira gore madi a gago ao o a bereketseng ka bothata a fokotsege ka bonako—a go tlogela o humanegile go feta le eleng kafa o neng o humanegile ka teng pele. Ka gone Diane 23:4, 5 e tlhagisa jaana: “U se ka ua itapisetsa go humisiwa: . . . A ua bo u tla tlhōma matlhō mo go shōna se se seoñ? gonne rure dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.”
Sekaseka go Bona Gore Ke Dilo Dife Tse O Nang Natso Tseo Di Ka go Tshegetsang
A seno he, se kaya gore o tshwanetse wa ineela fela gore o felelwe ke tsholofelo? Le eseng! Kgato e nngwe e e siameng eo o ka e tsayang ke go tlhoma mogopolo wa gago, eseng mo dilong tseo o di tlhokang, mme go na le moo mo dilong tseo o nang natso tseo di ka go tshegetsang. Ke boammaaruri gore o ka nna wa tswa o na le dilo tse di bonalang di sekaenyana fela. Mme lefa go ntse jalo mo bukeng ya gagwe ya Relationships, Dr. Tony Lake o akgela gore “motho yo o humanegileng mo go tsa madi a ka nna a tswa a na le dilo tse dingwe tseo di ka mo tshegetsang, tse di ntseng jaaka lelapa le le lorato, baagelani ba ba botsalano kana lefelo leo go itumedisang thata go nna mo go lone.” Ke boammaaruri gore dilo tse di ntseng jalo tse di ka go tshegetsang di mosola thata go gaisa madi ka boone! Seane sengwe se bolela jaana: “Go ya diyō tsa merōgō hèla, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, ha e na le kilō.” (Diane 15:17) Mo godimo ga moo basha ba Bakeresete ba na le selo se sengwe gape se se mosola seo se ka ba tshegetsang: go tshegediwa ke “bokopano jotlhe jwa bakaulengwe.”—1 Petere 2:17, NW.
Gongwe le wena o ka leka go leba dilo tse di bonalang tseo o nang le tsone ka leitlho le le siameng go gaisa moo. Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa tswa o nna mo legaeng la maemo a a kwa tlase, gongwe le eleng mo legaeng la bogologolo. O ka nna wa tswa o apara diaparo tsa bogologolo, tse di onetseng, kana tseo di bitietsweng. Ebile o ka nna wa eletsa gore o se ka wa tlhola o ntse o ja dijo di le dingwe fela. Lefa go ntse jalo a o tlhoka diaparo tse dintle kana ntlo e e mabonomantle gore o itumedise Modimo? A o tlhoka dijo tse di monate gore o nne o ntse o tshela ebile o na le botsogo jo bo molemo? Ke boammaaruri gore ga go a nna jalo! Jaaka fa moaposetoloi Paulo a ile a bolela: “Fa e le gore re na le dijo le diaparo, tseo di tshwanetse tsa bo di re lekane.”—1 Timotheo 6:8, TEV.
Rre mongwe wa mo Aferika Borwa ebong Eldred yo o goletseng mo lelapeng le le humanegileng o bolela jaana: “Re ne ra itira ekete ga re bone gore lelapa la rona le ne le tshela ka madi a le manyenyane eletota le gore re ne re ka se ka ra kgona go nna le dilo tsotlhe tseo re neng re di batla.” Eldred o gakologelwa gore ka nako ya fa marokgwe a gagwe a sekolo a ne a nna makgasa, mmaagwe o ne a tle a a bitiele fela a bo a ipheditse. Fa nako e ntse e tsamaya, borokgwe jono bo ne bo sala e batla e le dibata fela! “Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke itshokele go nna ke romulwanyana,” Eldred o bolela jalo. “Mme lefa go ntse jalo selo se se botlhokwa e ne e le gore diaparo tsa rona di ne di le phepa ebile di re tswela mosola.”
Go Somarela Madi mo Gae
Gape o ka nna wa tsaya dikgato tse di mosola gore o tokafatse seemo sa gago. Bibela e bua ka batho bao ka boeleele “ba dirisang madi a bone ka bonako fela fa ba sena go a bona.” (Diane 21:20, TEV) Itshupe o le motho yo o botlhale he, ka go nna kelotlhoko gore o se ka wa senya ka dijo, ka madi, kana ka selo sepe fela sa mo ntlong seo se ka go tshegetsang. (Bapisa Yohane 6:12.) Go betšha, go dirisa dinnotagi go feta tekano, go goga motsoko—eno ke mekgwa eo e sa senyeng ka madi fela mme mo godimo ga moo e dira gore motho a se ka a ratwa ke Modimo. (2 Bakorintha 7:1) Fa e le gore maloko a mangwe a lelapa a dira ka tsela e e seng botlhale malebana le dilo tseno, ba tlhomele sekao ka boitsholo jwa gago ka namana.—Bapisa 1 Timotheo 4:12.
