LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 5/8 ts. 21-23
  • Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “E Santse E le Lekgarebe!”
  • ‘O Tshwanetse go Tshelwa Madi’
  • “Yehofa O Ntlheñ Ea Me”
  • “Ga Re Maselamose”
  • “Tswelela Pele O Direla Modimo wa Gago”
  • Go Lebana le Maemo a Tshoganetso a Kalafi
    Tsogang!—1996
  • Jehofa o Segofaditse go Emela ga Bone Molao wa Gagwe ba Tiile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Go Sireletsa Bana ba Lona mo Tirisong ya Madi E e Sa Tshwanelang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • A o Ipaakanyeditse go ka Lebana le Boemo Jwa Tsa Kalafi jo bo Gwetlhang Tumelo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 5/8 ts. 21-23

Ga Re Maselamose E Bile Ga Re Medimo

JAAKA GO BOLETSE MERCY UWASI, WA KWA NIGERIA

SETLHABI sa me se ntshimolotse mo thapameng e e mogote ya Afrika Bophirima ka March 1992. Ke ne ke ile le lelapa la gaetsho kwa polotong ya rona go ya go roba cassava. Fa re le koo, ke ne ka tlhabiwa ke setlhabi mo mpeng. Fa re boela gae, setlhabi se ne se ntsatsanka. Ke ne ke tlhatsa; ke sa kgone go hema sentle. Le mororo setlhabi se ne se nketefaletsa go ema le go tsamaya, mmè o ne a kgona go ntsenya mo tekesing, e e neng ya ntseela ka bonako kwa bookelong jo bo gaufi.

Go ne ga direga gore ngaka e e neng ya bidiwa e bo e le monna yo ke neng nkile ka mo neela bosupi ka ga se Bibela e se solofetsang. Ngaka e ne ya ntshwara mo mpeng; e ne e rurugile. O ne a botsa gore a ke ntse ke tswa madi, mme mmè o ne a araba ka gore ee, ke ntse ke bona kgwedi.

Ngaka e ne ya re: “Morwadio o na le dikgwedi tse tlhano a le mo mmeleng. Lebaka la go bo a dutla madi jaana ke ka gonne o lekile go senya mpa.”

Mmè o ne a ganana le seo, a re: “Nnyaa, Ngaka! Ngwanake ga a nna jalo.”

“Se bue jalo. Basetsana ba segompieno ba tsietsa batsadi ba bone. O mo mmeleng.”

Morago ga moo ke ne ka bua. Ke ne ka bolela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore ke godisitswe mo lelapeng la Bokeresete e bile segakolodi sa me se se rutilweng ka Bibela se ne se ka se ntumelele go dira boitsholo jo bo sa siamang.

Fa ngaka e araba e ne ya raya mmè ya re: “Mma wee, a re tlogele pele ka tsa bodumedi mme re bue boammaaruri. Ruri mosetsana yo o na le dikgwedi tse tlhano a le mo mmeleng.”

Mmè o ne a nthaya a re: “Ema, re ya bookelong jo bongwe.” Fa re tswa mo kagong eo, ke ne ka nna mo tlhageng ke lela ka gonne setlhabi se ne se nna botlhoko go feta. Mmè o ne a sianela kwa gae ka bonako mme a bolelela rre se ngaka e se buileng.

Ba ne ba swetsa ka go nkisa kwa bookelong jo bogolo jwa segompieno, jo bo nang le sekolo sa kalafi. Fa re le mo tseleng, ke ne ka rapela Jehofa gore a mpoloke gore batho ba se ka ba sotla leina la gagwe le le boitshepo ba re ke bolailwe ke mpa ya dikgora. Ke ne ka re fa nka swa, e ne e tla re fa ngaka ele e bona Basupi ba ga Jehofa ba tla go e rerela, e bo e re: ‘A ga se lona ba mongwe wa lona a neng a tla fa nako nngwe a ithwele?’ Ke ne ka rapelela gape gore ke kgone go boela kwa ngakeng ele go ya go e neela bosupi gape.

“E Santse E le Lekgarebe!”

Kgang e e neng ya tsoga kwa bookelong jwa ntlha e ne ya tsoga gape le mo bookelong jono jo bogolo; dingaka di ne di akanya gore ke mo mmeleng. Setlhabi se ne se le botlhoko thata. Ke ne ke lela. Ngaka nngwe e ne ya nkgarola jaana e re: “Lo dira fela jaana basetsana ke lona. Lo a ithwala, lo bo lo tla go goa fa.”

Ba ne ba ntlhatlhoba. Mme ba ne ba tla ba mpotsa dipotso. “A o nyetswe?”

“Nnyaa,” ke ne ka rialo.

“O ngwaga di kae?”

“Lesomerobedi.”

“O ratana le batho ba le kae?”

“Ga ke ratane le ope.”

Morago ga moo ngaka e kgolo e ne ya simolola go goa e re, “Wa reng? O batla go nthaya o re jaaka o le dingwaga tse 18 jaana, ga o ratane le ope?” Ke ne ka tlhalosa seemo sa me sa Bokeresete gape fela jaaka kwa bookelong jwa ntlha. Morago ga moo o ne a mpotsa gore a ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka re ee. Morago ga moo ga a ka a tlhola a mpotsa dipotso.

Tlhatlhobo e ne ya supa fa ke se mo mmeleng. Mmè o ne a utlwa ngaka nngwe e raya tse dingwe e re: “E santse e le lekgarebe!” Dingaka di ne tsa kopa maitshwarelo jaana, di re: “O se ka wa re tshwaya phoso ka ntlha ya tsela e re ntseng re akanya ka yone. Go diragala jalo letsatsi le letsatsi ka basetsana bangwe.” Lefa go ntse jalo, seno e ne e le tshimologo fela ya teko ya me.

‘O Tshwanetse go Tshelwa Madi’

Tlhatlhobo ya ultrasound e ne ya supa fa ke na le sengwe se segolo se se tlhogileng mo ditšhupung tsa me tsa mae. Se ne se feta namune ka bogolo. Ke ne ke tshwanetse ke go ariwa.

Ke ne ka ba bolelela ke sa okaoke gore ga ke ne ke dumela go tshelwa madi le mororo ke ne ke se kitla ke gana mefuta e mengwe ya diedi. Ba ne ba gatelela gore ke tshwanetse ka tshelwa madi.

Ngaka nngwe ya moithuti e ne ya nkgalema jaana: “O bua fela se mongwe wa lona a kileng a se bua nako nngwe. Mme e ne ya re fa maemo a gagwe a nna maswe, o ne a dumela go tshelwa madi.”

“Nna ga ke ene,” ke ne ka araba jalo, “nna ee, wa me ke ee, le nnyaa ke nnyaa. Ke tla nna fela ke ntse ke thokgame.”

Moragonyana, dingaka tse tharo di ne tsa tla fa bolaong jwa me go tla go mpotsa kaga boemo jwa me ka madi. Ke ne ka ba tlhalosetsa gore Bibela e bolela gore Bakeresete ba tshwanetse gore ba “ithibè . . . mo madiñ.”—Ditihō 15:20.

Ba ne ba nthapela jaana: “Mme gone ga o ye go a tshelwa ka molomo. A tla tshelwa ka tshika.”

Ke ne ka tlhalosa gore ga go re sepe gore a motho o a tshela ka molomo kgotsa ka tshika, go tshwana fela.

Ka Matlhatso, ka March 14, beke morago ga go tlhajwa ke setlhabi, ngaka e kgolo e ne ya tla go ntlhatlhoba. Ke ene yo o neng a tshwanetse go tla go nkara. Ka nako eo ke ne ke rurugile go fitlha fa sehubeng.

O ne a re, “A ba go boleletse gore o tla tshwanelwa ke go tshelwa madi?”

“Ba mpoleletse Ngaka, lefa go ntse jalo, ga ke ne ke dumelela go tshelwa madi,” ke ne ka araba jalo.

O ne a tswelela jaana, “Mma ke go bolelele sengwe. O tshwanetse go tshelwa madi. Fa go sa nne jalo, o tla swa. Ka Mantaga fa ke tla, ke sa fitlhele madi a o tlileng go a tshelwa, ga nkitla ke go ara. Fa re sa go tshele madi, ga re go are.”

Morago ga moo o ne a bona buka gaufi le bolao jwa me, mme a mpotsa jaana, “A ke Bibela ya gago e?” Ke ne ka re nnyaa; e ne e le buka ya me ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.a O ne a re ke dirise buka eno go rapelela gore ke se ka ka swa. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ga re bale dithapelo tsa rona mo dibukeng. Fa re na le bothata, re rapela Jehofa go tswa mo pelong.

Mo malatsing a mabedi a a neng a latela, dingaka le baoki ba ne ba nna ba tla go mpateletsa gore ke dumele go tshelwa madi. Ba ne ba re ke santse ke le mosha thata gore nka swa. Ba ne ba re, “Dumela gore o tshelwe madi mme o tla tshela!”

“Yehofa O Ntlheñ Ea Me”

Ka nako eo ya mathata, ke ne ka bala Pesalema 118, e e buang jaana fa ke e nopola: “Ke ne ka bitsa leina ya ga Yehofa mo pitlaganoñ ea me: Yehofa a nkaraba me a mpaea mo heloñ ha go atlhameñ. Yehofa o ntlheñ ea me; ga nketla ke boiha: kana motho o ka ntihañ?”—Pesalema 118:5, 6.

