LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 5/8 ts. 3-4
  • Babogisiwa le Baswelatumelo—Ba Farologana Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Babogisiwa le Baswelatumelo—Ba Farologana Jang?
  • Tsogang!—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Dikereke Di ne Di Didimetse
    Tsogang!—1995
  • Baboloka Bothokgami ba ba Pelokgale ba Fenya Pogiso ya Banasi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ntwa e Bolaya Basha ba Bantsi
    Tsogang!—1997
  • Baswelatumelo ba Metlha ya Segompieno ba Neela Bosupi Kwa Sweden
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 5/8 ts. 3-4

Babogisiwa le Baswelatumelo—Ba Farologana Jang?

MO HISITORING tsela e e setlhogo e motho a ileng a tshwara monna, mosadi, le ngwana ka yone e bakile pogo e e sa feleng le go utlwisa batho ba le bantsi botlhoko. E ka tswa e le ka ntlha ya mabaka a sepolotiki, a bosetšhaba, lotso, kana bodumedi, madi a a senang molato a ile a tshololwa. Kilo e ne ya busa mo boemong jwa lorato le neelano kgang. Go tshwarana ka la molema go hupetsa go itshokelana. Mme dipolaano di tsweletse.

Mo makgolong a dingwaga a a fetileng, dintwa di ne di lowa ke masole, mme batho ba eseng masole ba ne ba sa tsene thata. Mo lekgolong la rona la bo20, ka ntlha ya go nna teng ga dibomo tse di latlhiwang ka difofane, le ditlhobolo tse di hulelang kgakala, dintsho tsa batho ba eseng masole di ile tsa nna kwa godimo mo eleng gore tshekatsheko nngwe e bile e bolela jaana: “Gompieno batho ba ba bolawang ke ntwa thata ke ba eseng masole. Mo lekgolong leno batho ba eseng masole ba ba se nang dibetsa ba bolailwe ke dintwa go gaisa masole a a ithutetseng ntwa.” Batho ba ba se nang molato e ntse e le mojo wa dibetsa tsa dintwa tse di simolotsweng ke baeteledipele ba sepolotiki. Mo lekgolong la rona fela, palo ya batho ba ba bolailweng mo ntweng e e ile ya gola fela thata, ka batho ba ba fetang dimilione tse di lekgolo ba bolailwe le ba le dimilione tse di makgolo ba boga ka ntlha ya go golafala le go latlhegelwa ke baratiwa ba bone.

Mo godimo ga batho ba ba suleng ba ba neng ba sena se ba ka se itirang mo dintweng tsa motlha ono, go na le ba bangwe gape bao ba ileng ba nna baswelatumelo.a Pharologanyo ke eng? Dimilione—Bajuda, Ba-Slav, Ba-Gypsy, basodoma, le ba bangwe—ba ile ba bogisiwa ke Jeremane wa Bonasi ka ntlha ya gone moo fela. Go ne go se na se ba ka se itirang, go se na kwa ba ka tshabelang teng. Mo tsamaisong eo e e bosula, ba ne ba ka se ka ba falola loso. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bangwe ba ne ba ka nna ba se ka ba swa. Ba ne ba na le kgoro ya botso, mme le fa go ntse jalo, ka ntlha ya tumelo ya bone, ba ne ba ikemisetsa go swa.

Sekai se se itsegeng thata ke sa moruti wa Katoliki ebong Maximilian Kolbe, yo o ileng a thusa batshabi ba Bajuda ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Ka 1941 o ne a “isiwa kwa [kampeng ya pogisetso ya Bonasi e e kwa] Auschwitz, koo a ileng a re bogolo go swe ene go na le legolegwa ka ene ebong Franciszek Gajowniczek yo o neng a atlholetswe loso. O ne a bolaisiwa tlala pele, mme kgabagare a bo a kentiwa ka phenol a bo a tshubiwa.” (Encyclopædia Britannica) O ne a tswa mointshasetlhabelo wa moswelatumelo—o ne a farologane le mokgwa o o neng o tlwaelesegile wa go itshwara wa ditumelo tsa Porotesetanta le Katoliki.

Ka nako ya Manasi kwa Jeremane (1933-45), Basupi ba ga Jehofa ba ne ba boga botlhoko ka ntlha ya go batla go boloka boitlhaodi le go gana go thusa Hitler mo ntweng. Diketekete tsa bone ba ne ba romelwa kwa dikampeng tse di setlhogo tsa pogisetso, koo bontsi jwa bone ba ileng ba bolawa teng mme ba bangwe ba swa ka ntlha ya go sa tshwarwe sentle. Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba ka nna ba falola loso. Ba ne ba ka itlhophela botshelo. Ba ne ba bulelwa kgoro ya botso. Fa fela ba ne ba ka saena pampiri ba itatola tumelo ya bone, ba ne ba ka gololwa. Bontsi bo ne jwa gana go saena mme ka jalo ba se ka ba bogisiwa fela ke Manasi mme gape ba nna baswelatumelo. Ka jalo, e re le mororo botlhe baswelatumelo ba bogisiwa, ga se botllhe ba ba ileng ba boga ka go bo ba itlhophetse go swela tumelo. Ba ile ba bona phenyo le mororo ba lebanwe ke loso.

Bosupi jo bo sa mpampetseng jo bo tswang mo bathong ba e seng Basupi bo tlhomamisa ntlha eno. “Ka 1939 Moruti Bruppacher wa Switzerland o ne a re ‘Le mororo banna ba ba ipitsang Bakeresete ba paletswe ke go emela diteko tseno tse dikgolo, basupi bano ba ba sa itsiweng ba ga Jehofa, jaaka baswelatumelo ba Bakeresete, ba ganetsana ba sa sute kgatlhanong le go gatelelwa digakolodi le kobamelo ya medimo ya disetwa ya seheitane . . . Ba a boga le go bolawa fela ka ntlha ya gore, jaaka basupi ba ga Jehofa le batho ba ba solofetseng Bogosi jwa ga Keresete, ba gana go obamela Hitler le Swastika.’”

Le fa go ntse jalo, ga se kwa Jeremane wa Bonasi fela koo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba boloka bothokgami le ba lebanwe ke loso. Ba ile ba nna pelokgale kgatlhanong le Bokomanisi, Bofasi, le mefuta e mengwe ya bokgokgontshi ya sepolotiki, le kganetso ya sedumedi. Tota le mo mafatsheng a go ka bong go ithewa go twe ke a puso ya batho ka batho a Bophirima, Basupi ba ile ba lebana le thubakanyo. Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa ka botlalo ditiragalo tse di diragaletseng Basupi ba ba ileng ba bona phenyo le mororo ba lebane le loso.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Motho yo o bogang go se na se a ka se itirang ke “motho yo o gobalang kana a bolawa ke yo mongwe . . . Motho yo o gobadiwang kana a bogisiwang ke sengwe, maemo mangwe, kana mabaka mangwe.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, moswelatumelo ke “motho yo o itlhophelang go swa go na le go itatola melaometheo ya gagwe ya bodumedi. . . . Motho yo o ntshang dilo tse dintsi setlhabelo kana yo o bogang thata gore a ngaparele se a se dumelang, maikaelelo kana melaometheo.”—The American Heritage Dictionary of the English Language, Poeletso ya Boraro.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, dikgotlatshekelo tsa Jeremane Botlhaba di ne tsa atlhola Basupi ba ga Jehofa di dirisa maaka a gore ke ditlhodi tsa Amerika

[Motswedi wa Setshwantsho]

Neue Berliner Illustrierte

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela