Tsela ya go Lebagana le Go Bo O Kile Wa Betelelwa
Dingwaga tse di lesome le boraro tse di fetileng, Mary o ne a betelelwa a tshosiwa ka thipa. Le motsing ono, pelo ya ga Mary e ubula dikgopo o bile o fufula diatla fa a leka go tlhalosa ka tiragalo eo. O bua jaana, a putsaputsa dikeledi, “Ke selo se se nyenyefatsang tota se se ka diragalelang mosadi. Ke selo se se maswe, se se makgapha.”
PETELELO e ka nna sengwe sa dilo tse di amang maikutlo fela thata mo botshelong jwa motho, mme diphelelo tsa sone di ka salela go fitlhelela motho a tsena ka lebitla. Mo tshekatshekong nngwe, mo e batlileng e nna nngwetharong ya batho botlhe ba ba kileng ba betelelwa ba ba ileng ba botsolotswa ba ile ba akanya go ipolaya, mme bontsi jwa bone jwa bolela gore tiragalo eo e fetotse matshelo a bone gotlhelele.
Diphelelo e ka nna tse di maswe le go feta fa e le gore mosadi o ne a itse motlhasedi wa gagwe. Go thata gore motho yo o beteletsweng ke motho yo a mo itseng a thusiwe ke ba bangwe ka gore o ka nna a se ka a bolelela ope ka gone kana lefa a ba bolelela go bo go sena ope yo o dumelang gore tota e ne e le petelelo. Mme ereka a utlwisitswe botlhoko ke motho yo a neng a mo ikanya, go ka nna ga diragala gore a ipone phoso le go belaela bokgoni jwa gagwe jwa go sekaseka batho.
Amogela Thuso
Bontsi jwa batho ba ba kileng ba betelelwa kwa tshimologong sa bone ke letshogo le go sa dumele gore tota selo seo se diragetse. Mosadi mongwe o ne a betelelwa pelenyana fela fa a tloga a kwala ditlhatlhobo tse di botlhokwa kwa kholetšheng. O ne a itebatsa petelelo eo go fitlhelela a kwala ditlhatlhobo tsa gagwe. Mongwe wa batho ba ba kileng ba betelelwa o ne a re: “Ke ne ke sa batle le fa e le go gakologelwa sepe ka gone ka gore motho yo ke neng ke mo itse ke mo ikanya ke ene a ileng a tswa mmeteledi wa me. Ke ne ke sa itse fa go le teng gore motho o ka betelelwa ke motho yo a mo itseng. Go ka nna ga utlwala go sena tlhaloganyo, mme lefa go le jalo tumelo eo e ntirile gore ke latlhegelwe ke tshepho. Ke ne ka ikutlwa ke latlhegile.”
Basadi bangwe ba tswelela ka go ipolelela gore ga go a direga sepe ka go sa bolelele ope gore ba beteletswe. Ba swa ka lehunelo mabapi le tlhaselo eo ka dingwaga di le dintsi, selo se se felelang se dia go fola le go baka mathata a mangwe gape a maikutlo a motho yo o beteletsweng a ka nna a se ka a lemoga fa a tsalwa ke petelelo eo.
Ga se gantsi go fola go simologang go fitlhelela o bolelela ba bangwe. Tsala e e boikanngo e ka go thusa gore o lemoge gore selo se se diragetseng tota ke petelelo mme ebile e ne e se molato wa gago. Seane sa maloba sa re: “Tsala ya boammaaruri e rata motho ka metlha yotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsaletsweng go nna teng ka motlha wa pitlagano.” (Diane 17:17, NW) Gape, badisa ba semoya ba “ka nna jaaka boitiketso mo phefong le lefelo la boipotetso mo puleng ya matlakadibe.” (Isaia 32:2, NW; 1 Bathesalonia 5:14) Mo go bangwe ba batho ba ba kileng ba betelelwa, go bona ba mekgatlho e e dirisanang le batho ba ba kileng ba betelelwa kana mogakolodi yo o nang le maitemogelo go ka nna ga tlhokega go thusa go baakanya seemo sa maikutlo a bone.
Batho ba ba kileng ba betelelwa gantsi ba tshaba go bua ka go betelelwa ga bone ka ntlha ya go ipega molato, bogolo jang fa e le gore ba ile ba tsogelwa ke keletso ya go tlhakanela dikobo ka nako ya fa ba tlhaselwa. Ba ka nna ba ikutlwa ba leswafetse ba bile ba ipona molato ka ntlha ya petelelo eo—lefa gone tota go sena ope o sele yo o molato fa e se mmeteledi fela.
Mary yo o neng a bolelela Mokeresete ka ene o ne a re, “Go nna le tsala e o ka e bolelelang go a thusa. Ke ne ke kgona go bua le ene kwantle ga gore ke ikutlwe ke le leswe kana ke na le setshubaba sa go bo ke kile ka betelelwa.”
Mo Tshegetseng
Kafa letlhakoreng le lengwe, go tla bo go sa tshwanela e bile e se mokgwa wa lorato gore ditsala di mmelaele kana di tseye gore ke boikarabelo jwa bone gore ba dire tshwetso ya gore a “tota o ne a beteletswe.” O se ka wa bo wa umaka gore o ne a a ja monate kana gore o ne a kopanetse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Selo se se botlhokwa se tsala e ka se dirang fa a kopilwe go thusa ke go mo dumela. Mo gomotse. O nne tsebe ntlha go utlwa fa a batla go bua, mme lefa go le jalo o se ka wa mo patika gore a bue sengwe le sengwe.
Fa e le gore petelelo e sa tswa go diragala, ditsala di ka thusa yo o beteletsweng go bona thuso ya bongaka le go mo rulaganyetsa lefelo le le babalesegileng go nna mo go lone. Mo kgothaletseng go bega petelelo, mme legale lo mme seo e nne tshwetso ya gagwe. O sa tswa go diragalelwa ke selo se se ileng sa mo dira gore a latlhegelwe ke go nna le taolo. Mo letleng gore a boelwe ke taolo eo gape ka go mo lesa gore a tlhophe se a tla se dirang go tswa foo.
Malapa a batho ba ba beteletsweng a tshwanetse go tila go gogomoga maikutlo ka ntlha ya seemo. Ba ka nna ba batla mongwe yo ba ka mo pegang molato wa petelelo kana ba batla go ipusolosetsa mo mmeteleding, eleng dilo tse di ka sekeng tsa thusa motho yo o beteletsweng. (Baroma 12:19) Go pega mongwe o sele molato kwantle ga mmeteledi ke matsapa le maitapoloso fela, mme go batla go ipusolosetsa go kotsi. Go tla dira gore motho yo o beteletsweng a tshwenyege ka pabalesego ya baratiwa ba gagwe go na le go itebaganya le go fola.
Malapa a tshwanetse go lemoga gore bontsi jwa batho ba ba kileng ba betelelwa ba leba dikamano tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e farologaneng morago ga go betelelwa. Mo megopolong ya bone, jaanong tlhakanelodikobo e fetogile sebetsa, mme ba ka nna ba nna le mathata mo go tsa tlhakanelodikobo ka sebakanyana se se rileng, le e leng mo mothong yo ba mo ratang le go mo ikanya tota. Ka lebaka leo, monna ga a tshwanela go patelela mosadi wa gagwe gore ba tlhakanele dikobo go fitlhelela a nna mo seemong se se siameng. (1 Petere 3:7) Malapa a ka thusa mosadi yo mmotlana go aga seriti sa gagwe le go mmontsha gore o santse a ratiwa le go tlotliwa go sa kgathalesege se se mo diragaletseng. Go mo tshegetsa ka metlha go a tlhokega fa jaaka motho yo o kileng a betelelwa a ntse a lwa le seo fa gongwe se tsayang nako e telele go fitlhelela motho a fola mo maikutlong.
Go Lwa le Letshogo le go Kgoberega Maikutlo
Basadi ba ba kileng ba betelelwa ba re maikutlo a magolo a ba nnang le one ke a letshogo. Bontsi jwa batho ba ba beteletsweng ba ne ba sa solofele gore ba tla falola ba tshela. Kwa morago ba ka nna ba boifa gore gongwe ba ka nna ba betelelwa gape kana ba boifa go re kgatlha thu le mmeteledi.
Letshogo le motho a neng a na le lone ka nako ya fa a ne a betelelwa le ka nna la tsosolosiwa ke medumo, menkgo, le mafelo a a tshwanang. Fa e le gore mosadi o ne a betelelelwa mo kgokgotšhwaneng, o ka nna a boifa go tsamaya mo kgokgotšhwaneng. Fa e le gore o ne a betelelelwa kwa gae, o ka nna a se ka a tlhola a ikutlwa a babalesegile mme o ka nna a patelesega go fuduga. Le gone go dupa senkgisamonate se se tshwanang le se mmeteledi a neng a se itshetse go ka gakolola motho dilo tse di seng monate go gopolwa.
Lefa gone e le dipetelelo di sekae fela tse di felelang ka gore motho a ime, bontsi jwa batho ba ba kileng ba betelelwa ba boifa thata gore gongwe go ka nna ga ba diragalela. Bontsi gape ka mo go utlwalang ba tshwenyegile ka gore gongwe ba ka nna ba bo ba tsenwe ke malwetse a tlhakanelodikobo. Mo e ka nnang sephatlo sa bone se ikutlwa se kgoberegile maikutlo, se latlhegetswe ke tshepho, le go ikutlwa ba sena mosola ope, mo go ka nnang ga tsaya dibeke tse dintsi go ya kwa dikgweding tse dintsi. Ba ka nna gape ba tshwenngwa ke go tlhobaela, go nna le poifo, le go nna ka go garoga pelo.
Le mororo gone basadi ba ka nna ba se ka ba kgona go thibela petelelo, kgabagare ba ka kgona go laola megopolo ya bone, maikutlo, le ka fa ba itsayang ka teng mabapi le tlhaselo eo. Ba ka ithuta go emisetsa megopolo e e sa tlhamalalang ka e e tlhamaletseng ya ka fa ba itebang ka teng.
Mo bukeng ya gagwe e go tweng Recovering From Rape, Linda Ledray o ile a re, “Go na le go ipolela kafa o leng bokoa ka teng, o senang mosola, kana o senang thuso ka teng, ithute go ipolelela gore o dira sentle le gore ke bokgakala jo bokae jo o saleng o bo tsamaile fa esale tlhakatlhakano e e ileng ya sala tlhaselo morago. Letsatsi lengwe le lengwe le o ikutlwang o sa iteelwa ke maikutlo a a sa tlhamalalang ka lone, ipolelele jaana, ‘Ke ntse ke ithuta go boelwa ke taolo ya me.’”
Letshogo le lone go lebaganwa le lone ka go ithuta go tlhaola se tota se le bakang. Fa motho yo o kileng a betelelwa a lemoga se tota se tsosang letshogo, o ka nna a ipotsa jaana, A mme tota go na le sengwe se ke se tshogang? Ka sekai, fa a bona mongwe yo o tshwanang le motho yo o neng a mmetelela, o ka ikgakolola gore ga se ene mmeteledi mme ebile ga a kitla a mo gobatsa.
Mokgwa mongwe o o buelelwang wa go dirisana le letshogo ke wa go itlwaetsa maemo a a go tshosang. Mosadi o dira lenaneo la ditiro kana maemo a a mo tshosang, a a tlhomaganya go simolola ka a a sa mo tshoseng thata go ya go tsena mo go a a mo tshosang thata. A bo a ipaya jaaka ekete o mo maemong a a sa mo tshoseng thata go fitlhelela a sa mo tshose gotlhelele. A bo a tsamaya le lenaneo go fitlhelela a sa tshwenyege fa a akanya ka maemo ao otlhe fela.
Ka thuso ya tsala, o ka kgona go tokafala go fitlhelela a dira ditiro tsa ka tlwaelo tsa botshelo, jaaka go tswa mo tlung bosigo kana go nna a le nosi. Kgabagare o ka kgona go laola letshogo la gagwe gore le se ka la tlhola le ama ditiro tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi. Lefa go le jalo, go boifa dilo dingwe—jaaka go tsamaya mo dikgokgotšhwaneng tse di lefifi go le bosigo—go tshwanetse, mme ga go tlhokafale go leka go tila letshogo mo maemong a a ntseng jalo.
Reba Bogale
Batho ba ba kileng ba betelelwa gape ba na le go tenega, mme kwa tshimologong ba tenegela banna ka kakaretso, mme e re fa nako e ntse e ya, ba bo jaanong ba tenegela motho yo o ba beteletseng fela. Gantsi fa batho ba tenegile ga ba ke ba tlhaola gore yo ke mang yo ke mang. Ba bangwe ba ka nna ba lebagana le seemo ka go hupetsa maikutlo a bone. Lefa go le jalo, go tenega go ka bewa mo taolong, mme tsela eo motho a dirisanang le go tenega ga gagwe ka yone go ka mo thusa gore a fole. Dikwalo tsa re: “Lo [tenege] nnè bogale, me lo se ka loa leoha.”—Baefesia 4:26.
Kwa tshimologong, ba ba kileng ba betelelwa ga ba tshwanela go tshaba go tenega. Ba ka nna ba bolelela ba bangwe ka gone. Go mo sekisa kana go mo bega go ka thusa go timola bogale. Gape ba ka nna ba timola bogale ka go dira ditiro tsa go itshedila mmele, jaaka thenese, racquetball, handball, go iphuthulola maoto, go taboga, go palama baesekele, kana go thuma, mo gape go thusang go lwantsha go kgoberega maikutlo.
O ka kgona go nna le taolo mo botshelong jwa gago gape.
Ke Eng Se Se Tla Emisang Petelelo?
Go emisa petelelo go kaya mo gontsi go na le gore basadi ba iphitlhele babeteledi kana ba ba iteele. Mokwadi ebong Timothy Beneke o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng Men on Rape, “Banna ke bone ba betelelang mme ke banna ka kakaretso ba ba nang le thata ya go emisa petelelo.”
Petelelo ga e kitla e fela go fitlhelela banna ba lesa go tsaya basadi fela jaaka dilo tsa go ikgotsofatsa mo go tsa tlhakanelodikobo mme ba ithuta gore dikamano tse di atlegileng ga di a ikaega ka go gobelela ka dikgoka. Mo bathong ka bongwe ka bongwe, banna ba ba godileng sentle ba ka bua le go tlhotlheletsa banna ba bangwe. Banna le basadi ba ka ganana le dinyao tse di nyatsang basadi, go lebelela dibaesekopo tse di nang le go kgetholola go lebilwe bong, kana go ema nokeng babapatsi ba ba dirisang tlhakanelodikobo go rekisa dilo tse ba di dirileng. Bibela e gakolola jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphetlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanèlañ: me bogolo go ntshiwè malebogō.”—Baefesia 5:3, 4.
Batsadi ba ka ruta go tlotla basadi ka go tlhoma sekao. Ba ka ruta barwa ba bone go tsaya basadi jaaka Jehofa Modimo a dira. Modimo ga o tlhaole. (Ditihō 10:34) Batsadi ba ka ruta barwa ba bone go tsalana le basadi le go wela dibete fa ba na le bone, fela jaaka Jesu a ile a dira. Ba ka ruta barwa ba bone gore tlhakanelodikobo ke selo sa go bontsha lorato se motho a se beelang molekane wa gagwe wa lenyalo fela. Batsadi ba ka papamatsa gore tirisodikgoka ga e kake ya letlelelwa, kana lefa e le gone go tseela kwa godimo go gobelela tota. (Pesalema 11:5) Ba ka kgothaletsa bana ba bone go tlotla ka dikgang tsa tlhakanelodikobo le bone ka tshosologo le go ganana le kgatelelo mabapi le go tlhakanela dikobo.
Ke Bothata Jo Bo Tla Tlogang Bo Fela
Lefa go le jalo, petelelo ga e kitla e fela kwa ntle ga diphetogo tse dikgolo mo bathong ba lefatshe. Mmatlisisi ebong Linda Ledray o ne a re, “Petelelo ga se bothata jwa motho a le mongwe fela [mme] gape ke bothata jwa loago, le bothata jwa setšhaba.”
Bibela e solofetsa morafe wa lefatshe lotlhe o go tla bong go sena thubakanyo mo go one, koo motho a se kitlang a tlhola ‘a gatelela yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9; Isaia 60:18) Nako e tla tla e Jehofa Modimo mo bogautshwaneng a se kitlang a letlelela go sa diriseng thata sentle ka mokgwa ope ka yone, go akaretsa le petelelo.—Pesalema 37:9, 20.
Mo morafeng oo wa lefatshe le lesha, batho botlhe ba tla rutwa go nna kagisano le go ratana go sa kgathalesege bong, letso, kana morafe. (Isaia 54:13) Mme ka nako eo, batho ba ba pelonolo ba tla tshela ba sa tshabe ditsala kana batho ba ba sa ba itseng mme ba tla “inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—Pesalema 37:11.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]
Fa O Beteletswe
□ Senka thuso mo ngakeng.
□ Fa o eletsa, kopa gore mogakolodi wa batho ba ba beteletsweng a bo a ntse a na le wena fa o batla tsa bongaka le go dira dithulaganyo tsa semolao fa a le teng.
□ Bitsa mapodisi ka bofefo jo o ka bo kgonang. Bagakolodi ba gakolola gore go begwe gore o bone tshireletso e e oketsegileng le gore basadi ba bangwe le bone ba sireletsege. Go ya go bega ga go tshwane le go sekisa, mme fa o tlhopha go sekisa kwa morago, kgang ya gago e ka tlhofofadiwa ke go bega morago ga nako.
□ Boloka bosupi. O seka wa tlhapa, wa apara diaparo di sele, wa tlhapa kana wa ikama moriri, kana wa phimola mekwalo ya menwana ya maoto le ya mabogo.
□ Badiredi ba tsa botsogo ba tla tsaya bosupi mme ba bo ba tlhatlhoba go tlhola malwetse a tlhakanelodikobo le boimana. Fa ba go fa dipilisi tse di thibelang pelegi, tse ka tlwaelo di bidiwang morning-after pill, Bakeresete ba tshwanetse go itse gore diokobatsi tseo di ka baka go senngwa ga lee le le setseng le kopane le peo ya monna.
□ Dira seo o tshwanetseng go se dira gore o ikutlwe o babalesegile—tsenya diloko di sele, nna le tsala, pakela lebati la gago—go sa kgathelesege gore a seo se lebega o kare o feteletsa dilo kana nnyaa.
□ Mo godimo ga tsone tsotlhe, bona kgomotso go tswa mo Dikwalong, o rapele Jehofa, le gone go bitsa leina la gagwe ka lentswe le le kwa godimo tota, ka nako ya fa o tlhaselwa le morago. Ikaege ka bagolwane le ditsala tsa gago mo phuthegong gore ba go tshegetse. Ya dipokanong fa e le gore go a kgonega, mme o batle go nna le Bakeresete ka wena mo tirelong.