Morago ga go tlhatlhanya ka ditemana tseno, tumelo ya me mo go Jehofa e ne ya nonofa. Mo go one moso oo batsadi ba me ba ne ba tla bookelong. Ke ne ka ba bontsha pesalema eo, mme le bone tumelo ya bone e ne ya nonofa.

Rre le Mme ba ne ba sa nkeme nokeng fela mo tshwetsong ya me ya go sa tshelwe madi, mme gape ba ne ba nthapelela. Maloko a phuthego ya gaetsho a ne a nna a nthapelela le go nkgothatsa ka Dikwalo.

“Ga Re Maselamose”

Ka Mantaga wa March 16, moso wa letsatsi le go neng go rulagantswe gore ke tla ariwa ka one, mongwe wa dingaka o ne a tla kwa kamoreng ya me mme a bona ke tshwere karata ya me ya Medical Directive, e e tlhalosang seemo sa me ka tshelo ya madi. O ne a re, “Ke eng se? A ruriruri o tiisitse ka se o ntseng o se bua?”

“Ee, ga ke ye go tshelwa madi.”

O ne a re, “Mme gone, go raya gore ga re kitla re tlhola re go ara. Ga re go are.”

Morago ga moo ngaka e ne ya founela mmè e le mo kamoreng ya me. O ne a re: “O godile sentle mo a ka itirelang ditshwetso. Ga nkake ka mo direla ditshwetso. A re segakolodi sa gagwe se se rutilweng Bibela ga se kitla se mo dumelela gore a tshelwe madi.”

Ka ntlha ya seo o ne a phuaganya direkoto tsa me mo tafoleng mme a bo a tswa mo kamoreng. Go ne ga feta diura tse tlhano go sa utlwale sepe. Ke ne ke jewa ke ditlhabi e bile ke sa kgone go ja. Mme go ne go sena bookelo jo bongwe gape mo kgaolong eo.

Morago ga moo, ke ne ka gakgamala fa ke bona go lerwe seteretšhara gore se nkise kwa boarelong. Ke ne ka tlamparela karata ya me ya “No Blood.” Fa re le mo tseleng go ya kwa boarelong ke ne ka bona dipurugwana tsa kalafi le dikgetsana tsa madi. Ke ne ka simolola go lela thata, ke bolela gore ga ke ne ke dumela go tshelwa madi. Mooki mongwe o ne a re ke latlhele karata fa fatshe. O ne a re nka se ye ka yone kwa boarelong. Ke ne ka bolela gore ga ke ne ke tsena ke sa tsaya karata le gore ke batla go e bontsha ngaka e kgolo. Mooki o ne a phamola karata mo go nna me a tsena ka yone mo boarelong go e bontsha ngaka e e arang. Ka bonako fela, ngaka e kgolo le dingaka tse dingwe tse tlhano tse di neng di apere diaparo tsa go ara di ne tsa tla fa go nna.

Ngaka e kgolo e ne e shakgetse. O ne a bitsa mmè, mme a bo a bua jaana a supile mpa ya me: “Bona fa Mma. Ga re itse gore re tla fitlhela eng mo teng ga gagwe. Fa e le gore re tla mo sega thata, o tla dutla madi thata. A o batla a dutla madi go fitlha a swa?”

Fa Mmè a mo araba o ne a re: “Ngaka, ke a itse gore Jehofa o tla thusa ngwanake. Mme le lona o tla lo thusa. Lona dirang fela se lo ka se kgonang mme lo tlogele tsotlhe mo go Jehofa.”

Morago ga moo ngaka e ne ya re: “Ga re maselamose e bile ga re diepamere. Re dirisa se re se ithutileng. Nka se kgone go dira karo eno kwantle ga madi.”

Mmè o ne a mo rapela gape gore a dire fela se a ka se kgonang. Kgabagare, o ne a dumela go nkara kwantle ga madi. O ne a mpotsa gore a ke a boifa. Ke ne ka araba jaana: “Ga ke tshabe go swa. Ke a itse gore Jehofa o na le nna.”

“Tswelela Pele O Direla Modimo wa Gago”

Karo e ne ya tsaya ura. Ba ne ba mpuwa ba bo ba sega tlhagala eo bonolo fela mo go neng ga gakgamatsa badiri ba bookelo.

Morago ga moo, mongwe wa dingaka o ne a bolelela Mmè gore baithuti ba dingaka ba ne ba bua ka nna bosigo kwa bonnong jwa bone. Gone jaanong, fa nna kana Mmè re ya kwa bookelong joo, ba re tshwara sentle thata.

Malatsi a le mabedi morago ga go ariwa, ngaka e e arang e ne ya tla mo kamoreng ya me, e bo e mpotsa gore ke ikutlwa jang, morago ga moo e bo e re: “O tswelele pele o direla Modimo wa gago. Ruri o go thusitse.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela