Karolo 1
Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
“ME LO tla itse boamarure, me boammarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Mafoko ano a botlhale a a nopotsweng gantsi a ne a buiwa ke monna yo dimilione di le dintsi di mo tsayang e le monna yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a tshela.a Le mororo sebui se ne se bua ka boammaaruri jwa bodumedi, ka ditsela tse dingwe boammaaruri mo ditirong tse di farologaneng bo ka golola batho.
Ka sekai, boammaaruri jwa saense bo golotse batho mo dikgopolong tse dintsi tse di seng boammaaruri, jaaka tsa gore lefatshe le le papadia, lefatshe ke lone bogare jwa lobopo, gore mogote ke seedi se se bidiwang caloric, gore phefo e e kgotletsweng e baka kgogodi ya bolwetsi, le gore atomo ke yone karolo e nnyennye mo dilong tse di teng. Go dirisiwa ga boammaaruri jwa saense mo madirelong, gape le mo ditirong tsa ditlhaeletsano le tsa mosepele, go ile ga golola batho mo dikgoreletsing tse di sa tlhokafaleng, mme go ya bokgakaleng jo bo rileng, le mo go tlhaelelweng ke nako le mo go kgorelediweng ke dikgala tsa mosepele. Boammaaruri jwa saense jo bo dirisitsweng mo melemong e e thibelang malwetsi le mo go tsa tlhokomelo ya botsogo bo thusitse batho gore ba seka ba swa mme gongwe ba ka bo ba sa swa ka nako eo kana go nna motho a kokobetse fela a boifa gore gongwe o ka nna a lwala.
Saense ke Eng?
Go ya ka The World Book Encyclopedia, “saense e akaretsa kitso e motho a nang nayo mo dilong tse di amanang le mabaka a a tshwaragantsweng ke melaometheo (melao).” Ka mo go utlwalang go na le mefuta e e farologaneng ya saense. Buka e go tweng The Scientist e bolela jaana: “Ka puo ya molomo, mo e ka nnang kitso nngwe le nngwe e ka nna ya dirwa saense, ka gore fa go tlhalosiwa, karolo nngwe ya kitso e nna saense fa e sekasekwa go dirisiwa mokgwa wa saense.”
Seno se dira gore go nne thata go farologanya, ka papamalo, fa saense e nngwe e simologang teng le fa e nngwe e felelang teng. Tota ebile, go ya ka The World Book Encyclopedia, “mo mabakeng a mangwe, disaense di ka kgona go kopana mo eleng gore go ile ga bo ga nna le dithuto tse di kopantseng tse di ileng tsa dirwa go kopanya dikarolo tsa disaense di le pedi kana go feta.” Lefa go le jalo, bontsi jwa dibuka tsa patlisiso di bua ka dikarolo tse dikgolo di le nnè: saense ya dipopo, saense ya ditshedi, saense ya loago, le saense ya mathematics le ya lojiki.
A mathematics ke saense? Ee, ka gore kwa ntle ga mokgwa o o sobokanyang wa go lekanya, mokgwa mongwe wa go tlhalosa bogolo, bobotlana, bontsi, bonnye, bokgakala, bogaufi, mogote, le botsididi, dipatlisiso tse di nang le mosola tsa saense di ka bo di sa kgonege. Ka lebaka leo, mathematics e ile ya bidiwa “Kgosigadi le Motlhanka wa Disaense.”
Fa e le ka saense ya dipopo, yone e akaretsa khemisitiri, fisikisi, le thutodinaledi. Disaense tsa konokono tse di dirang ya thutotshelo ke thutodimela le thutodiphologolo, fa disaense tsa loago tsone di akaretsa thutomotho, thutoloago, thutoitsholelo, thutopolotiki, thutotlhaloganyo. (Bona lebokose mo tsebeng ya 8.)
Go tshwanetse ga dirwa pharologanyo magareng ga saense e e tshenene le saense e e dirisiwang. Saense e e tshenene yone e dirisana fela le ditlhaloso le melaometheo ya saense ka boyone fela; fa saense e e dirisiwang yone e dirisana le tiriso ya ditlhaloso le melaometheo eo. Malatsing ano saense e e dirisiwang gape e bidiwa boranyane.
Go Ithuta ka go Lekeletsa
Bodumedi le saense ke dikai tsa keletso ya motho ya go batla go itse boammaaruri. Mme legale go na le pharologanyo ya kafa go batliwang boammaaruri jwa bodumedi ka teng le kafa go batliwang jwa saense ka teng. Motho yo o batlang boammaaruri jwa bodumedi o ka nna a leba mo Bibeleng e e Boitshepo, Koran, Talmud, Vedas, kana Tripitaka, go tswa fela mo goreng a ke Mokeresete, Momoseleme, Mojuta, Mohindu kana Mobuda. Moo o tla bona se go ya ka bodumedi jwa gagwe se tsewang jaaka tshenolo ya boammaaruri jwa bodumedi, gongwe go twe bo tswa mo motsweding wa bomodimo mme ka jalo bo tsewa gore se bo se buang ke sone ke sone.
Lefa go le jalo, motho yo o batlang boammaaruri jwa saense ga a na motswedi oo wa makgaolakgang o a ka o dirisang—ga go na buka lefa e le motho wa seemo seo. Boammaaruri jwa saense ga bo senolelwe; bo a upololwa. Seno se dira gore go lekeletsa e nne selo sa botlhokwa, mo fa gongwe go dirang gore motho yo o batlang boammaaruri jwa saense a iphitlhele a setse lefela morago. Mme lefa go le jalo, ka go latela dikgato tse nnè ka tatelano ya tsone, o dira patlo e e nang le mosola. (Bona lebokose “Go Bona Boammaaruri ka Tsela ya Saense.”) Lefa go le jalo, e a re fa go ketekwa diphenyo tsa saense go bo gape go tshwaiwa go latlhiwa ga dikgopolo tse di kileng tsa bo di tsewa gore di boammaaruri go sutela tse disha tse go tsewang gore di lebega di bua boammaaruri botoka.
Go sa kgathalesege mokgwa ono wa modimonthusa, borasaense ba ile ba kokoanya kitso e ntsi thata ya saense mo makgolokgolong a dingwaga. Le mororo gantsi ba dira diphoso, ba ile ba kgona go baakanya ditshwetso tse di phoso pele ga go nna le tshenyo e e masisi. Tota ebile, fa fela kitso e e phoso e santse e dirisiwa fela mo saenseng e e tshenene, matshosetsi a go dira tshenyo e e masisi ga a kalo. Mme fa go dirwa maiteko a go dirisa saense e e tshenene e e nang le diphoso mo saenseng e e dirisiwang, diphelelo e ka nna tse di maswe fela thata.
Tsaya ka sekai, kitso ya saense e e dirileng gore go kgonege go dira melemo e e bolayang ditsiane. Tseno di ne di tseelwa kwa godimo go fitlhelela patlisiso ya saense e lemotsha gore dingwe tsa tsone di tlogela maritse a a kotsi mo botsogong jwa motho. Mo bathong bangwe ba ba nnang gaufi le lewatle la Aral, le le kwa Uzbekistan le Kazakhstan, go lemogilwe kamano magareng a tiriso e e kwa godimo ya melemo e e bolayang ditsiane le palo ya batho ba ba nang le kankere ya mometso e e fetang palogare ya setšhaba sotlhe ka makgetlho a supa.
Ka ntlha ya tiriso ya tsone e e motlhofo, dishanyi tsa aerosol di ne tsa ratega fela thata—go fitlhelela dipatlisiso tsa saense di bontsha gore di na le seabe mo go senngweng ga lebebe le le sireletsang lefatshe la ozone, ka tsela e e bofefo thata go na le jaaka go ne go akanngwa pele. Ka jalo, go batla boammaaruri jwa saense ke selo se se tswelelang pele. Mo e leng “boammaaruri” jwa saense gompieno e ka nna ya re ka moso ga bo go lejwa e le megopolo e e phoso, gongwe ebile e e diphatsa, ya maabane.