Tsela e nngwe eo o ka tokafatsang seemo sa mo lelapeng la gaeno ka yone ke ka go thusa batsadi ba gago mo gae. Ithaopele go thusa ka go apaya dijo, go phepafatsa, go baakanya dilo tse di senyegileng, le go bereka mo tshingwaneng. Go dira jalo go tla go dira gore o ikutlwe o na le kgotsofalo ya gore go na le sengwe seo o se fitlheletseng.
Madi A A Oketsegileng A A Tsenang mo Lelapeng
Basha bangwe ba kgona go tlaleletsa ka tlhamalalo mo mading a a tsenang mo lelapeng ka go dira tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe. Loyiso yo o umakilweng pelenyana, o ne a rekisa merogo; o ne a e jala mo sebateng se sennyane sa mmu kafa morago ga legae la gaabo. Gape o ne a dirisetsa merogo eo a neng a sa tswa go e ntsha mo tshimong go tlamela lelapa la gaabo ka dijo. “Eo o lemalemañ masimo a gagwè o tla bōna letlōtlō ya diyō,” go bolela jalo Diane 28:19. Loyiso o ne a bona kafa mafoko ano a leng boammaaruri ka gone.
Basha bangwe ba ithaopa fela ka bobone go rekisa diaparo, dijo, le dikgong tsa go besa molelo ba dira jalo ba sa laelwa ke ope. Ba bangwe ba dira ditiro tse di botlhoswana tsa go baakanya dilo tsa mo ntlong tse di senyegileng, go isa melaetsa go tswa kwa bathong ba bangwe go ya kwa go ba bangwe, kana ba sala le bana.
Sekolo le Lehuma
Go ya ka 1989 Britannica Book of the Year, basha ba le bantsi ba ba humanegileng go feta ba ne ba bona gore “ga ba kitla ba bapala sepe se se kalo ka go tsena sekolo.” Gantsi dikago tsa thuto di dinnyane mo dinageng di le dintsi ebile ga di na didirisiwa tse di lekaneng tsa go ithuta. Ebile ka nako ya fa basha ba sekaseka ditiro tseo di duelang madinyana a a sa reng sepe tseo ba ka nnang ba di bona mo isagweng ba di bapisa le ditsela tse dingwe tsa go dira madi ka bonako mme lefa go ntse jalo e le ditsela tsa bonokwane, bangwe ba bone ba latlhegelwa ke keletso yotlhe fela ya go tsena sekolo.
Lefa go ntse jalo, go sa tsena sekolo go gakatsa bothata jwa lehuma fela. Go tsena sekolo go ka nna ga go tlhoka gore o ikgalemele, mme lefa go ntse jalo o dira selo se se botlhale fa o nna o tsena sekolo! A o ko o akanye ka mmasepala wa kwa Howrah eleng toropo ya ditakana ya kwa Calcutta kwa India. Batho ba le 800 000 koo ba tshelela mo lehumeng la nta ya tlhogo. Motshegare bana ba le bantsi ba dira ditiro tsa maemo a a kwa tlase thata; mme lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba bone ba tsena sekolo sa bosigo gore ba rutege. Ka gone o se ka wa tlogela sekolo lefa go se tsena e le selo se se boima. Sekolo se ka go thusa gore o nne le dikgono tsa go buisana le batho ba bangwe ka botswerere le go akanya ka botswerere—eleng dikgono tseo di ka nnang tsa go thusa gore letsatsi lengwe o bone tiro.
Go Leba kwa Pele
“Bahumi le bahumanegi baa kōpana: Yehofa ke modihi oa bōnè botlhe.” (Diane 22:2) Ntlha eo e thusitse Basupi ba ga Jehofa ba babotlana ba le diketekete gore ba kgone go lebana le lehuma ka katlego. Ba lemoga gore boitumelo bo ikaegile, eseng ka go nna le dilo tse di bonalang, mme go na le moo bo ikaegile ka go tsalana le Jehofa Modimo, yo o amogelang botlhe bao ba batlang go mo direla—e kane ba humile kana ba le dikobo dikhutshwane. Modimo o re solofetsa botshelo mo lefatsheng le lesha la mo isagweng leo le tla bong le sena lehuma le le gatelelang batho.—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:3, 4.
Nna o ntse o dirisa dilo tseo o nang natso tseo di ka go tshegetsang o dira jalo ka tsela e e botlhale. Leba pele kwa isagweng. Ikgobokanyetse dikhumo tsa semoya. (Mathaio 6:19-21) Leba go lebana le lehuma jaaka selo se se gwetlhang seo o ka kgonang go se fenya ka katlego.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona tokololo ya rona ya February 8, 1992.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Go eletsa fela go ka se ka ga tokafatsa seemo sa gago, mme lefa go ntse jalo go dira ka natla kwa sekolong go ka se tokafatsa