Kgopolo E E mo Bibeleng
A Bakeresete Ba Patelesega—Go Ntsha Dimpho tsa Bopelonomi?
NAKO e e ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome e e fetileng, PTL (Praise the Lord) Club, e e nang le diofisidikgolo kwa borwabotlhaba jwa United States, e ne ya kopa dimpho e re ke mokgatlho wa bopelonomi wa bodumedi. Ka go dirisa kgaso ya thelebishene e e dirisang satelaete le go dirisa poso, ba ne ba kokoanya diranta di le dimilione tse di makgolokgolo, tse di neng tsa tshelesegela mo difalaneng tsa bone—ka puo ya molomo maikaelelo e ne e le go gasa mafoko a a molemo.
Akanya fela gore diketekete tsa batho ba ba ileng ba romela madi a bone kwa PTL Club ba ile ba ikutlwa jang fa ba bala dipego tsa dikgang jaaka ya Associated Press e e neng e bolela gore Jim Bakker, yo e neng e le moeteledipele wa pele wa PTL, le mosadi wa gagwe, Tammy, “go ne go begwa gore ba ne ba amogela madi le merokotso ya [dimilione tsa diranta di le 4,7] ka 1986.” Se se maswe le go feta, pego e ne ya tlatsa ka gore: “Dituelo tseo di ne tsa dirwa le mororo mokgatlho o ne o na le sekoloto se se seng ka fa tlase ga [diranta di le dimilione di le 145] . . . Go ne go beetswe kwa thoko madi a a kana ka [R780 000] a PTL a beetswe [Jessica] Hahn e le pipamolomo mabapi le go [tlhakanela dikobo] ga gagwe le Bakker.”
Pele ga a atlholela Bakker kgolegelo ka ntlha ya go utswela balatedi ba gagwe, moatlhodi mo tshekong eo o ne a re: “Rona ba re nang le bodumedi re kgopisiwa thata ke go mokonwa ke bareri le baruti ba ba ulaulang madi.”
Ga se bodumedi bo le nosi jo bo gogomosang batho maikutlo gore ba ntshe madi go tsweng foo ba bo ba itseela bontsi jwa one. Ke selo se se tlwaelesegileng gore batho ba ba kgobokanyetsang sengwe madi ba ipeele 90 lekgolong ya madi a ba a kopang.
A mme ke mo go ka gakgamatsang go bo batho ba fedisiwa pelo ke mekgatlho eo ya dimpho? Lefa go le jalo, Bakeresete ba tshwanetse go dirang? A ba patelesega go abela mekgatlho e e dirilweng ya dimpho dimpho? Bibela e neela dife dikgakololo tsa go dirisa madi sentle go thusa ba bangwe? Ke tsela efe e e siameng le e e nang le mosola go gaisa ya go thusa ba bangwe?
Go Aba—Ee le Nnyaa
Go papametse gore Bibela e gakolola gore motho a nne pelonolo le pelonomi mo go ba ba tlhokang. Go tswa bogologolong batho ba Modimo ba ntse ba kgothalediwa gore “ba iketleeletsè go aba, ba itumèlèlè go abalana.” (1 Timotheo 6:18; Duteronome 15:7, 10, 11) Tota ebile Bakeresete ba bolelelwa jaana mo go 1 Yohane 3:17: “Me leha e le mañ eo o nañ le dilō tsa lehatshe, me a bōna mogagabō a tlhōka, me a ikitsa go mo tlhomogèla pelo, ana loratō loa Modimo lo ka nna yañ mo go èna?”
Go aba, gone go dire; mme fela nna kelotlhoko! Re aga re thulana le dikopo tse di sa feleng tsa mekgatlho ya dimpho, bodumedi, le dikopo tsa ngwaga le ngwaga tsa tirelo ya bagaeno; ba bangwe ba dira dikopo tseo ka mashetla fela thata. Lefa go ntse jalo, fa o di sekaseka o tla bo o dira ka botlhale go gakologelwa seane sa Bibela se se reng: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna.” (Diane 14:15) Ka mafoko a mangwe, ke gore o nne kelotlhoko gore o se ka wa amogela maiphako le ditsholofetso tsa mekgatlho ya dimpho o sa a sekaseka ka botlalo. Madi a a kokoanngwang totatota a dirisiwa jang? A makgotla a a yang go solegelwa molemo ke madi ao ke a Mokeresete a ka a thusang? A ditiro tsa one ke tsa sepolotiki, bosetšhaba, kana gore a na le ditirisano le bodumedi jwa maaka? A maikaelelo a one ke a a ka kgonegang a bile a sa thulane le melaometheo ya Dikwalo?
Mekgatlho e mengwe e kgona go direla batho ba ba tlhokang melemo e mentsi thata. Mo makgetlhong a le mantsi Bakeresete le bone ba ile ba solegelwa molemo thata ke mekgatlho ya dimpho, ka dinako tsa dikudumedi tsa tlholego kana masetlapelo a a leriweng ke bolwetsi. Mme le fa go ntse jalo, mekgatlho e mengwe ya dimpho e na le ditshenyegelo tse dintsi thata tsa go e tsamaisa kana tsa go batla madi, mme seo se bo se felela ka gore go dirisiwe madinyana a e seng a sepe fela go dira se se builweng ka madi a a kgobokantsweng. Ka sekai, mo patlisisong e e dirilweng bosheng mo mekgatlhong e le 117 mo United States e e sa direng dipoelo e metona, go akaretsa le mekgatlho ya dimpho, go ile ga fitlhelwa gore e e fetang nngwenneng ya yone e ne e duela baeteledipele ba maemo a a kwa godimo ba yone madi a a kana ka R590 000 kana go feta. Tlhatlhobo ya dibuka fa gongwe e bontsha madi a a dirisitsweng mo dilong tse eseng tsa botlhokwa le go duelela matshelo a manobonobo. Go sa kgathalesege gore mokgatlho wa dimpho o bidiwa mang, ga go bonale fa go abela maikaelelo a one dimpho go ka diragatsa taelo ya Bibela ya go thusa ba ba tlhokang.
Go Leba Dilo Sentle
Le fa gone go se na ope yo o batlang go senya madi a gagwe—kana se se maswe le go feta, go a bona a tlatsa dipata tsa banna ba ba batlang go ikhumisa—go tlhokega gape gore motho a se ka a ila go aba. O se ka wa dirisa go palelwa ke go dira tiro sentle kana go sa ikanyege ga “mekgatlho [mengwe] ya dimpho” jaaka seipato sa go nyatsa batlhoki kana go hupetsa maikutlo a go tlhomogela ba bangwe pelo. Diane 3:27, 28 e gakolola jaana: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha. U se ka ua raea oa ga eno, ua re, Tsamaea, me u bo u tlè gapè, me ka moshō ke tla gu naea; le morōrō selō u na nashō.” (Bapisa 1 Yohane 3:18.) O se ka wa tsaya gore mekgatlho yotlhe ya dimpho e tletse tshenyo kana gore go a utswiwa mo go yone. Sekaseka mabaka, mme go tsweng foo o bo o dira tshwetso ka bowena gore a o a aba kana nnyaa.
Bontsi bo batla go thusa ka namana, ka go isa dimpho kwa bathong le malapa a a tlhokang. Ka go dira jalo, baabi ba kgona go bona ka matlho, kafa dimpho tsa bone di dirisiwang ka teng gone fela foo. Seno gape se fa sebaka sa go agana le go bontsha bopelonomi ka mafoko le ka ditiro. Le fa e le gore ga o na mo gontsi mo o ka go abang, o santse o ka itumelela go aba. Mo nakong e e tlang fa o utlwa gore go tlhokega thuso ka boammaaruri, aba go dumelana le 2 Bakorintha 8:12: “Gonne ha go rata go le gōna, goa bo go lebosèga kaga se motho o nañ nashō, e señ kaga se o senañ nashō.”
Gakologelwa gape gore, ka dinako tse dingwe selo se se ka nnang le mosola thata e ka nna se sele e seng madi. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re ‘yang, lo rere, lo re, Bogosi jwa Modimo bo atametse. . . . Lo amogetse fela, nayang fela.’ (Mathaio 10:7, 8) Ka tsela e e tshwanang gompieno, Bakeresete ba lemoga gore nako, maatla, le madi a a dirisiwang go ema nokeng go neela bosupi ka Bogosi—mo go tokafatsang matshelo le go neela tsholofelo—ke go fa mpho ya bopelonomi ka tsela e e molemo go di gaisa.
Ka jalo, se Bibela e se buang ke gore, o nne pelonomi, o se ka wa ngamela, gape o dire dilo tse go bonalang di ka kgonega. E re gakolola gore ka dinako tse dingwe dilo tse di bonalang fa gongwe di a tlhokafala, mme fa seemo e le seo ga se a tshwanela go itlhokomolosiwa. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe o se ka wa ikutlwa o patelesega go neela mongwe le mongwe yo o go kopang madi. Akanyetsa ditsela tse di molemo tsa go dirisa madi a o nang nao gore o itumedise Modimo le gore o a dirise ka tsela e e nang le mosola thata go thusa lelapa la gago le mongwe ka wena. (1 Timotheo 5:8; Yakobe 2:15, 16) Etsa Jesu ka go ela tlhoko le go tsibogela go tlhoka ga ba bangwe—semoyeng le senameng. Bahebera 13:16 ya re: “Me go diha molemō le go thusanya, lo se ka loa go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalo.”