Go Tlhofofatsa Mekgweleo ya Loso
MEKGWA le tsela e go fitlhwang ka yone e a farologana mo mafatsheng a a farologaneng le mo ditsong tse di farologaneng. Melao ya puso e ka nna ya tlhoma gore go tshwanetse ga salwa morago thulaganyo e e rileng. Lefa go le jalo, ntlha e eleng ya konokono thata, gantsi ke ya bodumedi jwa lelapa le jwa batho ka kakaretso. The New Encyclopædia Britannica e a re, “tshekatsheko kaga dingwao tse di amanang le loso le mekgwa di bontshitse sentle go amana ga bodumedi le mekgwa e e dirwang fa mongwe a tlhokafetse.”
Tsaya ka sekai phitlho ya Sehindu kwa India. Mmele o baakanyediwa go fisiwa ka mokgwa wa setlhopha se se rileng sa Sehindu. “Metsi a a boitshepo,” bogolo thata go ratwa a a tswang kwa Nokeng ya Ganges, a kgatshiwa mo bodilong. Letsela le lesweu le bo le adiwa mo lefelong leo, mme serepa se bo se bewa mo godimo ga lone. Monkgo o o monate o a tshubiwa ka ntlha ya go bo go dumelwa gore o tla biletsa meya e e phepa kwa lefelong leo. Setshaso se se dirilweng ka logong lwa Mosantalone le letsoku se tshasiwa mo sefatlhegong. Go tswa foo mmele o a tlhapisiwa o bo o apesiwa letsela le lesweu le mo go lone go rokeletsweng dithunya. Go tswa foo mmele o a tsewa tlhogo e le kwa pele mo seteretšhareng sa letlhaka o isiwa kwa leubelong (lefelo le go tshubelwang mo go lone). Fa ba tsena koo seteretšhara se a fetolwa mme mmele o tsewe jalo maoto a le kwa pele, go ya kwa leubelong, go bontsha gore o solofetse botshelo jwa isagwe. Molelo wa phitlho o tlhosediwa ke morwawe yo motona, ka gore go dumelwa gore ke ka tsela eno fela “moya” wa moswi o ka bonang tapologo. Morago ga moo, melora e a tsewa mme e bo e isiwa kwa go nngwe ya dinoka tse di “boitshepo” tsa India.
Kwa Papua New Guinea, go tlwaelesegile ka balosika go nna ba ama mmele wa moswi, ba o atla, ba lelela mo godimo ga one, ba o direla ditsholofetso, le go kopa maitshwarelo a dibe dipe tse ba ka tswang ba di diretse moswi. Go hutsafalwa fela thata mme difela tsa loso tse di opelwang ka mantswe a a digilweng di oketsa bohutsana. Go tlwaelesegile go nna le meletlo e mebedi e megolo nako nngwe morago ga loso go tlotla “moya” wa motho yo o suleng le go kgoreletsa gotlhelele petso epe e o ka e tlisang.
Mo Afrika, mekgwa le dingwao tsa phitlho di gatisetsa thata go dumela gore moya ga o swe. Go tlhomamisiwa thata gore go itumedisiwe ba ba suleng, e se re gongwe ba direla balosika ba ba setseng ntshenatshe. Madi a mantsi a senngwa mo ditlhabelong tse dintsintsi ka tsholofelo ya gore baswi ba tla kgona go direla ba ba tshelang molemo. Bontsi bo dumela mo go reng motho o tsalwa gantsintsi, gore moswi o tla tsholwa gongwe e le phologolo e e ka obamelwang ka tlotlo kgotsa e le mongwe wa leloko la lelapa ke mosadi mongwe yo o ka tswang a le moimana ka nako eo. Pego nngwe e e tswang kwa Nigeria ya re, “ka jalo, go nniwa kelotlhoko fela thata fa go apesiwa serepa go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se mo maemong a sone. Ka sekai, go dumelwa gore fa lebogo la moswi le sa tlhamalala mo lekesing, le bontsha gore yo o tla tsholwang o tla tsholwa a le segole fa a tsholwa gape. Kgotsa monna yo o suleng fa a sa apesiwa sentle o tla tsholwa gape e le setsenwa.” Go boifa baswi le go tshaba taolo e go tweng ba na le yone mo go ba ba tshelang gantsintsi ke tsone dintlha tse di laolang kafa diphitlho tsa Seafrika di tshwarwang ka teng.
Gape le mo dikarolong tse dintsi tsa selegae tsa Gerika, mediro e metelele le e e manontlhotlho e a dirwa morago ga loso. Makasine wa Science o a re, “dingwaga tse tlhano morago ga loso, basadi ba e leng balosika la moswi ba baakanya le go etelela pele mo ditirelong tsa segopotso.” “Fa e le ka basadi, bommaabo, le barwadiabone, go hutsafala ke selo se ba bonwang ka sone. Ba etela mabitla bosigo bongwe le bongwe go ya go tshuba dikerese, go phepafatsa sefikantswe, go bua le moswi, go opela difela tsa khutsafalo le go lela. Ba dumela gore, go dirwa sentle ga meletlo eno, go tla thusa moya wa moratiwa wa bone go ya kwa legodimong.” Kgabagare marapo a moswi a a epololwa mme a ye go epelwa mo lebitleng la motse la botlhe.
Bontsi jwa diphitlho kwa Japane di latela mekgwa ya Sebuda. Morago ga gore mmele o tlhapisiwe o bo o apesiwa, o khurumediwa ka letsela le lesweu, mme thipa e bo e bewa mo sehubeng sa one go thibela meya e e bosula. Mme jaaka dikerese le lonkgo lo lo monate lo ntse lo tuka, moperisiti o boaboeletsa disutara (ditemana go tswa mo dikwalong tsa Sebuda) gaufi le moswi mme o neela moswi leina la Sebuda morago ga loso, mme go ya ka gore go dirisitswe ditlhaka di le kae, madi a mantsintsi a tshwanetse go duelwa. Go tsweng foo serepa se tsenngwa mo lekesing la logong le le sa pentiwang. Tebelelo ya bosigo jotlhe kgotsa e e kgaoseditsweng e a dirwa go hutsafalela moswi le go rapelela moya wa gagwe boiketlo. Fa jaaka moperisiti a ntse a boaboeletsa disutara, bahutsafadi ba nna ba ntse ba fapaanela go tshuba maswalo. Mekgwa e e tshwanang ya go dira dilo e a dirwa letsatsi le le latelang mo tirelong ya phitlho fa pele ga sebeso se mo go sone go beilweng lekesi, le setshwantsho sa moswi, mme le dilo tse dingwe tsa Sebuda di bewa gone foo. Go tswa foo serepa se a tshubiwa, jaaka fa molao o laola. Ka lobakanyana morago ga moo, maswalo a tshubiwa go a ne go engwa a tshubiwa jalojalo mme moperisiti a boaboeletse disutara go fitlha mo seemong se mo go sone go dumelwang gore jaanong moya ga o sa tlhole o na le tlhotlheletso epe mo mererong ya batho mme jaanong o tsena mo seemong sa meya ya badimo sa boemo jo bo kwa godimodimo.
Ba Itsise Maikutlo a Gago
Go na le go fokotsa mahutsana a a leng teng a go swelwa ke yo o mo ratang, mekgwa eno ya diphitlho gantsi e oketsa mathata. Mangwe a one ke ditshenyegelo. Diphitlho tse di manontlhotlho di lopa madi a mantsi. Gantsi baperesiti ba solofela dimpho tse dintsi kgotsa dituelo ka tiro e ba e dirang. Mekete le meletlo e megolo le yone e a tura. Go ka nna ga nna le kgatelelo ya go dira se e neng e se keletso ya moswi kana le go dira dilo tse a neng a sa di dumele. Balosika kgotsa ditsala ba ka nna ba ngongorega fela thata ba re fa go sa latelwe mekgwa e e teng ya batho ya go fitlha, moswi o tla bo a sa direlwa phitlho e e tshwanetseng le e e tlotlegang. Fa o na le kafa o batlang phitlho ya gago e dirwa ka teng, go tla bo go le botlhale ka wena gore o kwale seno mme go nne le basupi ba sone.