Lebaka la go bo Saense e Tshwanetse go Re Kgatlha
Saense le boranyane di na le seabe se segolo thata mo go agiweng ga lefatshe la rona la gompieno. Mookamedi wa pele wa U.S. National Academy of Sciences ebong Frederick Seitz, o ile a re: “Saense, e e ileng ya simolola ka ntlha ya go selasela ga mogopolo, jaanong e fetoga nngwe ya dipilara tsa mokgwa wa rona wa botshelo.” Ka lebaka leo, mo malatsing ano patlisiso ya saense e setse e tsamaelana le kgatelopele. Mongwe yo o nnang le dipelaelo mo dikgatelongpele tsa bosheng tsa saense o itsenya mo kotsing ya go tloga a lejwa jaaka “yo o sa rateng kgatelopele.” Ka jaana, se bangwe ba se bitsang kgatelopele ya saense mo go bone ke sone se se kgaoganyang ba ba tlhabologileng le ba ba sa tlhabologang.
Ga go gakgamatse he, go bo mmoki mongwe wa lekgolo la bo20 la dingwaga wa Moborithane ebong W. H. Auden a ile a bua jaana: “Batho ba ba tshwereng marapo mo motlheng wa rona go fetola lefatshe, ga se mapolotiki le baeteledipele, mme go na le moo ke borasaense.”
Ga se batho ba le bantsi ba ba ka ganetsang gore lefatshe le tlhoka go fetolwa. A mme saense e ka kgona go dira tiro eo? A e ka kgona go upolola boammaaruri jo bo tlhokegang go lepalepana le dikgwetlho tse e leng tsa mofuta wa tsone fela tsa lekgolo la bo21 la dingwaga? Le gore a boammaaruri jone bo ka ithutiwa ka bofefo jo bo tlhokafalang go ka golola batho mo letshogong la matlhotlhapelo a lefatshe lotlhe a a ka nnang a le wela?
Motho yo o gapileng sekgele sa Nobel gabedi ebong Linus Pauling o ile a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang mo lefatsheng o tshwanetse go nna le kitsonyana ka tlholego le kafa saense e e amang ka teng.” Ke ka maikaelelo a go fa babadi nngwe ya kitso eno e e botlhokwa go bo re simolola motseletsele ono “Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tswelelang Pele.” O tlhomamise gore o bala Karolo 2, mo tokololong ya rona e e latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Keresete Jesu. Bona buka e go tweng Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e gatisitsweng ka 1991 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
GO BONA BOAMMAARURI KA TSELA YA SAENSE
1. Ela tlhoko se se diragalang.
2. Dirisa se o se lemogileng go bopa mogopolo wa se se ka tswang se le boammaaruri.
3. Tlhotlhomisa mogopolo oo ka go ela tlhoko gape le ka ditekeletso.
4. Lebelela go bona gore a se se solofetsweng go ya ka mogopolo se a diragala.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
DISAENSE DI A TLHALOSIWA
THUTOMOTHO ke thuto ya go ithuta motho go lebilwe mabaka a popego, loago, le ditso.
THUTODINALEDI ke go ithuta ka dinaledi, dipolanete, le dilo tse dingwe tsa tlholego tse di kwa lefaufaung.
THUTOTSHELO ke thuto ya kafa ditshedi di dirang ka teng le go baya dimela le diphologolo ka ditlhopha.
THUTODIMELA, ke nngwe ya dikarolo tse dikgolo tsa thutotshelo, mme ke thuto ya dimela.
KHEMISITIRI ke go ithuta kafa dinonofo le kaga di dirilweng ka teng le kafa di dirisanang ka teng le tse dingwe.
MATHEMATICS ke go ithuta ka dipalo, selekanyo, popego, le kamano.
FISIKISI ke go ithuta ka maatla le dinonofo tse di etsang lesedi, modumo, kgatelelo, le kgogedi.
THUTOTLHALOGANYO ke thuto ya go ithuta tlhaloganyo ya motho le mabaka a go bo motho a itshwara ka tsela nngwe e e rileng.
THUTODIPHOLOGOLO, e eleng karolo ya bobedi e kgolo ya thutotshelo, ke thuto ya go ithuta ka botshelo jwa diphologolo.