Mmalelapa mongwe wa Mojapane o ne a ithuta seno ka loso lwa ga rraagwe yo o dingwaga tse 85. Rraagwe o ne a batlile fela gore go nne le tirelo e e seng ya sepe ya phitlho e e akaretsang ba lelapa fela. Mme lefa go ntse jalo, seno se ne sa nyadiwa fela thata ke bao ba neng ba batla thulaganyo e e tlwaelegileng ya phitlho. Morago, morwadie o ne a kwalela pampiri ya dikgang ya Tokyo e go tweng Asahi Shimbun a re: “Fa mongwe a batla phitlho e e farologaneng le tsa ba bangwe, lefa go lebega go se botlhokwa mo go ene ka namana, go molemo go buisana le ba lelapa mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi gore le bone ba dumalane le mogopolo oo. Gape go botlhokwa gore a kwale dikeletso tsa gagwe gore ba lelapa la gagwe ba ba setseng ba kgone go emelana le go kgalwa.”
Go botlhokwa fela thata bogolo jang fa e le gore o na le bodumedi jo bo nonofileng jo bo kgatlhanong le mekgwa ya lefelo la lona. Ka sekai, Mokeresete kwa Japane o ka nna a boifa gore gongwe fa a ka swa, bangwe balosika lwa gagwe ba eseng Bakeresete ba ka nna ba obama fa pele ga lekesi la gagwe ka tsela ya go mo obamela jaaka go dirwa fa pele ga sebeso sa Sebuda kwa phitlhong ya gagwe. O ka nna a tlhalosa pelepele mo ditaelong tse a di kwadileng gore morago ga gore batho ba mo laele kwa legaeng la gagwe, mmele wa gagwe o tshwanetse go tshubiwa mme morago ga moo go tshwarwe tirelo e khutshwane e mo go yone go senang lekesi le fa e le setshwantsho sa gagwe. Go tila mathata, balosika ba ka nna ba itsisiwe ka thulaganyo eo go sa le gale.
Go Dirisana le Batsamaisi ba tsa Diphitlho
Pele ga dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ne ba tlhokafalela kwa gae, ba na le ditsala le balosika. Bana ba ne ba sa kganelwe go nna gaufi le moswi mme ba ne ba ithuta ka ga loso ka tsela eno. Mme seno se fetogile mo mafatsheng a a tlhabologileng, a a nang le madirelo gompieno. Bontsi jwa batho ba ba swang ba isiwa kwa dipateleng, mme maiteko a a dirwa go leka go lelefatsa matshelo a bone. The New Encyclopædia Britannica e a re, “go na le gore loso lo lebelelwe jaaka selo sa tlholego, dingaka tsa motlha ono di le tsaya jaaka selo se se maswe kana mmaba, gore ke go fenngwa ga maiteko a bone a bongaka, mme ka dinako tse dingwe go tsewa jaaka go palelwa ga motho ka namana. Bolwetsi bo alafiwa ka dibetsa tsotlhe tse di ka kgonegang, mme gantsi go bile go ikgatholositswe maikutlo a motho yo o lwalang—mo mabakeng a mangwe tota go ikgatholosiwa le gone gore a mme go santse go na le ‘motho’ tota.”
Phitlho ya maemo a a kwa tlase kwa United States jaanong e ja go feta R8 250—mme seo ga se akaretse madi a go reka lebitla. Mokgwa wa go dirisana le motsamaisi wa phitlho yo o bontshang bopelotlhomogi ke go lebala gore tota boikaelelo jwa gagwe ke go dira madi. Makasine wa Changing Times o a re, “boikaelelo jwa go dira dipoelo ke selo se segolo fela thata mo kgwebong eno ya dimmotšhara. Mme fela jaaka go ntse mo kgwebong nngwe le nngwe, moreki o ka nna a patelelwa go dirisa madi a gagwe fela thata, a jewa ka loleme, a lopiwa madi a a kwa godimo kgotsa a tsiediwa ke morekisi yo o senang mekgwa ya setho. Tota ebile, diphatsa tsa go tsiediwa di kwa godimo fela thata ka jaana bontsi jwa batho e le la ntlha ba reka, ba hutsafetse mme ebile ba tshwanetse gore ba dire dilo ka bofefo.”
Lefa go ntse jalo, go na le ditsela tse dingwe gape. Nngwe ya tsone ke go beela kwa thoko madi a phitlho ya gago. Seno se ka dirwa ka go bula akhaonto e e kgethegileng ya banka e e kwadilweng ka leina la gago e e ka duelang mongwe yo o salang yo o mo kwadisitseng kwa bankeng morago ga loso lwa gago. Go ya ka melao ya dibanka ya U.S., madi a a mo akhaontong eo (letlole la ntshwarelang le le bidiwang Totten) a ka kgona go tsewa ke yo a mo tshwanetseng fa a ntsha bosupi jwa gore o tlhokafetse. Mme pele ga o ka tlhokafala, madi ao a kafa tlase ga taolo ya gago. Go reka inshorense ya botshelo mo khamphaning nngwe e e itshetletseng ebile e ka ikanngwa ke tsela e nngwe. Fa o nyetse, tlhomamisa gore molekane wa gago o itse ka seo, bogolo jang mo dikgannyeng tsa madi. Go dira wili ke sengwe gape se se mosola. Ga go motlhofo gore le ka swa lotlhe ka nako e le nngwefela. Mo mabakeng a le mantsi gantsi go swa banna basadi ba sale. Gantsi basadi ba iphitlhela ba sa itse ka dithulaganyo tseno, mo go ba okeletsang mahutsana le matlhotlhapelo. Ereka loso le ka tla ka nako e le sa solofelwang ka yone, o se ka wa beela nako e e tlang go buisana dilo tseno le ba lelapa la gago.
Go Emelana le Bohutsana
Motho yo o ileng a itshokela tatlhegelo ya yo a mo ratang o a bo a bogile botlhoko fela thata. Go tswelela re lela le go hutsafala go tla nna go le teng go fitlhelela re amogela gore loso ke selo se se leng teng mo botshelong. Gore motho o hutsafala lebaka le le kanakang go farologana ka batho ka bongwe. Ba bangwe ba dirisana le seemo seo ka bofefo, ba bangwe ba tseye ngwaga kgotsa go feta. Mme palo e potlana e hutsafalela ruri. Re ka ithuta jang go emelana le seemo seo?
Go botlhokwa go re o se ka wa ikgogona le go itlhaola mo bathong. Go boela gape mo botshelong fela jaaka bo ntse o ikgolaganya le balosika le ba ditsala ka mogala kgotsa ka go ba etela ke dilo tsa botlhokwa gore o kgone go gomotsega. Lefa go tlhokega gore nako nngwe o iphe nako o le nosi, o se ka wa go dira mokgwa. Thusa batho go go atamela ka go ba atamela.
Kgakololo e e molemo e ne ya neelwa ke rre mongwe yo o neng a latlhegelwa ke balosika ba le batlhano ba ba gaufi mo lobakeng lwa dingwaga di le tharo fela, go kopanyeletsa le mmaagwe le mosadi wa gagwe yo a neng a mo rata a na le dingwaga di le 41, yo o ileng a lwa ntwa kgatlhanong le kankere ka dingwaga tse ditelele. O ile a akgela jaana: “Kwantle ga pelaelo ke ile ka nna le seabe sa me sa bohutsana. Ka dinako tse dingwe ke ne ke lela. Mme o tshwanetse go lebelela botshelo ka fa tshwanelong. O tshwanetse go amogela botshelo jaaka bo ntse, eseng ka fa o eletsang bo ka bo bo ntse ka teng. O tshwanetse go fetola seemo go amogela mmaba mme o amogele loso, go na le go hutsafalela ruri.”
Go botlhokwa go ema nokeng le go kgothatsa bao ba hutsafetseng. Ka maswabi, bontsi jwa rona bo itsaya gore ga bo ka ke jwa kgona mme gantsi re iphitlhela re tsietsega gore ke eng se re ka se buang. Re ka nna ra ba ra tlhabisiwa ditlhong ke go supa maikutlo a rona. Ka jalo gantsi mokgwa ke go tila yo o hutsafetseng—ka nako eo a re tlhokang fela thata ka yone. Ba bangwe ba bile ba supiwa ka monwana gore ba ne ba tsaya tsela ntlheng e nngwe e le fela go tila go bua le motho yo o swetsweng! Motlholagadi mongwe o ile a re: “Ke ne ke tlogetswe ke le esi mo bohutsaneng jwa me. Ke ne ke tlhoka mongwe go ka bua le ene mme go ne go sena ope yo o neng a ikemiseditse go reetsa.”
Ba bangwe ba ba tabogelang go ya go tshegetsa le go ema nokeng ka nako ya loso e a re ka bofefo fela ba bo ba nyelela. Porofesara ya tlhaloganyo ebong Patricia Minnes a re, “morago ga loso, go tsaya dibeke kgotsa dikgwedi pele ga motho yo o swetsweng a ka kgona go emelana le go garoga pelo ga ntlha. Eo ke yone nako e kemonokeng e tlhokegang thata mme ke yone nako e eleng gore ga e bonale thata ka yone.” Ke phoso go gopola gore ba ba sa iponatseng gore ba hutsafetse go raya gore ga ba na sepe kgotsa ga ba na lorato, kgotsa ba ipolelela gore ga go na tatlhegelo eo, kgotsa ba fentse bohutsana. Ba bangwe e ka ne e le fela gore ba na le boikutlo jo bo boteng jwa go kgona go emelana le bohutsana jwa bone, mme lefa go le jalo ba santse ba tlhoka go gomodiwa le go engwa nokeng.
Abo go le molemo jang ne, fa ditsala di thusa yo o swetsweng go busa mekgaphi le go tlatsa dipampiri tse di tlhokegang! Abo go gomotsa jang ne go nna le mongwe yo o nitameng, yo o go neelang tshegetso le go thusa mo dithulaganyong tsa phitlho! Abo go anaanelwa jang ne go nna le mongwe yo o thusang ka bana mme a ela tlhoko go tlhomamisa gore tse di tlhokwang ke balosika ba ba tlileng le ditsala di a dirwa! Abo go bontsha go amega jang ne fa ditsala le baagisani ba lere dijo letsatsi le letsatsi le go thusa mo ditirong kgotsa ba isa ba ba hutsafetseng kwa ba ka tswang ba batla go ya teng! Abo go le gontle jang ne go nna le mongwe yo eleng gore batho ba ba hutsafetseng ba ka kgona go mmolelela maikutlo a bone! Abo go gomotsa jang ne go utlwa mafoko a kgomotso le go tshwarwa ke motho ka lebogo a go gomotsa! Abo go le molemo jang ne, gore le morago ga dikgwedi, go bo go ntse go botswa gore ba ba hutsafetseng ba ikutlwa jang mme go bo go buiwa lefokonyana la kgomotso!
Mme go nna le tsholofelo mo isagweng ke selo se se thusang fela thata. A go na le tsholofelo eo?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 23]
“O tshwanetse go amogela botshelo jaaka bo ntse, eseng kafa o eletsang bo ka bo bo ntse ka teng”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]
Re Tla Raya Bana Re Reng?
Ba bolelele boammaaruri, go ya ka seemo sa bone sa go ka tlhaloganya. Bua ka loso le go swa fela jaaka go ntse, o tile go dirisa mafoko a a dikologang. Fa o re, “Ntatemogolo o ile” kgotsa, “Re latlhegetswe ke Ntatemogolo,” ngwana o ka nna a solofela gore Ntatemogolo o tla boa kgotsa o tla “bonwa.” Thusa ngwana go tlhaloganya boammaaruri ka loso, mme o neye dikarabo tsa dipotso ka Dikwalo. Ngwana o ka tlhalosediwa ka dibopiwa. O ka nna wa tlhalosa ka loso lwa diphologolo, dinonyane, kgotsa ditsitsiri. Nna pelotelele, mme o baakanye megopolo epe e e phoso e ngwana a ka tswang a e tsere mo difiliming kgotsa mo thelebisheneng. Go lobela bana gotlhelele ka loso go ka nna ga dira gore ba tenege kgotsa ba boife ba sa itse se ba se boifang.
Ngwana o ka nna a ikutlwa gore ke ene a ikarabelang mo losong, bogolo jang fa e le gore o ne a tenegela yo o suleng. Thusa ngwana go tlhaloganya gore ga a na molato ope, e le gore a se ka a nna le boikutlo jwa go ipega molato.
Go boifa go iphitlhela ba le mo legoeleleng ke selo se se amang bana ba ba latlhegetsweng ke motsadi fela thata. Ba gomotse kafa o ka kgonang ka teng, mme o bo o ba itsise gore ba tla ratiwa le go tlhokomelwa. Ngwana gape o ka nna a tenega. Fa a bolelelwa gore Modimo o tsere motsadi wa gagwe, o ka nna a ila Modimo. Go itse boammaaruri jwa Bibela go ka thusa mo dikgannyeng tseno. Gomotsa ngwana, mme o bo o mmontshe lorato le kemonokeng.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ema nokeng le go gomotsa ba ba hutsafetseng